Dibotlolo di Fetoga Dibaga Tse Dintle
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA
OITLHAGANETSE. O leka go tshwara botlolo mo tafoleng, mme e a relela e bo e wela fa fatshe e thubega. O utlwile botlhoko, o feela diphatsa tsa botlolo e e thubegileng o bo o di latlhela mo kgamelong ya matlakala. Go ya ka wena, ga e tlhole e ka dirwa sepe.
Fa e le gore o nna kwa Bida, kwa Nigeria, seo ke masimologo fela. Ka ntlha yang? Ka gonne go ya ka Banupe ba ba nnang koo, babetli ba ka dirisa botlolo e e thubegileng go dira dibaga tse dintle ka yone. Ke tiro ya diatla e kokomana e nngwe e e fetisetsang kwa go e nngwe—e e ileng ya fetoga go sekae fela mo makgolong a a fetileng a dingwaga.
Go Dira Dibaga Kwa Bida
Di direlwa mo ntlwaneng ya mmu. Fa gare ga bodilo go eme bobesetso jo bo dirilweng ka letsopa. Mmetli o latlhela dikgong tse di tukisang molelo mo bobesetsong. Molelo wa teng o futswelwa ka mouba o o laolwang ka letsogo. Fa go ntse go tsenngwa dikgong tse di oketsegileng, go tla bo go tlhatloga kgabo e khibidu ya molelo mo godimo ga bobesetso. Botlolo ya teng e lepelediwa mo godimo ga bobesetso ka thobanyane mme go ise go ye kae galase ya teng e tla bo e gakologa e bo e nyerologa.
Modiri wa dibaga o di dira ka bongwe ka bongwe. O robatsa thobanyane e e motsu mo godimo ga molelo go bapa le thobanyane e galase e lepeletseng mo go yone. Fa motsu wa teng o sena go nna mohibidu ka ntlha ya mogote, o tla bo a e tsamaisa mo godimo ga pudula e e akgegang ya galase e e nyerologang. Morago ga moo, o tla bo a bofelela karolo e e lekanang le sebaga ya galase fa a ntse a pitikolola thobanyane ka menwana ya gagwe.
Morago ga foo, o tla bo a rethefatsa le go seta galase gore e nne sebaga se sentle a dirisa thipa e kgolo. Fa e le gore ke setswerere thata a ka kgona go dira digalase tsa mebala e e farologaneng jalo a kgabisa sebaga sengwe le sengwe se a se dirang. Kwa bofelong, o dirisa thipa go somola sebaga mo thobanyaneng ka manontlhotlho go e tsenya mo paneng ya molora gore e tsidifale. Jaanong o feditse ka sebaga. O bofaganya sebaga ka go tsenya kgole mo mosimeng o o dirilweng ke thobanyane. Se se setseng fela ke gore a tlhatswe sebaga seo mme morago a bo a se kopanya le dibaga tse dingwe ka tlhale go dira leseka la dibaga.
Go Ithuta go di Dira
Motho o ithuta go dira dibaga jang? Bana ba Banupe ba simolola go dira jalo ka go lebelela fela. Fa ba tshwara dingwaga tse di lesome ba simolola go thusa ka go rwalela dikgong le go di rema.
Kgato e e latelang ke go itse go butswela molelo sentle ka mouba. Mouba ke dikgetsi tsa letsela tse pedi tse di bofeletsweng mo thobanyaneng. “Motho yo o butswelang” o tshwanetse go tshwara dithobanyane ka diatla tsoopedi mme a bo a di isa kwa godimo le kwa tlase ka bonako. O tshwanetse a bo a nonofile sentle e bile a kgona go tsamaisa matlho le matsogo sentle. O tshwanetse a bo a nonofile sentle mo a ka kgonang go butswela mouba ka lobelo lo lo lekanang go fitlha tiro yotlhe ya go dira sebaga e fela, mme e ka tsaya diura di le dintsi!
Gape o tshwanetse go bo a kgona go tsamaisa matlho le matsogo sentle a kgona go butswela mouba ka bonako ka selekanyo se se tshwanang le ka lobelo lo lo tshwanang. Fa a o butswela ka bonya thata, molelo ga o kitla o gotela sentle go ka tlhaolosa galase gore a kgone go e bopa sentle. Fa a o butswela ka bonako thata, mogote wa teng o tla dira gore galase e tswe mo thobaneng e nyerologele mo molelong.
Maithutwane wa dibaga a ka fetsa dingwaga tse tlhano a bereka ka mouba jalo. Kwa bofelong, o ithuta go seta dibaga. Kgwetlho e kgolo mo go seno ke go ithuta go itshokela mogote wa molelo, o fa o kopane le mogote wa letsatsi la mafelo ao a boboatsatsi o ka gwetlhang tota.
O ithuta jalo kgato ka kgato. Morago ga go nna a thusa modiri wa dibaga yo o nang le maitemogelo ka go mo tshwarela thobanyane, maithutwane wa teng o ithuta go dira dibaga tse dinnye tse di senang mekgabisa. Fa go ntse go ya, o gatela pele go fitlha a dira dibaga tse dikgolo le tse di kgabisitsweng ka go manegwa galase ya mmala o mongwe. Modiri wa dibaga yo o nang le maitemogelo o dira gore tiro eo e lebege e le motlhofo, lefa go ntse jalo, go tsaya nako e ntsi go kgona go dira dibaga tse dintsi ka bongwe ka bongwe tse di lekanang ka bogolo, popego le mekgabisa.
Go dira dibaga ke tiro e e itumedisang tota. Badiri ba dibaga ba itumelela go bona batho mo nageng yotlhe ba ikgabisitse ka dibaga tse di mebalabala—dibaga tse dinnye di rwalwa ke bana, tse di setilweng ka manontlhotlho di rwalwa ke basadi mme tse di tona tse di diretsweng meletlo di rwalwa ke banna. Gape go nna boitumelo jo bogolo ka nako ya meletlo fa batho ba kgobokane go dikologa ntlwana e go direlwang dibaga mo go yone ba opela e bile ba bina go tsamaisana le modumo o o dirwang ke mouba.
Buka ya History of West Africa ya re: “Dilo tse Banupe ba di dirang ka . . . galase . . . e santse e le sengwe sa dilo tse di gaisang thata mo kontinenteng eno.” Ba bangwe ba dumelana le seo. Morongwa mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Re ne ra reka dibaga kwa Bida le kwa mafelong a mangwe go di abela ditsala le ba lelapa fa re ile malatsing a boikhutso. Fa re fitlha kwa United States, ka metlha ditsala tsa rona di ne di rata dibaga tsa kwa Bida go gaisa tse dingwe!”
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go gotetsa galase mo bobesetsong