Go Tlhorontshiwa ka Tsa Tlhakanelodikobo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
GO YA kwa tirong go ne go se monate le e seng mo mokwaleding yo mmotlana yo o bidiwang Rena Weeks. Gone mme, feme ya baitsemolao e a neng a dira mo go yone e ne e na le leina le diofisi tse dintle mo dinageng tse di ka fetang masomeamabedi le bone. Mme monna yo a neng a mo direla, go ya kafa a neng a bolela ka teng, o ne a tlhola a mo tshwara le go mo ama. O ne a mo tlhasela ka tsela e e mo nyenyefatsang a ntse a bua dipuo tse di leswe, tse di kayang dilo tse di leswe.
Mo dingwageng tse di fetileng, basadi ba ba neng ba le mo maemong a a ntseng jaana ba ne ba sena se ba ka se dirang—fa e se go tlogela tiro eo. ‘Fa a ne a ka re o bua kgatlhanong le ene’ bahiri ba ne ba ka se ka ba mo dumela. Tota le ba ba neng ba ka dumela kgang ya mosadi gantsi ba ne ba tla e kgaphela fela kwa thoko ba re, ‘Tota o tshwenngwa ke eng?’ Lefa go ntse jalo, dinako di fetogile. Rena Weeks ga a ka a galefa fela a bo a latlha tiro. O ne a tlhatlhela kgetsi kgatlhanong nae.
Juri ya United States e ne ya mo abela $50 000 (R181 500) gonne seo se ne sa mo ngomola maikutlo, mmogo le $225 000 (R817 000) go otlhaya mohiri wa gagwe wa pele ka ntlha ya tsela e a neng a mo gobaditse ka yone. Morago ga foo, juri e ne ya tsaya kgato e e neng ya itsiwe ke difeme tsa kgwebo le tsa baitsemolao mo lefatsheng lotlhe ka go laela feme eo ya baitsemolao gore e duele didolara di le dimilione di le 6,9 (diranta di le dimilione di le 25) go bo e paletswe ke go baakanya bothata joo!
Kgang eno ya ga Weeks ga se yone fela. Kgetsi nngwe ya bosheng e ne e ama metseletsele ya mabenkele a magolo a bosetšhaba (U.S.). Modiri mongwe yo o bidiwang Peggy Kimzey o ne a bolela gore mookamedi wa gagwe o ne a tlhola a bua mafoko a a leswe thata ka tlhakanelodikobo. Peggy Kimzey o ne a tlogela tiro ka 1993 a bo a tlhatlhela kgetsi kwa kgotlatshekelo. O ne a newa $35 000 (R127 000) ka go bo a ne a nyenyefadiwa le go bo mogopolo wa gagwe o ne wa tshwenyega mmogo le $1 (R3,60) go tshwantshediwa madi a a ka bong a a bone e le tuelo. Gape juri e ne ya swetsa gore bahiri ba gagwe ba pele ba ne ba dirile gore lefelo le a neng a dira mo go lone le se ka la nna monate ka go letla go tlhorontshiwa gono. Ba ne ba atlholwa jang? Didolara di le dimilione di le 50 (diranta di le dimilione di le 180) e le ditshenyegelo!
Makasine wa Men’s Health o bolela jaana: “Dikgetsi tsa ba ba tlhorontshiwang ka tsa tlhakanelodikobo di ntsifala ka bonako. Ka 1990, EEOC [Equal Employment Opportunity Commission] e ne e na le dingongorego tse di ntseng jalo di le 6127; mo ngwageng o o fetileng [1993] palogotlhe ya ngwaga oo e ne e batlile e menagane gabedi e le 11 908.”
Go sa Dirise Thata Sentle
Lefa gone madi a mantsintsi a juri e a abelang batho e nna ditlhogo tsa dikgang, boammaaruri ke gore ke dikgetsi di le mmalwa fela tse di sekiwang. Batho ba bantsi ba itidimalela fela fa ba nyenyefadiwa jalo—ba fetolwa didirisiwa tsa motshameko o o maswe wa go dirisa thata mo go bone le go ba tshosetsa o o tshamekiwang mo diofising, mo mebileng, mo dibeseng, kwa dijong tsa motshegare le kwa difeketiring. Ka dinako tse dingwe, ba ba pateletsa ka tlhamalalo fela gore ba tlhakanele dikobo le bone. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dintsi, motho o sotliwa ka ditsela tse di fitlhegileng, ka ditiro tse di tlhabisang ditlhong tse di kgopisang: o amiwa ka tsela e a sa e batleng kana e e sa tshwanelang, ka dipuo tse di leswe, o lejwa ka tsela e e leswe.
Ke boammaaruri gore batho bangwe ga ba batle go bitsa boitshwaro jo bo ntseng jalo gore ke go tlhorontshiwa, ba re ke maiteko fela a a boatla a banna bangwe a gore basadi ba ba kgatlhegele. Mme bontsi jwa batho, jaaka mokwadi wa dibuka, Martha Langelan, ga ba dumalane le maiteko ao a go bolela gore boitshwaro joo ga bo phoso. O kwala jaana: “Ga se go dira botsalano ka tsela e e maswe, kana go dira botsalano ka tsela e e sa tlhabologang, kana go dira botsalano ka go dira metlae, kana botsalano ‘jo bo sa tlhaloganngweng sentle.’ Ga bo direlwe go kgatlha basadi; ke boitshwaro jo bo dirwang ka maikaelelo a a farologaneng gotlhelele. Fela jaaka go betelelwa, go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo go diretswe go pateletsa basadi, e seng go ba ngoka. . . . [Ke] sesupo sa gore motho o na le thata.” Ee, ka dinako tse dingwe go sa tshwarwe sentle moo ke mokgwa mongwe fela o o setlhogo oo ka one “motho o nang le thata mo go yo mongwe ka one go [mo utlwisa] botlhoko.”—Moreri 8:9; bapisa Moreri 4:1.
Gantsi basadi ga ba itumelele go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo mme ba feroga sebete le go galefa e bile ba tshwenyega thata mo maikutlong le go ikutlwa ba nyenyefaditswe. Mongwe yo a neng a dirwa jalo o gakologelwa jaana: “Boemo jono bo ne bo ntshwenya tota. Ke ne ka se ka ka tlhola ke ikanya ope, ke sa tlhole ke itshepa, ke sa tlhole ke itlotla, ke feletswe ke keletso ya go gatela pele mo tirong ya me. Botho jwa me bo ne jwa fetoga tota. Ke ne ke le motho yo ke nnang ke itumetse. Ke ne ka galefa; ka ikgoga mo bathong e bile ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong.” Mme e bile fa motho yo o go tshwenyang e le mohiri wa gago kana mongwe fela yo o laolang dilo foo, go tlhorontshiwa go nna botlhoko thata.
Ga go gakgamatse he go bo dikgotlatshekelo di simolotse go otlhaya batho ba ba tshwenyang bano le go abela ba ba tlhaselwang madi. Fa e sale Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States e bolela gore go tshwarwa ka tsela eo go ama ditshwanelo tsa moagi, molao o ile wa lebelela gore bahiri ba dire gore maemo a tiro a se ka a nna a a “seng monate kana a a kgopisang.”
Badiri ba dikhampani tsa bone di sa thibeleng gore ba se ka ba tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo ba ka nna ba kgobega marapo, ba nnela go sa tle tirong ka tshwanelo, ba sa bereke ka selekanyo se se tshwanetseng e bile ba tlogela tiro ka bontsi—go sa umakiwe ditshenyegelo tsa fa ba ba tlhaselwang ba ka swetsa go isa kgang kwa kgotlatshekelo.
Go Tletsetletse go le Kana Kang?
Tota go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo go tletsetletse go le kana kang? Patlisiso nngwe e supa gore halofo ya basadi ba ba dirang kwa United States ba ile ba diragalelwa ke seno. Ke gone ka moo buka nngwe e reng: “Bothata jwa go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo bo gongwe le gongwe. Bo diragalela basadi ba ba dirang mefuta yotlhe ya ditiro, go tloga ka ba ba dirang mo diresetšhurenteng go ya go ba ba tshwereng maemo a a kwa godimo a bolaodi. Bo diragala mo maemong otlhe a a kwa godimo le mo mofuteng mongwe le mongwe wa kgwebo le intaseteri.” Lefa go ntse jalo, bothata jono ga bo kwa United States fela. Buka ya Shockwaves: The Global Impact of Sexual Harassment, e e kwadilweng ke Susan L. Webb, e naya dipalo tse di latelang:a
CANADA: “Patlisiso nngwe e ne ya supa gore basadi ba le 4 mo go bangwe le bangwe ba le 10 ba tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo kwa tirong.”
JAPANE: “Patlisiso e e dirilweng ka August 1991 e ne ya supa gore diperesente tse 70 tsa basadi ba ba neng ba bodiwa” ba ne ba tlhorontshiwa kwa tirong. “Diperesente tse 90 di ne tsa bolela gore di ne di tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo fa di ya kwa tirong le fa di boa.”
AUSTRIA: “Patlisiso ya 1986 e ne ya supa gore mo e ka nnang diperesente di le 31 tsa basadi di ne tsa bega gore di ne di tlhorontshiwa ka tsela e e masisi.”
FORA: “Patlisiso nngwe ka 1991 . . . e ne ya fitlhela gore diperesente di le 21 tsa basadi ba le 1300 ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bolela gore bone ka bobone ba ne ba tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo.”
THE NETHERLANDS: Patlisiso nngwe e ne ya bontsha gore “diperesente di le 58 tsa basadi ba ba neng ba araba [mo patlisisong] ba ne ba bolela gore bone ka bobone ba ile ba tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo.”
Sesupo sa Metlha
Gone mme, go sotliwa le go tlhorontshiwa kwa tirong ga go gosha. Basadi—e bile ka dinako tse dingwe le banna—ba ne ba sa tshwarwe sentle mo metlheng ya Baebele. (Genesise 39:7, 8; Ruthe 2:8, 9, 15) Mme lefa go ntse jalo, go sa itshwareng sentle ka tsela eo go lebega go tletsetletse segolo thata gompieno. Ka ntlha yang?
Selo se segolo ke gore, mo dingwageng tsa moragonyana jaana, basadi ba ile ba simolola go bereka ka dipalo tse di kwa godimo thata. Ka gone, basadi ba bantsi ba mo maemong a a ba bayang mo bodiphatseng jwa go ka sotliwa. Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa le go feta, ke seno se Baebele e sa bolong go se perofesa bogologolo: “Gakologelwa seno! Go tla nna le dipaka tse di botlhoko mo metlheng ya bofelo. Batho ba tla nna bogagapa, ba le pelotshetlha, ba ipelafatsa e bile ba ikgodisa; ba tlhapatsa . . ; ba se pelonomi, ba sena kutlwelobotlhoko, ba senya batho maina, ba rata ntwa, e bile ba le bogale.” (2 Timotheo 3:1-3, Today’s English Version) Go tlhorontshiwa ga batho ka tsa tlhakanelodikobo go go tletseng thata gono ke bosupi jo bo tlhomologileng thata jwa gore mafoko ano a a diragala gompieno. Se se kgatlhang ke gore, setlhogo sengwe mo makasineng wa Men’s Health se bolela gore “go oketsega ga dingongorego tsa batho ba ba tlhorontshiwang ka tsa tlhakanelodikobo go ile ga oketsega mmogo le go tlhoka botho fela ka kakaretso. Batho ga ba na maitseo gongwe le gongwe.”
Go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo gape go supa “boitsholo jo bosha,” joo bo neng jwa tlalatlala mo lefatsheng ka bo1960. Go tlosiwa ga melelwane ya bogologolo ya boitsholo go ile ga patiwa ke go sa amege ka ditshwanelo le maikutlo a ba bangwe ka tsela e e gamarisang thata. Lefa seno se ka tswa se bakiwa ke eng, go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo, ke selo se se botlhoko se se diragalang kwa ditirong. Banna le basadi ba ka dira eng go itshireletsa? A go tla tsamaya go nna le nako e go tla bong go sena ope yo o tlhorontshiwang kwa tirong?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dipalo tsa seno di a farologana gonne babatlisisi ba dirisa mekgwa e e farologaneng e bile ba tlhalosa go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo ka ditsela tse di farologaneng.
[Lebokoso mo go tsebe 4]
Go Sotliwa Ka Tsa Tlhakanelodikobo —Ditlhamane Kgatlhanong Le Boammaaruri
Tlhamane: Go na le dipego tse di fetang selekanyo tsa batho ba ba sotliwang ka tsa tlhakanelodikobo. Ke selo se sesha se se ratiwang thata, selo se metswedi ya dikgang e se phasalatsang thata e bile ke go tsewa ke maikutlo.
Boammaaruri: Ka kakaretso fela, mosadi o latlhegelwa ke go le gontsi e bile o bona go le gonnye thata fa a bega gore o a tlhaselwa. E bile tota, ke basadi ba le mmalwa thata (diperesente tse 22 go ya ka patlisiso nngwe) ba ba a tleng ba bolelele mongwe gore ba a tlhorontshiwa. Poifo, ditlhong, go ipega molato, tlalelo le go sa itseng ditshwanelo tsa bone go ya ka molao ke tsone tse di dirang gore basadi ba bantsi ba didimale fela. Ka gone, baitse ba bantsi ba dumela gore bothata jono tota ga bo begiwe ka tshwanelo!
Tlhamane: Basadi ba bantsi ba a itumela fa ba dirwa jalo. Ba ba bolelang gore ba a tlhorontshiwa ke ba ba amegang maikutlo ka bonako.
Boammaaruri: Dipatlisiso di supa gore basadi ba a kgopisega nako le nako fa ba tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo ya go ba tlhokela maitseo. Mo patlisisong nngwe, “mo e ka nnang go feta bobedibotlhanong jwa basadi ba ne ba bolela gore go ba ferosa sebete mme nngwetharong e ne e ya bolela gore go a ba galefisa.” Ba bangwe ba ne ba re go a ba tshwenya, go ba utlwisa botlhoko e bile go ba tshwenya thata mo mogopolong.
Tlhamane: Banna ba tlhaselwa fela jaaka basadi.
Boammaaruri: Bao ba direlang National Association of Working Women (U.S.) dipatlisiso ba bega gore “go fopholediwa gore diperesente tse 90 mo patlisisong eno ke tsa banna ba ba ileng ba tlhorontsha basadi, diperesente tse 9 ke tsa ba bong bo le bongwe . . , mme ke peresente e le 1 fela ya basadi ba ba ileng ba tlhorontsha banna.”
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo ga se kgang fela ya go batla tlhakanelodikobo