Go Boela Paradaiseng Gape
FA O akanya ka tsela e batho ba ileng ba nna ba eletsa Paradaise thata ka yone le maiteko a magolo le a mannye a ba a dirileng go e dira, o ka akanya gore go fitlha jaanong lefatshe le tshwanetse le ka bo le fetogile paradaise. Mme ga le a nna jalo.
Go na le moo, batho ba ile ba gagamalela go nna pelotshetlha mo gantsi go senyang tikologo le mefutafuta ya ditshedi. Ka ntlha ya go dumela gore go huma dithoto ke gone go tla laolang dilo, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba dumela gore lefatshe le tla tsamaya le fetolwa go nna paradaise ya Etene. Go na le moo, ba solofela gore ba tla bona Paradaise fela mo botshelong jwa morago ga loso kwa legodimong. Sa ntlha, kgopolo eno e kaya gore batho ba tla aga ba eletsa Etene go ya go ile mme go sa direge jalo, mme sa bobedi, gore Modimo o tlogetse polanete eno fela e senngwa ke batho ka ntlha ya boeleele le bopelotshetlha. A go ntse jalo? Mme gone isagwe e re tsholetse eng? Mme isagwe eo re tla e bona kae?
Paradaise—Kwa Legodimong Kana mo Lefatsheng?
Mo e batlang e le dingwaga tse 2000 tse di fetileng, e ne ya re fa Jesu Keresete a bua le legodu le le ikwatlhaileng le le neng le bapolwa le ene o ne a re: “O tlaa nna le nna mo Paradaeseng.” (Luke 23:43) A Jesu o ne a bolela gore legodu leno le ne le tla ya le ene kwa legodimong? Nnyaa.
Modirabosula yono o ne a ka se ke a bo a akanya jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne o ka nna a bo a ne a tlwaelane le ditemana tsa Dikwalo Tsa Sehebera tse di neng di le teng mo motlheng wa gagwe, tse di jaaka karolo ya ntlha ya Pesalema 37:29: “Basiami ba tlaa rua lefatshe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jesu o ne a ruta se se tshwanang a bolela jaana: “Go itumela ba ba maikutlo a a bori, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Temana eno e dumalana le se gantsi se bidiwang Thapelo ya Morena, e e bolelang jaana: “A thato ya gago e diragale mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.
Baebele e ruta gore Modimo o ne a bopa lefatshe, gore e nne legae la batho, e seng legodimo. Lefoko la gagwe le bolela gore “o ne o se ka wa le [lefatshe] tlholela lefela, wa le bopela go [agiwa].” (Isaia 45:18, bapisa NW.) Lobaka lo lo kae? “O [beile] metheo ya lefatshe, gore le tle le se ka la tshikinngwa ka bosakhutleng.” (Pesalema 104:5) Ee, “lefatshe le nnetse ruri ka bosakhutleng.”—Moreri 1:4.
Maikaelelo a Modimo ke gore bontsi jwa batho ba ba mo direlang ba dire lefatshe leno legae la bone la bosakhutleng. Ela tlhoko kafa Lefoko la Modimo e bong Baebele le tlhalosang seno ka gone. Pesalema 37:11 e bolelela pele jaana: “Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.” Ka lobaka lo lo kae? Pesalema 37:29 ya re: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka nako eo lekwalo le le bolelang jaana le tla diragadiwa: “O [Modimo] huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela,” e leng keletso e e dumalanang le thato ya Modimo.—Pesalema 145:16.
Go tweng ka ba ba sa batleng go dira thato ya Modimo? Diane 2:21, 22 e bolela jaana: “Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone. Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng, le ba ba dirang ka bonongwana ba tlaa khumolwa mo go lone.”
Paradaise e e Tsosolositsweng
Ka nako eo, Modimo o tla diragatsa dikatlholo tsa gagwe kgatlhanong le lefatshe leno le le boikepo. (Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5, 13) Le fa go ntse jalo, Modimo o tla boloka “boidiidi jo bogolo” mo tshenyegong e e tlang ba falolela mo lefatsheng la gagwe le lesha.—Tshenolo 7:9-17.
Morago ga foo, Modimo o tla kaela tiro e e itumedisang e babusiwa ba gagwe ba batho ba tla bong ba e dira ya go fetola lefatshe lotlhe go nna legae la batho la paradaise. Baebele e solofetsa jaana: “E e leng naga fela e tlaa ipela le lefatshe la lokgere; le sekaka se tlaa itumela se nyakalala jaaka sešeše. . . . Gonne metsi a tlaa phunyega mo nageng le dinokana mo sekakeng.”—Isaia 35:1, 6.
Mo Paradaiseng eo e e tla bong e anama, ga go kitla go tlhola go le tlala, lehuma, ditakana, batho ba ba se nang magae kana mafelo a a tletseng bokebekwa. “Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng.” (Pesalema 72:16) “Le setlhare sa naga se tlaa ungwa; le lefatshe le tlaa ntsha totafalo ya lone.” (Esekiele 34:27) “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma, mme go je o sele.” (Isaia 65:21, 22) “Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa.”—Mika 4:4.
Lebaka La go Bo Bangwe ba ya Legodimong
Bontsi jwa batho ba tla bolela gore ba tlhoafaletse paradaise ya lefatshe thata. Ke selo sa tlholego, ka gonne Modimo ga ise a ko a ba bope ba na le keletso ya go tshela kwa legodimong; ga ba kgone le go itse gore botshelo jwa kwa legodimong bo ntse jang. Ka sekai, fa Pat a ne a tlotla le moruti wa gagwe wa Church of England, o ne a bua jaana malebana le go ya legodimong le mororo a ne a ineetse thata mo kerekeng: “Ga ke ise nko ke tlelwe ke kakanyo ya go ya legodimong. Ga ke batle go ya teng, le gone ke tla bo ke ya go dirang teng?”—Bapisa Pesalema 115:16.
Ke boammaaruri gore Baebele e ruta gore ke palo fela e e lekanyeditsweng ya batho ba le 144-000 e e tla yang legodimong. (Tshenolo 14:1, 4) E tlhalosa le lebaka la teng: “Wa ba dira gore ba nne bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa e le dikgosi godimo ga lefatshe.” (Tshenolo 5:9, 10) Bone le Kgosi ya bone e bong Jesu Keresete, ke “bogosi,” ke puso e ntšha ya lefatshe ya selegodimo e Bakeresete ba e rapelelang. Puso eno e tla okamela tiro ya go baakanya dilo tsotlhe mo lefatsheng le mo bathong.—Daniele 2:44; 2 Petere 3:13.
Le fa go ntse jalo, e re ka batho ka tlholego ba dirilwe ba se na keletso ya go tshela kwa legodimong, moya wa Modimo o dira ka tsela e e kgethegileng “o supela” ba ba 144 000 gore ba nne le maikutlo ano a a kgethegileng a “pitso ya kwa godimo.” (Baroma 8:16, 17; Bafilipi 3:14) Le fa go ntse jalo, ga go na pelaelo gore ga go tlhokege gore moya o o boitshepo o dire jalo mo bathong ba bangwe botlhe ka gonne legae la bone la bosakhutleng e tlile go nna paradaise ya mo lefatsheng.
Paradaise ya Semoya e Baakanya Tsela
Motho o tshwanetse go dira eng gore a tshwanelege go bona botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng mo lefatsheng? Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Fa Isaia 11:9 e amanya go tshedisana ga batho ka kagiso le go itse Modimo e bolela jaana: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Bapisa Isaia 48:18.
Ke boammaaruri gore kitso eno ga se kitso fela ya tlhaloganyo. E tlhotlheletsa botho jwa motho e bile e dira gore a nne le dinonofo tse di molemo, tse di jaaka “lorato, boipelo, kagiso, go itshwara ka bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori le boikgapo.” (Bagalatia 5:22, 23) Basupi ba ga Jehofa ba kgaratlhela go nna le dinonofo tseno, mme ka gone, le gone jaanong ba itumelela paradaise e e molemo ya semoya.—Isaia 65:13, 14.
A bo ba farologana thata jang ne le lefatshe, le le ntseng le nnela boikepo le bosula go ya pele! Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, Modimo o tla bo a nyeletsa lefatshe leno le le boikepo. Fa Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba letile seo, ba go laletsa gore o tle—ee, go tla go sekaseka—paradaise ya semoya e ba nang le yone. Tlaa o iponele ka bowena gore gone jaanong Jesu, Kgosi e e sa bonaleng ya selegodimo, ka tidimalo o kaela ba e tlileng go nna baagi ba lefatshe le lesha mo tseleng e e pitlaganeng ya go ya lefatsheng la Paradaise le kwa botshelong jwa go ya go ile!—Mathaio 7:13, 14; Tshenolo 7:17; 21:3, 4.
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Batho ba ba tla falolang fa lefatshe le fedisiwa ba tla nna le seabe mo go fetoleng lefatshe go nna paradaise