LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 3/8 ts. 9-11
  • Go Nna o sa Tlhoke Tiro—Ka Tsela Efe le Gone Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna o sa Tlhoke Tiro—Ka Tsela Efe le Gone Leng?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batla Tiro
  • Botlhokwa Jwa Tshegetso ya Maikutlo
  • Go Falola Sebetso sa go Tlhoka Tiro
  • Tshela Botshelo jo bo Motlhofo, jo bo Tekatekano
    Tsogang!—2010
  • Sebetso sa go Tlhoka Tiro
    Tsogang!—1996
  • Go Tlhoka Tiro—Go Bakwa Ke Eng?
    Tsogang!—1996
  • Ke Ka Kgona Jang go Bona Tiro (le go E Tshegetsa!)?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 3/8 ts. 9-11

Go Nna o sa Tlhoke Tiro—Ka Tsela Efe le Gone Leng?

FELA jaaka Mmopi wa gagwe, motho o ka itumelela tiro e a e dirang, fela jaaka go tlhalosiwa sentle go twe ke “neo ya Modimo.” (Moreri 3:12, 13; Johane 5:17) Tiro e e kgatlhang e ka re itumedisa e bile gape e ka re dira gore re ikutlwe re na le mosola e bile re tlhokiwa. Ga go na ope yo o batlang go latlhegelwa ke tiro, go sa kgathalesege gore ga a e itumelele go le kana kang. Kwantle ga gore motho o a duelwa, tiro e e duelang e dira gore botshelo jwa motho bo nne le thulaganyo, a nne le se a se tshelelang, le gore bo farologane ka tsela e e rileng. Ga go gakgamatse go bo gantsi “batho ba ba sa berekeng ba batla tiro go gaisa sengwe le sengwe.”

Go Batla Tiro

Jaaka re setse re bone, seemo mo ditirong se raraane. Ka lebaka la seo, go na le mekgwa e le mentsi e e tshwanetseng ya go senka tiro. Mongwe le mongwe yo o nang le tshwanelo ya go bona thuso e e tswang mo pusong e e newang ba ba tlhokang tiro fa go kgonegang teng; le fa go tshwanetseng teng, o ka ikwadisa kwa diofising tsa batho ba ba tlhokang tiro a ba a dirisa melemo e e leng teng. Ba bangwe ba iponela tiro ka tsela ya go ipereka. Mme motho o tshwanetse a tlhokomela. Gantsi batho ba ba iperekang ba nna le ditshenyegelo tse dikgolo tsa go simolola kgwebo tse di ka nnang tsa tswa di le bokete go di duela. Gape go botlhokwa gore motho a itse le go latela melao ya lekgetho—mo go seng motlhofo mo dinageng tse dingwe!—Baroma 13:1-7; Baefeso 4:28.

Batho ba bangwe ba iphile tiro ya go batla mmereko gore ba tle ba kgone go hirwa, ba ineela mo go yone ka mokgwa o o rileng ba sa ipone tsapa. Batho ba bangwe ba kwaletse dikhampani tse di batlang badiri, kgotsa go dira dikitsiso mo makwalodikgannyeng a mo lefelong la bone—a mangwe a one e le a a gatisang dikitsiso tsa go batla ditiro mahala. Tsogang! gantsi e ile ya naya kgakololo e e mosola le e e dirang mo kgannyeng eno—ya basha le bagolo ka go tshwana.a—Bona dibokose, mo tsebeng 11.

O tshwanetse gore o tsamaisane le seemo—o ikemiseditse go dira ditiro tsa mefuta yotlhe, go akaretsa le ditiro tse o sa di rateng. Baitse ba re kwa dipotsolotsong tsa ditiro, nngwe ya dipotso tsa ntlha tse di bodiwang ke gore motho o na le boitemogelo bo le kana kang mo tirong e a neng a e dira pele le gore o na le nako e e kana kang a sa bereke. Mohiri ga a lebe ka leitlho le le siameng motho yo o nang le nako e telele a sa tlhole a bereka.

Motho yo o dirisang nako ya gagwe ka botlhale kwa sekolong a bapala bokgoni o nna mo boemong jo bo botoka jwa gore a ka bona tiro fa e le gone a berekang. Alberto Majocchi yo o rutang saense ya tsa madi a re: “Badiri ba ba senang bokgoni ke bone ba segolobogolo ba nnang le mathata a go sa kgone go bona tiro.”

Botlhokwa Jwa Tshegetso ya Maikutlo

Nngwe ya dilo tse di botlhokwa ke go leba dilo ka tsholofelo. Seno se ka dira pharologanyo e kgolo gore a motho o bona tiro kgotsa nnyaa. Batho ba ba sa kgoneng go bona ditiro ba anaanela thata go tshegediwa mo maikutlong, mo go ba thusang gore ba se ka ba itlhaola le go itlhoboga. Gape go thusa motho gore a seka a latlhegelwa ke boitlotlo mo go ka felelang ka gore a itshwantshanye le batho ba bangwe ba ba sa latlhegelwang ke ditiro.

Go itshedisa ka madi a mannye go ka nna ga bo go le thata. Stefano o bolela jaana, “Ke ne ke bona go le thata gore ke dirise nako e ke neng ke na le yone ka tsela e e molemo ka gore ke ne ke tshwenyegile thata.” Francesco o gakologelwa ka gore, “Boemo bo ne jwa nna maswe mo e leng gore ke ne ka simolola go tshwaya ditsala dingwe tsa me tse di rategang diphoso.” Fano ke teng fa tshegetso ya ba lelapa e tlhokegang teng. Go tlhoka madi a a lekaneng go tlhoka gore ba lelapa ba tlwaele seemo gore ba tle ba fokotse ditshenyegelo tsa dilo tse ba di tlhokang. Franco wa dingwaga tse 43, yo o neng a kobiwa a sena go berekela khamphani nngwe ka dingwaga tse 23, o bolela jaana: “Go simologa fela ka nako e ke neng ke kobiwa ka yone, mosadi wa me o ne a sa itlhoboga mme a nkgothatsa thata.” Armando segolobogolo o lebogela go bo mosadi wa gagwe a “ne a reka ka botlhale.”—Diane 31:10-31; Mathaio 6:19-22; Johane 6:12; 1 Timotheo 6:8-10.

Melaometheo ya Baebele e ka re thusa gore re se ka ra itlhoboga le gore re se ka ra lebala dilo tse di botlhokwa. Batho ba ba umakilweng fa godimo ba ba neng ba botsolotswa ke Tsogang! ba gomoditswe ke Baebele. Seno se dirile gore ba ikutlwe ba atamalane le Modimo ka mo go oketsegileng. (Pesalema 34:10; 37:25; 55:22; Bafilipi 4:6, 7) Go nna le kamano e e atamalaneng thata le Jehofa Modimo go botlhokwa thata ka gore o solofetsa gore: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.”—Bahebere 13:5.

E ka ne motho a bereka kana a sa bereke, Lefoko la Modimo le mo kgothatsa gore a nne le dinonofo tse di botlhokwa gore a tswelele le botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Ga se gore go itiragaletse fela go bo Basupi ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe e le batho ba ba batliwang thata e bile ba anaanelwa go bo e le badiri ba ba ikanyegang. Ba latela kgakololo ya Baebele ya gore e nne batho ba ba tlhoafetseng e bile ba ikanyega, ba se ditshwakga.—Diane 13:4; 22:29; 1 Bathesalonika 4:10-12; 2 Bathesalonika 3:10-12.

Go Falola Sebetso sa go Tlhoka Tiro

Se se bakang go tlhoka tiro ke bopelotshetlha le bogagapa jwa batho. Jaaka Baebele e bolela, “motho o na le thata mo go yo mongwe go ikutlwisa botlhoko.”—Moreri 8:9, NW.

Bothata jwa go tlhoka tiro—le mathata a mangwe gape—di tla rarabololwa ka go tlosiwa ga puso ya batho, mo jaanong go leng mo ‘metlheng ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-3) Ruri go tlhokega lefatshe le lesha tota. Ee, lefatshe le setšhaba se se siameng sa batho se ka nnang mo go lone le go dira mo go lone ka fa tlase ga puso e e siameng kwa go tla bong go sena bopelotshetlha. (1 Bakorinthe 6:9,10; 2 Petere 3:13) Ke sone se Jesu a neng a ruta batho gore ba rapelele gore Bogosi jwa Modimo bo tle le gore go rata ga Gagwe go dirwe mo lefatsheng.—Mathaio 6:10.

Fa Lefoko la Modimo le tlhalosa go fedisiwa ga mathata mangwe a magolo a batho ka tsela ya boporofeti, le tlhalosa jaana se Bogosi joo bo tla se dirang: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma, mme go je o sele.  . . . Baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele. Ga ba ketla ba kgokgolela lefela, le fa e le go tsholela thekisego bana.” (Isaia 65:21-23) Poifo ya go tlhoka tiro e tla tloga e felela ruri. Fa e le gore o batla go itse mo go oketsegileng ka tharabololo ya Modimo, tsweetswee, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gago.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tsogang! ya November 8, 1994, ditsebe 12-14; August 8, 1991, ditsebe 3-8; January 22, 1983 (ka Seesemane), ditsebe 17-19; le June 8, 1982 (ka Seesemane), ditsebe 3-8.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Go Itlhamela Mmereko Mo Gae

• Go sala le bana, go tlhokomela bana

• Go rekisa merogo kgotsa dithunya tse o di jadileng mo gae

• Go roka diaparo le go baakanya moroko

• Go direla badiri ditiro tse dipotlana

• Go baka le go apaya dijo

• Go roka dikobo, go loga ka lemao le le lengwe, go loga dijesi; go logaganya ka tlhale, go bopa dinkgwana; ditiro tse dingwe tsa diatla

• Go apesa dilo ka matsela

• Go dira diakhaonto, go thaepa, go direla batho ditiro tsa mo gae tse di tlhokang khomputara

• Go araba founu

•Go baakanya meriri

• Go fa batho boroko

• Go kwala diaterese le dienfelopo tsa babapatsi

• Go tlhatswa dikoloi le go di tshasa pholetšhe (mong wa koloi a e tlisa mo ga gago)

• Go tlhapisa dintša le dikatse le go di tshamekisa

• Go baakanya dilotlele le go dira dilotlele (mo legaeng la gago)

• O ka dira go anamisa ipapatso ya tiro e o e dirang mahala kgotsa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mo makwalodikgannyeng a dilo tse di rekisiwang kgotsa mo mamating a dikitsiso a marekisetso a magolo

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Go Itlhamela Mmereko Ka Kwantle Ga Legae

• Go sala le ntlo (fa batho ba seo mme ba batla gore legae la bone le tlhokomelwe)

• Go phepafatsa: mabolokelo; diofisi; matlo le difolete fa di sena go agiwa, fa di sena go sha, fa batho ba sena go fuduga; go bereka mo matlong (mo magaeng a batho ba bangwe); difensetere (tsa kgwebo le tsa mo magaeng)

• Go baakanya: didirisiwa tsa mefuta yotlhe (dilaeborari di na le dibuka tse di motlhofo tse di ka thusang motho ka kitso ya go baakanya dilo)

• Ditiro tse dipotlana tsa diatla: go baakanya mabota a matlo; go dira dikhabote, mabati, maribela; go penta; go tsenya terata; go rulela

• Ditiro tsa mo polasing: temo, go roba maungo

• Go kgabisa mo teng le go tlhokomela dimela kwa: diofising, dibankeng, kwa dishopong le mo diphasiking tsa dikago

• Tiro ya go tlhokomela dithoto: go phepafatsa, go tlhokomela kago (ka dinako tse dingwe motho o kgona go bona bonno jo a sa bo dueleleng)

• Inshorense, dikago le matlo

• Go ala dikhapete le go di phepafatsa

• Go isa makwalodikgang (bagolo le bana), go isa dilo tse dingwe: dipampiri tsa go bapatsa, dipampiri tsa dituelo tsa bommasepala

• Go fudutsha, go boloka dilo

• Go baakanya tshingwana: go fokotsa dikala tsa ditlhare, go tlhokomela motlho, go rema dikgong

• Go kgweetsa base ya sekolo

• Go tsaya dinepe (dinepe le ditiragalo)

• Go direla batho ba ba tshwarang ditlhapi dilo tse di ka di okang

• Go direlana dilo: go baakanyetsa motho koloi ene a go direla ditiro tsa motlakase, go rokela motho ene a go tsenyetsa diphaepe tsa metsi, jalo le jalo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Mme baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele.”—Isaia 65:22

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela