LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 5/8 ts. 16-18
  • Motsoko o o Senang Mosi—A ga o Diphatsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motsoko o o Senang Mosi—A ga o Diphatsa?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsaya Kgato Ka se Se Buiwang
  • Dikgang Tse di Bosula
  • Go Tshwakgoga!
  • Tlhalefa
  • Babueledi ba Motsoko ba Ntsha Dibaluni Tsa Bone Tsa Moya o o Mogote
    Tsogang!—1995
  • Ipaakanyetse Dikgoreletsi
    Tsogang!—2010
  • A Ke Boitsholo jwa Go Goga?
    Tsogang!—1991
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlogela go Goga?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 5/8 ts. 16-18

Basha ba Botsa Jaana . . .

Motsoko o o Senang Mosi—A ga o Diphatsa?

‘FA Cord wa dingwaga tse 13 a ne a fudugela kwa bophirimagare jwa United States, o ne a lemoga ka bonako gore o timeletswe ke sedirisiwa se se tsholwang ke mosimane mongwe le mongwe wa seema sa borobedi: toisi ya seneifi, mofuta wa motsoko o o senang mosi. Bontsi jwa ditsala tsa gagwe tse disha bo a “panya,” kana bo sunetsa seneifi mme Cord o ne a batla go tshwana le bone. Ka jalo, fa mongwe wa basimane a ne a mo naya sephuthelwana sa seneife, o ne a se tsaya a bo a latlhela seneife fa gare ga pounama e e kwa tlase le marinini fela jaaka setswerere sa bogologolo.’—Makasine wa Listen.

Cord yo mmotlana ga a dire jalo a le nosi. Dr. Christopher A. Squier, porofesa ya malwetse a legano o bolela gore palo e ntsi ya basimane ba dingwaga tsa bolesome e simolola go panya. Le mororo motsoko o o senang mosi o ne o sa tlhole o rekwa thata kwa bokhutlong jwa bo1980, “seneifi se se bongola se a dirisiwa gape,” go bolela jalo Dr. Squier.a Ka sekai, babatlisisi ba bega gore, mosimane a le 1 mo go ba le 5 ba sekolo se segolo kwa United States le lekawana le le 1 mo go a le 3 kwa Sweden—dimilione tsa basha—jaanong ba dirisa motsoko o o senang mosi. Ke eng fa seno se diragala?

“Ga o kotsi jaaka go goga.” “Ga go na bosupi bope jwa gore o kotsi.” “Ditsala tsa me di a o dirisa. Ga o ba gobatse ka gope.” “Fa ke o dirisa go le gonnye fela ga ke ne ke gobala ka gope.” “Ga o ise o ko o bolaye ope.” Go ya ka American Cancer Society, ano ke mangwe a mabaka a basha ba a bolelang a go bo ba dirisa motsoko o o senang mosi.

Ke eng se se dirileng gore basha ba akanye gore go panya ga go kotsi jaaka go goga motsoko? A tota go ntse jalo?

Go Tsaya Kgato Ka se Se Buiwang

Badiri ba motsoko ba ba nonofileng ba ile ba tlhasela basha ka dipapatso tse di neng di kaya gore motsoko o o senang mosi ga o diphatsa o tshwana fela le tšhunkama e bile ba o tlhoka fela jaaka diteki tsa leina lengwe le legolo. Meano e e tshwanang le “Tsaya kgetsanyana go na le go kueletsa,” “Ke kgotsofalela motsoko ke sa tshuba sepe,” le “O tlhoka go panya fela,” seno ka botlhale se ne se supa gore o wa maemo a a kwa godimo.

Fa meano e e ntseng jalo ya thelebishene le ya radio e sena go thibelwa kwa United States, badiri ba motsoko ba ne ba tswelela ba anamisa melaetsa ya bone mo dipapatsong tsa dimakasine. Ditshwantsho tse di kgatlhang tsa banna ba diganka ba ipelela go tsoma, ba pagama dithaba le go tsamaya ka mekorwana ya logong mo diphororong—toisi ya motsoko e bonala e tsentswe mo kgetsing e e kafa morago—di ne di bolela molaetsa ono sentle le ka phepafalo: “Motsoko o o senang mosi o monate, o utlwala e le wa tlholego e bile o go dira monna!”

Mookamedi mongwe wa tsa kalafi kwa United States o ne a bolela ka 1994 mo pegong ya setlhogo se se reng Preventing Tobacco Use Among Young People, gore basha ba bantsi jaanong ba dumela gore “motsoko o o senang mosi ga o diphatsa e bile batho ga ba o kgale.” Fa go ne go batlisisiwa mo baithuting ba sekolo se segolo go ne ga fitlhelwa gore “mo e ka nnang diperesente tse 60 tsa badirisi ba babotlana le diperesente tse 40 tsa ba sekolo se segolo ba ne ba dumela gore motsoko o o senang mosi ga o diphatsa gotlhelele kana o diphatsa go le gonnye fela mo bathong ba ba o dirisang ka metlha.” Tota le badirisi ba sekolo se segolo ba ba neng ba lemoga gore motsoko o o senang mosi o ka tswa o le diphatsa “ga ba tseye gore o diphatsa thata.” Dipapatso tsone di ba tlhatswa pelo. A mme gone dipapatso di bua boammaaruri?

Seane sengwe sa Baebele sa re: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” Kana jaaka seane se sengwe se bolela: “Mongwe le mongwe yo o bonokopela o dira ka kitso.” (Diane 13:16; 14:15; mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mme gone, dintlha di supa eng ka motsoko o o senang mosi?

Dikgang Tse di Bosula

Lefa gone dipapatso di ka supa gore fa o dirisa motsoko o o senang mosi o tla tlotlomala ka tsela nngwe le gore ga o diphatsa mo mmeleng wa gago, dintlha di supa se se farologaneng le seo. Selo sa botlhokwa ke gore go dirisa motsoko o o senang mosi ga go kitla go go dira gore o lebege botoka. Fa o sa dumele, tsenya loleme lwa gago mo lerameng la gago o bo o leba mo seiponeng. “A o montle”? Nnyaa ruri. Mme seo ke sone se o se dirang le kafa ntle! Se o se dirang mo teng ga gago se maswe le go feta.

Ka sekai, ba ba o tšhotlhang kgapetsa kana ba o panya ba ka nna ba phatloga dipounama, meno a bone a ntshofala, legano la bone la nkga le marinini a bone a opa—tota ga se selo se se tshegisang. Mo godimo ga moo, nonofo ya bone ya go latswa le go dupa menko e a fokotsega fa pelo yone e iteela ka bonako le kgatelelo ya madi e ya kwa godimo—dikgang tse di bosula ruri. Lefa go ntse jalo, dikgang tse di bosula le go feta, ke gore dipatlisiso tse di dirilweng kwa Yuropa, India le United States di supa gore motsoko o o senang mosi o baka kankere ya marama, marinini le kgokgotso. Dilo tseno ga di gakgamatse baitse. Babatlisisi bangwe ba ne ba bolela jaana: “Seneifi se na le selekanyo se se kwa godimo sa dilo tse di bakang kankere go gaisa selo sepe fela se se tsenngwang mo mmeleng.” Ga go gakgamatse go bo “batho ba ba sa bolong go dirisa seneifi ba ka tshwarwa ke kankere ya molomo ka selekanyo sa 50% go feta ba ba sa se diriseng.”

Matswela a nna maswe thata fa motho a tsenwa ke kankere ya legano. Boitekanelo jwa motho ga bo senyege fela mme o swa ka bonako. Kgatiso nngwe ya American Cancer Society e anela kgang eno e e botlhoko: ‘Sean o ne a simolola go dirisa motsoko o o senang mosi fa a na le dingwaga di le 13. O ne a akanya gore ga o diphatsa jaaka o o gogiwang. Morago ga dingwaga tse tlhano a fetsa toisi e le nngwe kana go feta ka letsatsi, o ne a tswa seso mo lolemeng. E ne e le kankere ya molomo. Dingaka di ne tsa kgaola loleme lwa gagwe mme kankere e ne ya fetela mo molaleng wa gagwe. O ne a ariwa gape ka tsela e e senyang tebego ya gagwe mme ga se ka ga thusa sepe—o ne a swa a na le dingwaga di le 19. Sean o ne a kwala molaetsanyana ono mo pampiring pele a swa: “O se ka wa panya seneife.”’

Go Tshwakgoga!

Fa Cord yo mmotlana, yo o umakilweng kwa tshimologong a sena go bala molaetsa o o tshosang ono wa ga Sean, o ne a simolola go tlhaloganya sentle. O ne a swetsa gore o tlile go tlogela. Lefa go ntse jalo, go ne go se motlhofo go tlogela. “Ke akanya gore ke tshwanetse go go dira,” Cord o ne a bolelela makasine wa Listen jalo. “Tota le jaanong, dikgwedi di le mmalwa ke sena go o tlogela, ke santse ke fophola dikgetsi tsa me ke senka toisi ya me. Ke tšhotlha tšhunkama thata. Go a nthusa, fela ga go nyeletse keletso.”

Ca-A Cancer Journal for Clinicians e tlhomamisa jaana: “Fa go ne go batlisisiwa mo baneng ba dingwaga tsa bolesome ba ba neng ba lekile go tlogela go dirisa motsoko o o senang mosi, ke diperesente tse dinnye thata tse di neng tsa kgona go dira jalo.” Gone mme, ke eng se se dirang gore go nne thata jaana go tlogela go dirisa motsoko o o senang mosi? Ke sone seokobatsi se se dirang gore go nne bokete go tlogela go goga: nikotine.

Nikotine, seokobatsi se se fitlhelwang mo disekereteng mmogo le mo motsokong o o senang mosi, ke botlhole jo bo dirang gore motho a ikutlwe a le mo sediding. Morago ga metsotso e le 30 kana go feta, motho o ikutlwa a batla go panya gape gore a nne a ikutlwe ka tsela eo. Nikotine e a tshwakgola. Badirisi ba bangwe ba tshwakgoga mo ba bolokang seneifi se le sennye mo molomong motshegare le bosigo—tota le fa ba robetse.

Ka go farologana le se basha ba bantsi ba se akanyang, go panya ga go fokotse selekanyo sa nikotine. Toisi e le nngwe ya motsoko o o senang mosi e na le nikotine e e lekanang le ya disekerete di le 60! “Ba ba dirisang motsoko o o senang mosi,” go akgela jalo Preventing Tobacco Use Among Young People, ‘ba bona nikotine e e lekanang le ya ba ba gogang—gongwe e bile e menagane gabedi.’ (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Kwantle ga nikotine, motsoko o o senang mosi o na le di-nitrosamine (dire tse di maatla thata tse di bakang kankere) di menagane ga lesome go feta tse di mo disekereteng.

Tlhalefa

“Tota ga go na pelaelo ya gore dilo tseno di diphatsa,” go ne ga bolela jalo Dr. Roy Sessions, ngaka e e arang tlhogo le molala. “Di dira gore motho a ikaege thata ka tsone mo batho ba bantsi ba bolelang gore go thata go di tlogela go na le go tlogela go goga.” Moitse mongwe wa kankere ya molomo, Dr. Oscar Guerra, o ne a konela jaana: “Tota mmele ga o rate seneife.” Baitse ba lefatshe lotlhe ba dumalana jaana: Go panya ke mathata a magolo. Go ka go nyeletsa!

Kwa ntle ga mabaka a botsogo, basha ba Bakeresete ba na le mabaka a mangwe a a nonofileng thata a go sa ame motsoko gotlhelele—keletso ya bone ya go itumedisa Jehofa Modimo. Lefoko la gagwe le laela jaana: “A re itshekiseng mo maitshekologong otlhe, a nama le a mowa, re itekaneditse boitshepo mo go boifeng Modimo.”—2 Bakorinthe 7:1.

Makasine wa Aviation, Space, and Environmental Medicine o sobokanya kgang eno sentle thata fa o re: “Motsoko ke sejalo se se ferosang sebete se se jewang ke dibopiwa tse pedi—seboko se sennye se setala le motho. Seboko se sennye se setala sone ga se itse sepe.”

Mme wena o a itse. Ka jalo, tlhalefa—o se ka wa simolola.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go na le mefuta e mebedi e e dirisiwang thata ya motsoko o o senang mosi: seneifi le motsoko o o tšhotlhiwang. Go na le seneifi se se mongola le se se omileng. Basha ba rata thata motsoko o o mongola—motsoko o o segeletsweng bosesane thata o bo o tsenngwa sukiri, dilo tse di natetshang le dinkgisamonate, o o mo toising kana mo diphuthelwaneng tse di tshwanang le kgetsana ya tee. “Go panya” go kaya go tlopola—selekanyo sa motsoko o o o tsayang ka monwana wa kgonojwe le wa bosupa—fa gare ga pounama e e kwa tlase kana lerama le lerinini.

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

‘Sean o ne a kwala molaetsa o mokhutshwane ono pele a swa: “O se ka wa panya seneife”’

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Motsoko o o tšhotlhiwang o simolola go ratwa ke basha thata. A o tshwanetse go o leka?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela