Dijo—Selo se Batho ba Amegileng ka Sone
“TSAMAYA, o je dijo tsa gago ka boitumelo,” go rialo Baebele mo go Moreri 9:7, (NW). Eleruri go ja ga se fela selo se se tlhokegang mme gape ke sengwe sa dilo tse di itumedisang thata mo botshelong.
Akanya ka Thomas wa dingwaga di le 34. O rata nama. E bile o e ja letsatsi le letsatsi—gantsi ka makgetlho a le mmalwa mo letsatsing. Sefitlholo sa gagwe se se tlwaelegileng se akaretsa maši, mae a le mmalwa, borotho kana borotho jo bo besitsweng bo tshasitswe botoro, le boroso kana nama ya kolobe. Fa a le kwa mafelong a a rekisang dijo tse di apeilweng, o otara di-cheeseburger, ditšhipisi le di-milk shake. Fa a tswile go ja dijo tsa motshegare, o rata go ja nama ya kgomo. Resetšhurente e a e ratang thata e tshola seteiki sa nama sa digerama di le 680 le ditapole tse di bakilweng di tshetswe romo e ntsi, fela ka moo a e ratang ka teng. Kuku ya tšhokolete e e tshetsweng ice cream ya tšhokolete mo godimo ke phuding ya gagwe e a e ratang mo go maswe.
Thomas o boleele jwa dimetara di le 1,78 le boima jwa dikilogerama di le 89; o boima jo bo feteletseng ka dikilogerama di le 9, go ya ka dikaelo tse di ntshitsweng ke puso ya United States tsa mekgwa ya go ja sentle tsa 1995. Thomas a re: “Ga ke tshwenngwe ke boima jwa me. Ke itekanetse sentle fela. Ga ke ise ke retelelwe ke go tla tirong le fa e le ka letsatsi le le lengwe fela mo dingwageng di le 12 tse di fetileng. Ka dinako tsotlhe ke ikutlwa ke siame e bile ke le matlhagatlhaga—kwantle fela ga fa ke sena go ja seteiki sa di-ounce di le 24 [digerama di le 680].”
Le fa go ntse jalo, a dijo tse Thomas a di jang di ka tswa di mo ama ka tsela e e sa siamang, ka iketlo di mo dira gore a tloge a eme pelo? Mo bukeng ya gagwe ya How We Die, Dr. Sherwin Nuland o bua ka ‘mekgwa ya go tshela e e bolayang’ mme a akaretsa gareng ga yone dijo tse di nang le ‘nama e khibidu, nama e ntsi thata ya kolobe le botoro.’
Ke jang dijo dingwe di bakang bolwetse jwa pelo mo bathong ba le bantsi? Ke eng se se mo go tsone se se dirang gore di nne kotsi? Pele ga re tlotla ka dipotso tseno, a re lebeng ka kelotlhoko dikotsi tsa botsogo tsa go nna le boima jo bo feteletseng.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ke eng fa dijo tse di ntseng jalo e le selo se batho ba amegileng thata jaana ka sone?