Basha ba Botsa . . .
Ke Direng fa Tsala e Wela mo Mathateng?
Sherrie wa dingwaga tse 14 a re: “Tsala ya me e kgolo e ne e sa tlhole e tshela ka tsela ya Bokeresete. Go nkutlwisa botlhoko thata. Ke lekile ka bojotlhe go mo kgothatsa!”a
A MONGWE yo o mo ratang thata o kile a tsena mo mathateng kana o simolotse go tshela ka tsela e e sa siamang? “Ke ne ke rata Chris thata,” Johnny a rialo. “Re ne re le ditsala tse dikgolo. Letsatsi lengwe o ne a ngwega mo gae. Seno se ne sa ntshosa thata mme ke ne ka ikutlwa ke patelesega go ya go mmatla. Ke ne ka mmatla bosigo jotlhe ka koloi.”
Baebele e ile ya tlhagisa gore mo metlheng ya bofelo, batho ba ne ba tla welwa ke mathata a magolo, basha le bagolo. (2 Timotheo 3:1-5) Ka jalo ga re a tshwanela go gakgamala thata fa gangwe le gape mosha mongwe wa Mokeresete a kgopiwa. Lefa go ntse jalo, fa go diragalela mongwe yo o amegang thata ka ene, o ka nna wa tobekana maikutlo, o utlwa botlhoko e bile o mo tlhomogela pelo le go tla o mo galefela. O batla go thusa tsala ya gago. Lefa go ntse jalo o ka go dira jang?
‘Nka mo Namola’
Baebele ya re: “Yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, [o] tlaa golola mowa [wa moleofi] mo losong, a ba a bipa bontsi jwa dibe.” (Jakobe 5:20) Mme gone, a go raya gore go dira jalo ke mokgweleo wa gago? Legoka. Batsadi ba tsala ya gago ke bone ba nang le maikarabelo a magolo mo go ene. (Baefeso 6:4) Baebele e tswelela pele ka go tlhalosa jaana mo go Bagalatia 6:1: “Bagaetsho, le fa motho a tshwerwe mo tlolong nngwe, lona ba lo leng ba semowa, sokololang yo o ntseng jalo ka mowa wa bonolo.” Balebedi ba phuthego ke bone ba ba tshwanelegang thata go dira jalo. Ka gone, ke bone ba ka kgonang go mo thusa botoka go go feta.
O tshwanetse go lemoga gore ka gonne o santse o le mosha, ga o na maitemogelo a a lekaneng mo botshelong. (Bapisa Bahebere 5:14.) Ka jalo, nna boikokobetso go lemoga dilo tse o ka se kang wa kgona go di dira mo kgannyeng eno mme o tile go batla go dira dilo tse di sa go lekanang. (Diane 11:2) Akanya ka mosha yo o bidiwang Rebekah. O ne a leka go thusa tsala ya gagwe ya mosimane yo e neng e le wa losika lwa gagwe yo o neng a inaakantse le diokobatsi. O bolela jaana: “Se se neng se mpatika thata e ne e le gore o ne a ipolela bothata mo go nna e seng mo batsading ba gagwe. Ke ne ka leka go mo thusa mme go ne go bolaisa pelo tota. Kgabagare go ne ga nthusa thata fa ke ne ke lemoga gore nka se dire sepe ka gone . . . ke ne ke sa kgone go mo thusa.” Morago ga moo Rebekah o ne a mo kgothatsa gore a senke thuso ya bagolo ba ba tshwanetseng sentle.
Matthew yo mmotlana le ene o ne a le mo seemong se se tshwanang, lefa go ntse jalo, kwa tshimologong o ne a lemoga gore a ka se kgone go tswa thuso e e kalo. O tlhalosa jaana malebana le tsala ya gagwe e e neng e le mo mathateng: “O ne a tla go mpolelela mathata a gagwe, mme ke ne ke tle ke mmolelele gore a buisane le batsadi ba gagwe ka one. Ke ne ke itse gore go ne go le botoka go dira jalo go na le gore ke ikimetse ka mathata a gagwe.”
Kafa o ka Thusang ka Teng
Seno ga se kaye gore ga go sepe se o ka se dirang go thusa. Go ikaegile thata ka maemo. Gongwe tsala ya gago e batla go ipolela bothata mo go wena. Tota o tla batla go mo ema nokeng le go mo sekegela tsebe. (Diane 18:24; 21:13) Kgotsa gongwe o simolola go tshela ka tsela e e sa siamang. O tshwanetse go tsaya kgato pele go mmolelela gore lefa gone o amega ka ene, o ka se dumalane le ene mo go se a se dirang.
Kgang e nngwe e ka nna ya bo e le malebana le tsala e e ipolelang gore e dirile phoso nngwe e e masisi. A ka nna a bo a batla gore o ikane gore ga o ne o rothisa mmutla madi. Lefa go ntse jalo Baebele ya re: “O se ka wa tlhakanela le batho ba bangwe dibe tsa bone; o itshegetse o le mo boitshekong.” (1 Timotheo 5:22) Fa tsala ya gago e ne e lwala thata mme e tlhoka go alafiwa, a o ne o se kitla o gatelela go e isa kwa ngakeng? Ka tsela e e tshwanang, fa a dirile phoso nngwe e e masisi, o tlhoka thuso ya semoya. Go boloka kgang eo e le sephiri go ka mmolaya semoyeng—ga ba ga ama phuthego ka tsela e e sa siamang. Ka gone, o na le maikarabelo a go tlhomamisa gore o itsise bagolwane ba phuthego ka gone.—Bapisa Lefitiko 5:1.
Caroline yo mmotlana o ne a tsaya kgato ya bopelokgale fa tsala ya gagwe e e neng e aketsa batsadi ba yone e ne e fapoga tsela. A re: “Ke ne ka mo itsise gore ke mo naya dibeke tse pedi go bolelela bagolwane ka gone. Fa a ne a sa dire jalo, ke ne ka mo itsise gore ke ne ke tla ya go ba bolelela. Go ne go se motlhofo go dira jalo.” Johnny yo o umakilweng pelenyana le ene o ne a supa bopelokgale jo bo ntseng jalo. Malebana le tsala ya gagwe, Johnny o gakologelwa jaana: “Ke ne ka gakgamadiwa ke go itse gore o nna le mosetsana mongwe. Go ne go na le mathaka a mangwe koo a a neng a nwa e bile a goga.” Johnny o ne a kopa tsala ya gagwe gore a tswele kwa ntle a bo a mmolelela a gagametse gore o akantsha gore a ye go senka thuso ya bagolwane ba phuthego.
Tsala ya gago e ka nna ya se ka ya anaanela maiteko ao a gago kana e ka a anaanela. Baebele e re bolelela gore e ne ya re fa bomogoloe ba ne ba dira dilo dingwe tse di sa siamang, Josefa o ne a isa “polelo e e bosula ka ga bone kwa go rraagwe.” Seo se ile sa dira gore ba se ka ba utlwana le ene. Ee, ba ile “ba mo ila.”—Genesise 37:2-4.
A o Itshware Jaaka e Kete Ga go A Direga Sepe?
Lefa go ntse jalo, o ka dira gore maiteko a gago a se ka a thusa sepe fa o tswelela ka go tsalana le tsala ya gago jaaka e kete ga go a direga sepe. Mo go 1 Bakorinthe 15:33 moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba tswelela ka go tsalana le motho yo o dirileng phoso. Fa o tswelela pele ka go tsalana thata le motho yo o ntseng jalo go tla go koafatsa!
Mollie yo mmotlana o ne a ithuta seno ka tsela e e botlhoko fa tsala ya gagwe Sally a ne a simolola go intsha le mongwe ka sephiri. E ne e se fela gore Sally o ne a santse a le monnye go ka nyalwa mme gape o ne a intsha le basimane ba e neng e se Bakeresete. Mollie o ne a itlhokomolosa seemo seo mme a tswelela a tsalana le tsala eno ya gagwe. Go ne ga felela ka eng? Mollie a re: “Kgabagare, Sally o ne a rulaganya gore ke intshe le mosimane mongwe wa lefatshe mme re ne ra intsha le ene.” Ka lesego, bagolwane ba phuthego ba ne ba thusa Mollie pele ga seemo se nna maswe thata.
Lynn le ene o ne a rapela botsala jwa gagwe le mosetsana mongwe yo o neng a bidiwa Beth ka tsela e e neng e le kotsi thata. Lynn o gakologelwa jaana: “Ke ne ke ikutlwa gore nka mo namola, mme ga go a ka ga thusa. Ke ne ke ya mafelong a boitlosobodutu a bosigo le ene. Ke ne ke itse gore go phoso, fela ke ne ke sa batle a utlwa botlhoko. Mathata a gagwe a ne a simolola go nkimela. Ke ne ka nna ka boloka seno e le khupamarama ke akanya gore kgang eno e tla rarabologa mme fela, e ne ya nna ya gola.” Lynn o ile a iphitlhela a le mo dipharagobeng. Tsala ya gagwe e bong Beth e ne ya bolawa ke lekawana le o neng a ratana le lone.
Go kgomarela tsala ya gago go ka lebega e le selo se se botlhale. Mme gone, fa tsala ya gago e ne e nwela mo lekadibeng la mmatota le le boitshegang, a o ne o ka itatlhela mo teng? Seo se ne se tla dira gore lo swe loobabedi. Go ne go ka nna botlhale gore o mo latlhelele sengwe se se neng se ka namola botshelo jwa gagwe. Fela jalo, o tshwanetse go mo thusa o emetse kgakala.—Juta 22, 23.
Go a tlhokega gore o emele kgakala le tsala ya gago fa e le gore e lelekilwe mo phuthegong. Taelo ya Baebele ke gore “lo se ka lwa tlwaelana” le yo o ntseng jalo. (1 Bakorinthe 5:11) Lefa o santse o amega ka motho yo o ntseng jalo, o ka mo thusa botoka ka go ikanyega go Jehofa e seng go latela tsela ya gagwe e e phoso. (Pesalema 18:25) Fa o sa ineelele go latela tsela ya gagwe e ka nna gone go go mo tlhotlheletsang gore a sekaseke ditiro tsa gagwe sentle. Se se botlhokwa le go feta, boikanyegi jwa gago bo tla itumedisa Jehofa.—Diane 27:11.
Morwalo o o Feteletseng
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa se ka wa atlega fa o ntse o leka ka bojotlhe go mo thusa. Rebekah o gakologelwa jaana malebana le tsala ya gagwe: “Ke ne ka leka ka natla go mo thusa. Ke ne ka bo ka mo kwalela lekwalo, mme o ne a se ka a nkaraba.” Caroline o ne a lemoga gore o “simolola go ngomoga tlhogo” morago ga go fetsa dikgwedi di le dintsi a leka go thusa tsala ya gagwe e e neng e itsenya mo mathateng.
Go botlhokwa go lemoga gore “mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabela [go] Modimo.” (Baroma 14:12) Mme le mororo go le molemo go thusa motho mongwe go rwala mokgweleo wa gagwe kana mathata a gagwe ka go mo thusa ka tsela e e molemo, gone o ka se kgone go rwalela motho yoo “morwalo” wa gagwe—ke gore, maikarabelo a gagwe go Modimo. Baebele ya re: “Motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Ga se molato wa gago fa tsala ya gago e tlhopha go dira dilo dingwe.
Lefa go ntse jalo, go botlhoko go bona tsala e itsenya mo nakeng tsa kukama. Lekawana lengwe le le bidiwang Mike le bolela jaana malebana le go latlhegelwa ke tsala: “Go ne ga nkutlwisa botlhoko thata. Ke ne ke tsalane thata le Mark le batsadi ba gagwe. Ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong.”
Ke ga tlholego fela go utlwisiwa botlhoko ke go latlhegelwa jalo. Lefa go ntse jalo, go tlhalosetsa mongwe yo o mo tshepang maikutlo a gago go ka thusa. (Diane 12:25) Rebekah a re: “Ka thuso ya batsadi ba me, ke ne ka gomotsega.” Gape o ka bolelela Jehofa Modimo maikutlo a gago ka go mo rapela. (Pesalema 62:8) Caroline o ne a sobokanya kgang eno sentle ka go re: “Go rapela Jehofa le go rerela ba bangwe go ne ga nthusa fela thata. Gape ke ne ka tsalana thata le ba bangwe mo phuthegong, segolobogolo basadibagolo. Kgabagare ke ne ka lemoga gore mongwe le mongwe o tla rwala maikarabelo a kgato nngwe le nngwe e a e tsayang le gore ke tshwanetse go tswelela ka botshelo jwa me.” Ka go dira seo sotlhe, ruri o tla ithusa. Mme gape go ka thusa le tsala eo ya gago e e duleng mo tseleng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Kgothaletsa tsala ya gago go senka thuso