LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 4/8 ts. 12-15
  • O ka Tokafatsa go Gakologelwa Dilo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Tokafatsa go Gakologelwa Dilo
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gakologelwa Maina a Batho
  • Kafa o ka Tshwarang Manaane ka Tlhogo ka Teng
  • Go Gakologelwa Se o Se Balang
  • Go ka Kgonega go Tokafatsa go Gakologelwa ga Gago!
    Tsogang!—2009
  • O ka Kgona go Tokafatsa Tsela e o Gakologelwang Dilo ka Yone
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tsela ya go Tlhagolela Lorato Lwa go Ithuta
    Tsogang!—2004
  • Batho ba Bopetswe go Ithutela Ruri
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 4/8 ts. 12-15

O ka Tokafatsa go Gakologelwa Dilo

“Ke lebala tota.” A o kile wa rialo? Fa go ntse jalo, o se ka wa tlalelwa. Dikakantsho tse di motlhofo di le mmalwa fela le maiteko a a sa reng sepe di ka dira gore o tokafale ka tsela e e gakgamatsang. Se nyatse boboko jwa gago. Bo nonofile ka tsela e e gakgamatsang.

BOBOKO bo kgona jang go dira ditiro tsa jone tse di gakgamatsang? Boboko bo ile jwa sekasekiwa thata mo dingwageng tsa bosheng go feta mo nakong e e fetileng. Mme lefa re setse re bo tlhaloganya, re santse re itse go le gonnye thata gore boboko tota bo kgona go dira dilo ka tsela efe.

Ga re itse sentle gore re kgona go ithuta le go gakologelwa tshedimosetso jang, mme babatlisisi ba leka go itse masaitseweng ano. Fa motho a ithuta sengwe kana a gakologelwa sengwe o a bo a dirisa disele tsa boboko e leng dinyurone tse go fopholediwang gore di dimilione di le dikete di le 10 go ya go di le 100 mo bobokong. Mme lefa go ntse jalo, dinyurone di lomagantswe ke diketekete tsa ditshikana tse dintsi ka mo go boitshegang. Go dumelwa gore makopanelo ano a nonofa fa a ntse a dirisiwa mme motho a bo a ithuta sengwe.

Fa re ntse re gola, nonofo ya tlhaloganyo ya rona e a ngotlega; lebelo le re tsibogelang dilo ka lone le a ngotlega. Disele tsa boboko ga di tlhole di intšhafatsa e bile kgabagare mo bagolong di tswelela fela di ntse di ngotlega. Lefa go ntse jalo, selekanyo se re dirisang boboko jwa rona ka sone, se ka dira gore boboko jwa rona bo nne bo nonofile ka lobaka lo loleelenyana.

Tsela e re akanyang ka yone e ama boboko jwa rona. Go nna o lebeletse dilo tse di molemo, o itumetse go tokafatsa tsela e boboko bo dirang ka yone lefa o ka tswa o na le dingwaga tse kae. Go ngomoga maikutlo go ka thusa go sekae mme fa go diragala kgapetsa e bile e le go go sa tlhokegeng, go kgoreletsa tsela e boboko bo dirang ka yone. Go itshidila mmele go ka thusa go fokotsa kgatelelo ya boboko.

Lefa gone seno se kgothatsa, re ka nna ra lebala dilo tse di botlhokwa lefa re ka tswa re na le dingwaga tse kae. A re ka tokafatsa? Karolo nngwe e batho ba bantsi ba nang le bothata mo go yone ke bothata jwa go gakologelwa maina a batho ba re kopanang le bone.

Go Gakologelwa Maina a Batho

Dikakantsho di le mmalwa tse di motlhofo di ka go thusa thata gore o kgone go gakologelwa maina botoka. Go kgatlhegela motho go a thusa. Leina la motho le botlhokwa mo go ene. Gantsi ga re kgone go gakologelwa leina gonne re sa le utlwa sentle go tloga fela kwa tshimologong. Ka jalo fa o itsisiwe motho, dira gore o utlwe leina sentle. Kopa motho gore a le boeletse kana a le pelete fa go tlhokega. Le dirise kgapetsa fa lo ntse lo tlotla. Fa lo laelana, mmitse ka leina la gagwe. O tlile go gakgamadiwa ke kafa dintlha tseno di tla thusang ka teng.

Selo se sengwe se se ka thusang gore o gakologelwe maina a batho ke go amanya leina la motho le setshwantsho sengwe se o ka kgonang go se bopa mo tlhaloganyong ya gago. Go thusa thata gape fa o ka dira gore go dirwe tiro nngwe mo setshwantshong seo.

Maina a mantsi a ka nna a se ka a kaya sepe mo go wena, ka jalo o tla tlhoka go le emisetsa ka lefoko le le tshwanang le leina leo. Ga go tshwenye gore a lefoko le o le emisetsang ka lone ga le na modumo o o tshwanang le wa leina leo. O tla kgona go gakologelwa leina leo botoka ka le o le emiseditseng ka lone. Fa o itlhamela mafoko le ditshwantsho, o kgona go tshwara dilo thata.

O tshwanetse go ithuta seno thata ka lobakanyana, mme ruri se mosola. Harry Lorayne o tlhalosa mokgwa ono mo bukeng ya gagwe How to Develop a Super-Power Memory, e bile o ile a o dirisa ka makgetlho a mantsi fa a kopana le batho. O bolela jaana: “Go na le makgetlho a mantsi a ke neng ka kopana le batho ba le lekgolo kana ba le makgolo a mabedi mo metsotsong e le lesometlhano kana kafa tlase ga foo, mme ke sa lebale leina la ga ope!”

Kafa o ka Tshwarang Manaane ka Tlhogo ka Teng

O ka tokafatsa nonofo ya gago ya go gakologelwa manaane a dilo tse di sa tshwaneng jang? Mokgwa mongwe o o motlhofo o bidiwa tsela ya go di nyalanya. O dirwa jaana: O bopa setshwantsho sa sengwe le sengwe se se mo lenaaneng mo mogopolong o bo o nyalanya setshwantsho sa selo sa ntlha le sa bobedi, o bo o nyalanya sa bobedi le sa boraro, jalo le jalo.

Ka sekai, o tshwanetse go ya go reka dilo tse tlhano kwa lebenkeleng: mashi, borotho, tleloupu, dieie le aesekerimi. Simolola ka go nyalanya mashi le borotho. Akanya o tshela mashi mo llofong ya borotho. Lefa gone setshwantsho seo se ka lebega e le sa boeleele se tla thusa go gatelela selo seo mo mogopolong wa gago. Gape leka go ikakanya e le wena o tshelang mashi ao.

Fa o sena go nyalanya mashi le borotho, fetela kwa go se se latelang, tleloupu. O ka nna wa nyalanya llofo ya borotho le tleloupu ka go ikakanya o leka go tsenya llofo ya borotho fa go tsenngwang tleloupu teng. O bo o nyalanya tleloupu le eie ka go ikakanya o obola tleloupu e tona mme o lela fa o ntse o dira jalo. Gone mme go botlhokwa gore e nne wena o dirang sengwe le sengwe. A o ka kgona go nyalanya dilo tsa bofelo, dieie le aesekerimi? Gongwe o ka akanya o ja aesekerimi e e tsentsweng eie!

Leka go bona gore a o ka kgona go gakologelwa lenaane leno. Go tloga foo o bo o leka go bona gore a o ka kgona go gakologelwa lenaane lengwe le o le itiretseng. Le dire gore le nne leleele kafa o ratang ka teng. Gakologelwa gore, go re o kgone go gakologelwa kafa di nyalanang ka teng, o ka dira gore e nne dilo tse di tshegisang kana di utlwale e kete ke tsa boeleele kana di feteleditswe ka tsela nngwe. Leka go dira gore setshwantsho sa gago se nne le ditiro mme o emisetse dilo ka tse dingwe.

Bangwe ba ka nna ba ngongorega ka gore mokgwa ono o tsaya lobaka go feta fa o ka leka go tshwara lenaane ka tlhogo. Lefa go ntse jalo, mokgwa ono o tsaya lobaka go tlhalosiwa go na le fa o dirisiwa. Fa o setse o o dirisa, o tlile go kgona go nyalanya dilo ka bonako mme bofefo jo o tla gakologelwang le go ithuta dilo ka jone, bo tla tokafala go feta fa o ka leka go ithuta o sa dirise mokgwa ope. Fa batho bangwe ba le 15 ba ne ba kopiwa gore ba leke go gakologelwa lenaane la dilo di le 15 ba sa dirise mokgwa ope, maduo a bone e ne e le 8,5. Fa sone setlhopha seno se ne se dirisa mokgwa wa go nyalanya dilo mo lenaaneng le lengwe, maduo a sone setlhopha seo a ne a nna palogare ya 14,3. Gone mme, fa o gakologelwa go tsaya lenaane la dilo tseno fa o ya kwa mabenkeleng maduo a gago a tla nna 15—diperesente tse 100!

Go Gakologelwa Se o Se Balang

Mo motlheng ono o tshedimosetso e leng ntsi thata mo go one, selo sengwe se re tlhokang go thusiwa mo go sone ke go ithuta ka tsela e e mosola thata. Go ithuta go botlhokwa fa o tsena sekolo, o le mo kgwebong kana fa o batla go tokafatsa le fa o ipaakanyetsa go ya go bua le setlhopha sa batho. Mo godimo ga moo, Mokeresete o tshwanetse a beela kwa thoko nako ya go ithuta Baebele ka namana.—Johane 17:3.

‘Mme ke na le bothata jwa go lebala se ke se ithutileng,’ o ka nna wa rialo. Ke eng se se ka dirwang? Go dira gore o solegelwe molemo ke nako e o ithutang ka yone go ka go thusa go gakologelwa se o se balang. Dikakantsho dingwe ke tseno.

Go botlhokwa gore o rulaganye dilo sentle fa o ithuta. Baya dibuka, dilo tse o kwalang ka tsone le pampiri fa gaufi. Leka go ithutela mo lefelong le le itumedisang le o sa iteegeng ditsebe thata mo go lone le le le nang le lesedi sentle. Tima radio le thelebishene.

Nna le dinako tse di tlhomameng tsa go ithuta. Mo go ba bangwe, go mosola thata go ithuta ka lobaka lo lokhutshwane letsatsi le letsatsi go na le go dirisa nako e ntsi ka nako e le nngwe ba ntse fa fatshe. Go molemo gore o kgaoganye nako ya gago ka dikarolwana. Go na le gore o ithute o sa kgaotse ka diura tse pedi, go ka nna botoka gore o kgaoganye nako eo ka dikarolwana tsa metsotso e le 25 go ya go e le 40, o ikhutsa metsotswana e sekae fa gare. Patlisiso e supa gore seno se dira gore o gakologelwe dilo ka selekanyo se se kwa godimo.

Tlhoma gore o batla go akaretsa tshedimosetso e e kana kang fa o ithuta. Seno se tla go thusa go tlhoma mogopolo. Pele o simolola go bala buka, iphe metsotso e sekae go e sekaseka. Leba setlhogo. Sekaseka lenaane la diteng, leo le sobokanyang buka. Go tloga foo o bo o bala ketapele. Mokwadi a ka nna a bolela maikaelelo a gagwe le kgopolo ya gagwe fano.

Sekaseka ka bokhutshwane kgaolo nngwe le nngwe pele o e bala. Leba ditlhogwana, ditshwantsho, ditšhate, tshobokanyo le serapa sa ntlha le sa bofelo. Leba mola wa ntlha wa serapa sengwe le sengwe. Mela eno gantsi ke yone e nang le dintlha tse dikgolo. Nna le kgopolo ya seno ka kakaretso. Ipotse dipotso tseno: ‘Mokwadi o ne a batla go buelela ntlha efe? Tshedimosetso eno e tlile go ntsholegela molemo jang? Dintlha tse dikgolo ke dife?’

Go botlhokwa go tlhoma mogopolo. O tshwanetse go amega thata mo go seno. Selo sa botlhokwa ke go dira gore o nne tlhaga thata ka nako ya fa o ithuta. Dira gore dintlha tse di mosola tsa tshedimosetso eno di go dire matlhagatlhaga. Bopa ditshwantsho tsa tsone mo mogopolong. Akanyetsa menkgo, tatso le kafa dilo tseo di ntseng ka teng fa o di tshwara.

Fa o sena go tlhaloganya tshedimosetso, jaanong o tla bo o siametse go kwala dintlha. Go kwala dintlha ka tsela e e manontlhotlho go ka dira gore o tlhaloganye le go gakologelwa tshedimosetso ka bonako. Ga go tlhokege gore o kwale mela yotlhe mme o ka kwala mafoko a a botlhokwa kana dipolelwana tse di ka go thusang go gakologelwa dintlha tse dikgolo.

Go tlhaloganya tshedimosetso ga go reye gore o tla kgona go e gakologelwa yotlhe mo nakong e e tlang. E bile tota, mo diureng tse 24 tsa fa o sena go ithuta o ka lebala mo e ka nnang diperesente tse 80 tsa tshedimosetso, gongwe e bile e le ka nakonyana fela. Seo se utlwala se kgoba marapo, mme o ka kgona go ikgakolola mo e ka nnang diperesente tse 80 tsa yone ka go boeletsa tshedimosetso eo. Nako le nako fa o sena go ithuta boeletsa seo ka metsotso e sekae. Fa go kgonega, di boeletse gape letsatsi moragoyana, morago ga beke le morago ga kgwedi. Dintlha tseno di ka go thusa gore o solegelwe molemo tota ke nako e e tlhwatlhwakgolo e o e dirisang go ithuta le go gakologelwa se o se badileng.

Ka jalo, o se ka wa nyatsa boboko jwa gago. O ka kgona go tokafatsa nonofo ya gago ya go gakologelwa dilo. Rasaense mongwe o ne a bolela gore boboko “ke nngwe ya dilo tse di raraaneng thata e ba santseng ba tshwanetse go e ithuta mo lobopong.” Ke mpho e e supang botlhale le maatla a magolo a Mmopi, Jehofa.—Pesalema 139:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dirisa mokgwa wa go nyalanya dilo gore o kgone go gakologelwa manaane: Leka go bopa setshwantsho sa selo sengwe le sengwe mo mogopolong. O bo o nyalanya setshwantsho sa ntlha le sa bobedi le tse dingwe jalo le jalo

Lenaane la go reka:

1. Mashi 1 le 2 di nyalantswe

2. Borotho 2 le 3 di nyalantswe

3. Tleloupu 3 le 4 di nyalantswe

4. Dieie 4 le 5 di nyalantswe

5. Aesekerimi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela