LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 3/8 ts. 20-21
  • A Bana ba ka Itlhophela Bodumedi Jwa Bone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bana ba ka Itlhophela Bodumedi Jwa Bone?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhopho
  • Boikarabelo Jwa Botsadi
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Batsadi, Fitlhelelang Pelo ya Ngwana wa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • A Bana ba Gago ba Tla Direla Jehofa fa ba Setse ba Godile?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 3/8 ts. 20-21

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Bana ba ka Itlhophela Bodumedi Jwa Bone?

BATSADI ba direla ngwana ditshwetso go tloga fela fa a tsholwa go fitlha fa e le mosha. Mo godimo ga moo, motsadi yo o botlhale o a itse gore ke leng a tshwanetseng go fetoga le maemo, fa go kgonega a akanyetsa gore ke eng se ngwana a tla se ratang.

Lefa go ntse jalo, go itse gore o neye ngwana kgololesego e e kana kang ya go itirela ditshwetso e ka nna kgwetlho mo batsading. Lefa gone e le boammaaruri gore bana ba ka itlhophela dilo tse di siameng mme ba solegelwa molemo ke selekanyo se se rileng sa go itirela ditshwetso, gape go boammaaruri gore ba ka nna ba tlhopha dilo tse di sa siamang, mme ga felela ka bomadimabe.—2 Dikgosi 2:23-25; Baefeso 6:1-3.

Ka sekai, bana gantsi ba tlhopha dijo tse di sa otleng mmele go na le tse di otlang. Ka ntlha yang? Ka gonne fa ba le bannye, ga ba kgone go lemoga dilo ka tsela e e siameng. A e tla bo e le botlhale gore batsadi ba neele bana kgololesego mo go seno, ka tsholofelo ya gore kgabagare ba tla tlhopha dijo tse di nang le dikotla? Nnyaa. Go na le moo, batsadi ba tshwanetse go tlhophela bana ba bone ba tlhotlhelediwa ke go bo ba amega ka isagwe ya bone.

Ka jalo, ka tshwanelo batsadi ba tlhophela bana ba bone dijo, diaparo, go ikgabisa le tsela ya boitsholo. Mme go tweng ka bodumedi? A batsadi ba tshwanetse go ba tlhophela le fano?

Tlhopho

Batho bangwe ba ka bolela gore batsadi ga ba a tshwanela go pateletsa bana ba bone go dumela dilo tsa bodumedi tse bone ba di dumelang. Tota e bile, dingwaga di feta 160 tse di fetileng, bangwe ba ba neng ba ipitsa gore ke Bakeresete kwa tshimologong ba ne ba akanya gore “bana ga baa tshwanela go rutiwa ka bodumedi ka ba boifa gore ditlhaloganyo tsa bone di tla sekamela kwa tumelong nngwe ya motheo, mme lefa go ntse jalo ba tshwanetse go letlwa go nna ba se na thuto epe fela ya bodumedi go fitlha ba kgona go itlhophela, mme ba itlhophele.”

Lefa go ntse jalo, kakantsho eno ga e dumalane le pono ya Baebele. Baebele e gatelela botlhokwa jwa go ruta bana ditumelo tsa bodumedi go tloga fa ba tsholwa. Diane 22:6 ya re: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.”

Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “ngwana” le akaretsa dingwaga tsa go tloga mo boseeng go ya go tsa bosha. Dr. Joseph M. Hunt wa Yunibesithi ya Illinois, U.S.A., o buile seno ka botlhokwa jwa go ithuta o sa le monnye: “Ke mo dingwageng tse nnè kana tse tlhano tsa botshelo moo kgolo ya ngwana e diregang ka bonako le moo e ka baakangwang thata teng. . . . Gongwe diperesente di le 20 tsa dikgono tsa [gagwe] tsa motheo di a gola pele ga letsatsi la gagwe la ntlha la matsalo, gongwe sephatlo sa tsone pele ga a nna dingwaga di nnè.” Seno se gatelela botlhokwa jwa kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya Baebele gore batsadi ba kaele ngwana wa bone ka tsela e e botlhale e sa le gale mo botshelong jwa gagwe, ba mo ruta ditsela tsa Modimo.—Duteronome 11:18-21.

Ka phepafalo, Dikwalo di kaela batsadi ba ba boifang Modimo go ruta bana ba bone go rata Jehofa. Duteronome 6:5-7 ya re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela. Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Lediri la Sehebera le le ranotsweng e le “ruta” le na le kgopolo ya go lootsa selo sengwe, jaaka mo tootsong. O ka se kgone go dira seno ka go lootsa go sekae fela go na le moo, go tshwanetse ga dirwa ka tlhoafalo gangwe le gape. The New English Bible e baya lediri la Sehebera e re ke “go boeletsa.” Totatota, go “ruta” go bolela go dira gore motho a sale a na le maikutlo a a tla nnelang ruri.—Bapisa Diane 27:17.

Ka gone, batsadi ba e leng Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a bone a go ruta bana ba bone ditumelo tsa bodumedi jwa bone masisi. Ba ka se tlogele boikarabelo jono ka go letla bana ba bone go itlhophela ka bobone. Seno se tla akaretsa go ya le “bana” ba bone kwa dipokanong. Fa ba le koo batsadi ba ka nna gaufi le bone mme ba ba thuse go anaanela melemo ya semoya e lelapa lotlhe le ka e bonang ka go sekegela tsebe dipuisano tsa Dikwalo le go nna le seabe mo go tsone.—Duteronome 31:12, 13; Isaia 48:17-19; 2 Timotheo 1:5; 3:15.

Boikarabelo Jwa Botsadi

Go bolelela ngwana go ja sengwe se se rileng ka gonne se le dikotla ga go reye gore ngwana o tla se itumelela. Ka jalo, mmè yo o botlhale o itse gore ke jang a ka dirang dijo tse di dikotla tseno gore di nne monate gore ngwana a di eletse. Mme e bile o apaya dijo ka tsela e e tla thusang ngwana go di sila.

Ka mo go tshwanang, ngwana a ka nna a simolola go gana thuto ya bodumedi, mme motsadi a ka nna a bona gore go leka go akantshana le ene ka kgang eno ga go thuse sepe. Lefa go ntse jalo, kaelo e e tswang mo Baebeleng e phepafetse—batsadi ba tshwanetse go dira ka natla go ruta bana ba bone go tloga boseeng. Ka jalo, batsadi ba ba botlhale ba dira gore thuto ya bodumedi e nne monate ka go e bua ka tsela e e tla kgatlhang ngwana, ba ntse ba akanyetsa gore a o tla e tlhaloganya.

Batsadi ba ba lorato ba tlhoafalela go dira maikarabelo a bone a go tlamela bana ba bone ka dilo tse di tlhokegang tsa botshelo, mme gantsi ga go na yo o itseng se ngwana a se tlhokang go feta batsadi. Go dumalana le seo, Baebele e bolela gore batsadi ke bone ba ba nang le maikarabelo a magolo a go tlamela lelapa ka dilo tsa nama le tsa semoya—segolobogolo rre. (Baefeso 6:4) Ka jalo, batsadi ga ba a tshwanela go tila maikarabelo a bone ka go batla go neela mongwe tshwanelo eo. Lefa ba dirisa thuso e ba e neelwang, seno se tla oketsa fela, e seng go tsaya maemo a thuto ya bodumedi e batsadi ba tshwanetseng go e neela.—1 Timotheo 5:8.

Golo gongwe mo botshelong, mongwe le mongwe o tla itirela tshwetso ya gore o latela ditumelo dife tsa bodumedi, fa di le gone. Fa batsadi ba Bakeresete ba tsaya maikarabelo a bone ka namana mo go ruteng bana ba bone dithuto tsa bodumedi go tloga ba sa le bannye mme fa ba dirisa nako eno go ba ruta go nna le mabaka a go latela melaometheo eo e e siameng, go ka direga thata gore tshwetso e bana ba tla e dirang mo isagweng e nne e e siameng.—2 Ditirafalo 34:1, 2; Diane 2:1-9.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

The Doré Bible Illustrations/Dover Publications, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela