Lefatshe—Mpho E re E Filweng ke Modimo
“ERILE mo tshimologong Modimo wa tlhola legodimo le lefatshe.” E bile o ne a bolela gore lefatshe le “molemo thata.” (Genesise 1:1, 31) Go ne go sena dithothobolo dipe tsa matlakala tse di neng di senya bontle jwa lone; le ne le sa kgotlelwa ke leswe lepe. Batho ba ne ba fiwa mpho eno e ntle thata: “Magodimo ke magodimo a ga Jehofa; mme lefatshe o le neile bana ba batho.”—Pesalema 115:16.
O re bolelela boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe jaana mo go Isaia 45:18: “Gonne go bua jaana Jehofa yo o tlhodileng magodimo; ke ene Modimo; o o bopileng lefatshe wa le dira; o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka wa le tlholela lefela, wa le bopela go ungwa; a re: ‘Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.’”
O bolela ka tlhamalalo gore boikarabelo jwa motho ka lefatshe ke—‘go le baakanya le go le lebelela.’—Genesise 2:15.
Jehofa o tlhoma sekao. O tlhokomela lefatshe. Tsela e nngwe ke ka go shafatsa dilo tse a di re neetseng mo lefatsheng, dilo tseo di leng botlhokwa thata mo dilong tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng. Tokololo nngwe e e kgethegileng ya Scientific American e ne e na le ditlhogo di le mmalwa tsa medikologo e e ntseng jalo, e e neng e akaretsa modikologo wa maatla wa lefatshe, modikologo wa maatla wa lefelo le go nang le ditshedi mo go lone, modikologo wa metsi, modikologo wa okosejene, modikologo wa khabone, modikologo wa naeterojene le medikologo ya diminerale.
Lefatshe—Le a Gakgamatsa e Bile le Lentle
Moitse wa thutotshelo yo o itsegeng thata Lewis Thomas, o ne a kwala mo makasineng wa saense wa Discover, a galaletsa lefatshe ka tsela eno e e ka se kang ya ganediwa:
“Lefatshe le gakgamatsa eleruri, ke sengwe se se sa tshwaneng le sepe mo lobopong lotlhe, le jesa kgakge go gaisa marara otlhe a saense a a buang ka lobopo, le dira gore maiteko otlhe a go le tlhaloganya e nne a lefela. Ke gone fela re simololang go lemoga kafa le sa tlwaelegang le kafa le leng lentlentle ka teng, kafa le jesang kgakge ka teng, selo se sentlentle go di gaisa tsotlhe se se dikologang letsatsi, se phuthetswe ke loapi lwa lone lo lotala, le itirela le go hema okosejene ya lone, le itirela naeterojene le bo le e tsenya mo mmung wa lone, le itirela maemo a bosa fa godimo ga dikgwa tsa lone tsa pula, le itirela kgapa ka dikarolo tsa ditshedi: makgotlo a kalaka, dithabana tsa korale, masalela a ditshedi tse di sa bolong go swa tse mo godimo ga tsone go nnang ditshedi go dikologa kgolokwe.”
Tseno ke dingwe tsa dilo di le mmalwa tse Jehofa a di dirileng gore lefatshe leno e nne mpho e ntle e a e fileng batho, legae la batho le dimilione tse di senang palo tsa ditshedi tse dingwe le le diretsweng go nna ka bo sa khutleng. Pesalema 104:5 e bolela jaana: “Yo o beileng metheo ya lefatshe, gore le tle le se ka la tshikhinngwa ka bosakhutleng.” Mosupi mongwe yo o tlhotlheleditsweng o ne a supa jaana gore lefatshe leno le tlile go nnela ruri: “Kokomana nngwe e fetela koo, mme go tle e nngwe; mme lefatshe le nnetse ruri ka bosakhutleng.”—Moreri 1:4.
Basutlhalefaufau ba ba dikologang lefatshe ba ile ba boka kgolokwe e ntle eno e e dikologang letsatsi e bile ba ne ba bolela gore batho ba tlhoka go itumelela bontle jwa yone le go e tlhokomela. Edgar Mitchell, wa mosutlhalefaufau o ne a bua le Houston jaana ka radio fa a ne a bona lefatshe la ntlha a le kwa lefaufaung: “Le lebega jaaka legakwa le le botala le bosweu jo bo phatsimang . . . le thathilwe ka masire a masweu a a fokang . . . , jaaka perela e nnye mo gare ga lewatle le lentshontsho la masaitseweng.” Frank Borman wa mosutlhalefaufau ene o ne a akgela jaana: “Re na le polanete e ntle thata. . . . Selo se se gakgamatsang thata ke gore ke ka ntlha yang fa re sa kgone go itumelela se re nang le sone.” Mongwe wa basutlhalefaufau ba Apollo 8 ba ba neng ba ya kwa ngweding o ne a akgela jaana: “Mo lobopong lotlhe, gongwe le gongwe kwa re neng re leba teng, go ne go sena mebala epe fa e se kwa lefatsheng fela. Fa re le koo re ne re kgona go bona botala jwa lewatle, bosetlha le borokwa jwa naga le bosweu jwa maru. . . . E ne e le selo se sentlentle se re se boneng mo legodimong lotlhe. Batho ba ba fano ga ba lemoge se ba nang le sone.”
Dintlha di supa gore kgang eo e boammaaruri—batho ga ba lemoge letlotlo le ba nang nalo. Go na le gore ba ngomaele mpho eno e ba e filweng ke Modimo, batho ba a e kgotlela le go e senya. Basutlhalefaufau ba lemogile seno le bone. Paul Weitz, molaodi wa ntlha wa sesutlhalefaufau sa Challenger, o ne a bolela gore tsela e motho a sentseng atemosefere ya lefatshe ka yone e a “tshosa” fa e bonwa go tswa kwa lefaufaung. “Ka go tlhoka lesego, lefatshe leno le fetoga polanete e e tsofalang ka bonako.” O ne a oketsa jaana: “Re ithuta eng ka seno? Re kgotlela sentlhaga sa rona.” Mme e bile tshenyo eno e ile ya oketsega fela thata mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ Jehofa o setse a atlhotse ba ba senyang lefatshe, e leng gore o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.
Batho Ba ba Sa Lebogeng Ba ba Sa Tshwanelweng ke Mpho ya Modimo
Batho ba ba ratang dithoto ba ile ba tlhokomologa dilo tse di botlhokwa mme ba letla nama ya bone gore e ba laole. Dikaelo tse di mosola tse Jehofa a di fileng batho gore ba tshele ba itumetse e bile ba kgotsofetse di kgaphetswe kwa thoko ka ntlha ya go laolwa ke go ikakanyetsa ga batho ba le nosi goo go tletseng mo metlheng eno ya rona.
Timotheo wa Bobedi 3:1-5 e tlhalosa metlha e e botlhoko eno e re tshelang mo go yone sentle jaana: “Itse selo se, gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang. Gonne batho ba tlaa nna baithati, le barati ba madi, le babelafadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone, le ba ba sa lebogeng, le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo; e le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse; le bone bao o kgaogane nabo.”
Ba ba batlang go dira merokotso e mentsi ba ngoka bareki ba bantsi mme papatso e dirisiwa thata go fitlhelela seno. Bontsi jwa papatso bo siame; bontsi jwa papatso ga bo a siama. Papatso eno e e sa siamang e tshwanela kakgelo eno ya ga Eric Clark e e mo go The Want Makers: “Papatso ga e rekise dilo tse di phoso fela mo bathong ba ba ka se kang ba di kgona, gape e dira seno ditlhwatlhwa di le kwa godimo ka tsela e e sa tshwanelang.” Alan Durning wa World Watch a re: “Papatso ga e rekise fela dilo tse di dirilweng ka diatla mme e rekisa mekgwa ya go tshela, maikutlo le dilo tse batho ba eletsang go nna le tsone, e dira gore motho a eletse dilwana tsa bone tota.” Boikaelelo jwa papatso ke go dira gore re se ka ra kgotsofalela se re nang le sone mme re eletse dilo tse re sa di tlhokeng. E baka tlala e e sa kgotsofadiweng ke sepe; e dira gore re batle go nna le dilo tse dintsi ka tsela e e re tlogelang re koafetse; e dira gore go nne le dithothobolo tsa matlakala tse di kgotlelang lefatshe. Tsela ya bonokwane e e rotloetsang ka yone e kgona le dipelo tse di bokoa tsa ba ba tshelelang mo lehumeng le le botlhoko. Bontsi jwa babapatsi ba rekisa dithoto tse go itsegeng gore di ka bolaya kana tsa lwatsa batho.
Se se botlhokwa ke seemo sa rona le Modimo, jaaka Moreri 12:13 e bolela jaana: “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.” Botlhe ba ba dirang jalo ba tla letliwa go tshela mo Paradaiseng e e phepa ya ga Jehofa! Jesu o ne a solofetsa jaana: “Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.”—Johane 5:28, 29.
Fa Mpho ya Modimo e Tla bo e Itumelelwa
Me a bo leo e tlile go nna lefatshe le lentle ka tsela e e jesang kgakge jang ne! Jehofa o ne a le tlhalosa jaana ka tsela e e amang maikutlo: “Ka [Johane] bona legodimo le leša le lefatshe le leša; gonne legodimo la ntlha le fetile, le lefatshe la pele; le lewatle ga le tlhole le le yo. [Modimo] o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko; dilo tsa pele di fetetse ruri.”—Tshenolo 21:1, 4.
Gape go tla bo go sa tlhole go na le dithothobolo tsa matlakala, matlakala a a botlhole, le ba ba latlhelang matlakala mo go ba bangwe. Ka nako eo, mo lefatsheng go tla bo go tshela fela batho ba ba ratang baagisani ba bone, ba ba bakang Jehofa ka ntlha ya go ba naya mpho ya lefatshe le ba ba itumelelang go le tlhokomela le go le boloka e le paradaise.—Mathaio 22:37, 38; 2 Petere 3:13.
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Go sa Dueleng ga go Rata Dikhumo
Jesu o ne a bua boammaaruri a tlhamaletse fa a ne a tlhagisa jaana: “Tlhokomelang lo bo lo itise mo bopelotshetlheng; gonne botshelo jwa motho ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tse o nang natso.” (Luke 12:15) Se re nang le sone ga se sone se se botlhokwa; se re leng sone ke sone se se botlhokwa. Go motlhofo tota go iphitlhela o amegile ka menate ya botshelo—o dira madi, o ikokoanyetsa dilwana, o siane o batla menate yotlhe e e elediwang ke nama—e bile o akanya gore o tshela botshelo ka botlalo, ga o fetwe ke sepe, fa gone o tlhokomologa dilo tse di gaisang thata mo botshelong.
Fa jaanong botshelo bo ya kwa bokhutlong ke gone re lemogang se re paletsweng ke go se bona. Re simolola go lemoga boammaaruri jono jo bo bolelwang ke Baebele: Botshelo bo bokhutshwane thata—ke mouwane fela o o apogang, ke mosi, ke mohemo, ke moriti o o fetang, tlhaga e tala e e swabang, sethunya se se swabang. Bo ile kae? Re dirile eng? Ke eng fa re ne re tshela? A go felela fano? A ke lefela la mafela, go leleka phefo?—Jobe 14:2; Pesalema 102:3, 11; 103:15, 16; 144:4; Isaia 40:7; Jakobe 4:14.
Monna yo o mo kokelong, yo o swang, a lebile kwa ntle ka fensetere, a bona thaba e bonesitswe ke phatsimo ya letsatsi, tlhaga e tlhakane le mofero, dithunya tse di golang, nonyane e fatafata go bona dipeo—ga se sepe se se ka amang maikutlo a motho. Mme mo monneng yoo yo o swang, ke bontle fela. O a hutsafala fa a di eletsa, fa a akanya ka dilo tse di sa reng sepe tse di itumedisang tse a sa kgonang go di itumelela, dilo tse dinnye tse di kayang go le gontsi. Tsotlhe di fetile!
Dikwalo tsa Segerika tsa Baebele di bolela ka seno ka tlhamalalo fela jaana: “Ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe; e re fa re na le dijo le diaparo, re tlaa ritibatsa pelo mo go tsone.” (1 Timotheo 6:7, 8) Dikwalo tsa Sehebera tsone di bolela jaana fela di tlhamaletse: “Jaaka a dule mo sebopelong sa ga mmaagwe, o tlaa ba a tloga jaaka a tsile, a sa ikatega, mme a se ketla a tsaya sepe ka ga letsapa la gagwe, se o ka tsamayang ka sone a se tshotse mo seatleng.”—Moreri 5:15.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
NASA photo