“Ga Nkitla ke Tlhola ke Latlha Khopi Epe ke Ise ke e Bale”
Monna mongwe o ne a kwalela bagatisi ba Tsogang! a tlhalosa jaana: “Bosheng jaana ke ne ka fitlhela khopi ya Tsogang! ya April 8, 1994 mo sesirong sa kgoro ya me. Banna! Go diragetseng? Lo kwadile kgatiso e e nang le tshedimosetso e e mo nakong go di gaisa tsotlhe mo dingwageng tseno tsa ‘bol990.’ Phetogo eo e ne ya nkgakgamatsa tota, mme ke ne ka bala ditlhogo tsa yone, e le la ntlha ke dira jalo. (Ke ne ke tlhola ke ipolelela gore, ‘Owai, ba a bo ba ne ba tlile fa gape,’ ke bo ke e gagola.) E ne e na le tshedimosetso e e tshwanelang botlhe.”
Fa a konela lekwalo la gagwe o ne a re: “Lo dira selo se se siameng tota. Tswelelang pele fela jalo ka tiro eo e e molemo, ke solofetsa gore ga nkitla ke tlhola ke latlha khopi epe ke ise ke e bale.”
Fa o rata go itse gore o ka amogela jang khopi ya Tsogang! kana o ka rata gore mongwe a tle go ithuta le wena Baebele mo lelapeng la gago, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa go nngwe ya diaterese tse di tshwanetseng tse di mo tsebeng ya 5.
Top: Courtesy of ROE/Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin