LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 1/8 ts. 28-29
  • Sekolo se se Atlegileng Se se Mo Lefatsheng Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekolo se se Atlegileng Se se Mo Lefatsheng Lotlhe
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse di Tlhokegang
  • Thulaganyo le Thuto
  • Go Thusa Dimilione
  • Sekolo Se se Re Thusang go Dira Ditiro Tsa Botlhokwa mo Botshelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Go Ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Kafa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se re Solegelang Molemo ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 1/8 ts. 28-29

Sekolo se se Atlegileng Se se Mo Lefatsheng Lotlhe

SENO ga se sekolo sengwe sa poraefete se se jang madi a mantsi kana yunibesithi nngwe ya maemo a a kwa godimo e go tsenang batho ba maemo mangwe a a rileng kwa go yone. Nnyaa, baithuti ba sekolo seno ga ba duedisiwe sepe. Gongwe e bile se tshwarelwa mo lefelong lengwe le le gaufi le wena. Se bidiwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mme se tshwarelwa kwa mafelong a Basupi ba ga Jehofa ba kopanelang kwa go one. Go na le batho ba ba ka nnang dimilione di le tlhano mo lefatsheng lotlhe ba ba tsenang sekolo seno.

O ka nna wa ipotsa jaana, ‘Go tlhokega eng gore motho a kgone go ikwadisa? Go rutiwa eng mo sekolong seno? Se tshwarwa jang? Mme batho ba solegelwa molemo jang mo go sone?’

Dilo Tse di Tlhokegang

Le mororo mongwe le mongwe a ka kgona go tsena Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, bao ba ikwadisang mo go sone ba tshwanetse ba bo ba dumelana le dithuto tsa buka e kgolo e e dirisiwang mo sekolong seno e leng Baebele. Ba tshwanetse go tshela ka tsela e e dumalanang le boitsholo jo bo bolelwang ke Baebele. Ka jalo baithuti ba sone ga ba a tshwanela go nna le boitsholo jo bo maswe. Ga ba a tshwanela go nna magodu, matagwa, bagokafadi, go goga motsoko, jalo le jalo.—1 Bakorinthe 6:9-11.

Gompieno dikolo tse dintsi di repisitse melao ya tsone ya kapari, mme baithuti ba Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo bone ba tshwanetse go apara diaparo tse di tshwanetseng tse di phepa. (1 Timotheo 2:9, 10) Ga go a lekanyediwa dingwaga dipe mo sekolong seno. Bana ba bannye ba dingwaga tse nnè kana tse tlhano ba ba kgonang go bala ba a ikwadisa e bile ba newa dikabelo nako le nako, fela jaaka banna le basadi ba ba mo dingwageng tsa bo90.

Thulaganyo le Thuto

Gore mongwe le mongwe a kgone go nna teng, go tshwarwa dikarolo tsa metsotso e le 45 tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo maitseboa mangwe fa gare ga beke. Morago ga mafoko a makhutshwane a kamogelo a mokaedi wa sekolo, sebui sa ntlha mo maitseboeng ao se neela puo ya metsotso e le 10 go ya go 15 se dirisa nngwe ya dibuka tsa sekolo. Morago ga foo, gantsi o botsa dipotso ka metsotso e le meraro go ya go e le metlhano go tswa mo tshedimosetsong e a sa tswang go e ruta.

Morago ga foo, morutisi mongwe yo o tshwanelang sentle o dira kabelo ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele wa beke eo, oo gantsi o akaretsang dikgaolo di le pedi go ya go di le nnè tsa Baebele. Poeletso eno e beetswe metsotso e le merataro. Baithuti ba ba dirang tiro eno e e direlwang kwa gae beke le beke ba ka iphitlhela ba badile Baebele yotlhe fa nako e ntse e tsamaya.

Morago ga dintlhakgolo tseno tsa Baebele, baithuti ba neela dipuo di le tharo tseo nngwe le nngwe ya tsone e lekanyeditsweng metsotso e le metlhano. E nngwe ke go bala karolo ya Baebele mo kabelong ya tiro e e direlwang kwa gae. Dipuo tse dingwe tse pedi di bua ka tshedimosetso e baithuti botlhe ba kgothalediwang gore ba e bale fa ba ipaakanyetsa sekolo seno. Fa moithuti mongwe le mongwe a fetsa go dira kabelo ya gagwe, mokaedi wa sekolo o a mo akgola e bile o akantsha fa a ka tokafatsang teng.

Kgakololo ya mokaedi wa sekolo e thailwe mo bukeng ya Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, eo moithuti mongwe le mongwe a tshwanetseng go e ithuta ka kelotlhoko. Gore moithuti a kgone go tokafatsa nonofo nngwe ya puo e a tla e dirang mo kabelong ya gagwe, moithuti a ka nna a kopiwa gore a ye go bala kgaolo nngwe mo bukeng eno ya kaelo, tse di jaaka “Go Tshwaragana le Bareetsi le go Dirisa Dintlha tse di Kwadilweng,” “Ditshwantsho tse di Tshwanelang,” “Poeletsodintlha le Boitshikinyo jwa Mmele” le “Go Gatelela Kgopolo le go Fetofetola Lentswe.”

Mo mafelong a mangwe, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se na le ditlelase tsa ba ba sa kgoneng go bala le go kwala le ba ba batlang go tokafatsa tsela ya bone ya go bala. Go na le dikete di le masomesome tse di ithutileng go bala kana go tokafatsa go bala ga bone mo ditlelaseng tseno. Ka sekai, kwa Mexico, fa gare ga 1946 le 1994, go ile ga thusiwa batho ba ba fetang 127 000 gore ba itse go bala le go kwala.

Go Thusa Dimilione

Mo lefatsheng lotlhe, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se eme nokeng maiteko a batsadi ba a dirang go naya bana ba bone thutego e e siameng. Moriah wa dingwaga tse 16 o ne a re: “Ke ne ka ithuta go senka tshedimosetso le go ipaakanyetsa dipuo tsa me. Jaanong, tiro nngwe le nngwe e ke e newang kwa sekolong se segolo e motlhofo fela.”

Matthew wa dingwaga tse 15, yo o neng a ikwadisa gore a tsene Sekolo sa Bodiredi fa a na le dingwaga tse supa o ne a bolela jaana: “Tota ke bona maduo a a kwa godimo a a gaisang a bankane ba me mo dithutong. Ke ile ka kgona go nna setswerere mo go ithuteng le mo go reetseng le mo go emeng batho ka lefoko.” Phil, morwarraagwe wa dingwaga tse 17 o ne a oketsa jaana: “Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ile sa ntira gore ke itshepe. Ke itse gore nka kgona go dira kabelo epe fela e ke e neelwang.”

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ile sa ruta le bagolo. Michael, yoo a neng a kgona go fitlhelela mekgele ya gagwe e e jaaka go ema batsamaisi ka lefoko, o ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ke le boboi tota fa ke ne ke simolola go tsena Sekolo sa Bodiredi. Ga ke tlhole ke le ditlhong. Sekolo se ile sa nnaya lefelo le le bolokesegileng la go bona kitso, go nna setswerere le go nkgothatsa ka tsela e ke neng ke e tlhoka gore ke kgone go latlha ditlhong.” Motsadi mongwe o ne a re: “Ke akanya gore ke kgonne go ithuta dilo tse ke neng ka se ka ka kgona go di ithuta fa ke ne ke santse ke le ngwana.”

Mo motsaneng mongwe o monnye kwa Latin America, maloko mangwe a Lephata la Thuto a ne a etela Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Fa a sena go reetsa sebui sengwe sa mo lefelong leo, mongwe wa baeti, yo e leng mogokgo wa sekolo, o ne a bolela jaana a gakgametse: “Tota go a gakgamatsa go bo monna yono yo re sa bolong go itse gore ga a rutega a bo a ka kgona go bua jaana ka Sepanishe [se e seng puo ya gaabo], e bile a bua le setlhopha sa batho, mme gone o go dirile.”

Eleruri, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ke sengwe sa dikolo tse di molemo thata mo lefatsheng! Se ka thusa basha le batsofe go bona thutego e e molemo. Go ntse fela jaaka mosha mongwe a ne a re: “Tota ke akantsha gore mongwe le mongwe yo o batlang go tsena mo sekolong seno a dire jalo ka bonako.”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se thusa dimilione go bona thutego e e molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela