Babueledi ba Motsoko ba Ntsha Dibaluni Tsa Bone Tsa Moya o o Mogote
KA BO1940, toropokgolo ya Lontone e ne e tlhasetswe ke baba. Difofane tsa ntwa tsa Jeremane le difofane tsa dibomo di ne di kgwa dibomo tse dintsi di baka tshenyo e e boitshegang. Mme fa seemo e ne e ka bo e se se boifisang jalo, baagi ba teng ba ka bo ba ile ba kgatlhiwa ke pono e e sa tlwaelegang.
Go ne go akgega diketekete tsa dibaluni tse di neng di gokeletswe ka megala e meleele. Maikaelelo e ne e le gore di kgoreletse difofane tsa ntwa tse di fofelang kwa tlase le gore gongwe di time bogale jwa dibomo tsa mo moyeng di santse di le mo lefaufaung. Lefa leano leno la dikgoreletsi tsa dibaluni le ne le le botlhale, ga le a ka la atlega.
Dikhampani tsa sekerete le tsone di iphitlhela di tlhasetswe fela jalo. Dikgwebo tse di nonofileng tsa motsoko tse di kileng tsa bo di na le maatla a magolo mo dipolotiking le mo go tsa ikonomi di ntse di tlhaselwa go tswa matlhakoreng otlhe.
Batsakalafi ba tlhagisa bosupi jo bo seng kana ka sepe jwa dipatlisiso tse di di latofatsang. Badiredi ba bagolo ba tsa kalafi ba dirisa seno ba le matlhagatlhaga tota gore ba solegelwe molemo. Batsadi ba ba galefileng ba di latofatsa ka gore di gobatsa bana ba bone. Batlhomamolao ba ba menneng phatla ba tlhomile dithibelo tsa gore go se ka ga gogelwa sekerete mo dikagong tsa diofisi, mo diresetšurenteng, mo dikampeng tsa masole le mo difofaneng. Dinaga di le dintsi di kganela gore motsoko o se ka wa bapadiwa mo thelebisheneng le mo radiong. O ka fitlhela naga yotlhe kwa United States e di duedisa dimilione tsa ditshenyegelo tsa kalafi. Tota le boramolao ba tsenya letsogo mo ntweng eno.
Ka jalo, dikhampani tsa motsoko di dira maiteko a go itshireletsa mo batlhaseding ba tsone ka go loga maano a di itshireletsang ka one. Lefa go ntse jalo, maano a teng ga a utlwale.
Ngogola baagi botlhe ba United States ba ile ba lemoga dilo sentle fa batlhomamolao ba ba gaketseng le badiredi ba bagolo ba tsa boitekanelo ba puso ba ne ba simolola letsholo le le gagametseng kgatlhanong le madirelo a motsoko. Mo ditshekong tse di neng di reeditswe ke setlhopha sa kongerese ya United States ka April 1994, baokamedi ba dikhampani tse supa tse dikgolo tsa motsoko tsa Amerika ba ne ba kolopiwa ka dipalopalo tseno tse di supang fa ba le molato: o bolaya Baamerika ba feta 400 000 ngwaga nngwe le nngwe mme dimilione tse dingwe di a lwala, tse dingwe di gaufi le go swa e bile tse dingwe di tshwakgogile.
Ba ile ba reng fa ba itshireletsa? Baokamedi bano ba ba neng ba tlile ba ipaakanyeditse ntwa eno ba ne ba bua dilo tseno tse di kgatlhang fa ba ne ba itshireletsa: “Ga go ise go nne le bosupi . . . jwa gore motsoko o na le seabe ka tlhamalalo mo go bakeng malwetsi,” go ne ga rialo sebueledi sengwe sa Tobacco Institute. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwantsha motsoko le dilo tse dingwe tse di seng kotsi tse di jaaka go ja dimonamone kana go nwa kofi. “Lefa gone disekerete di na le nikotini, ga se gore ke seokobatsi e bile motsoko ga o tshwakgole,” go ne ga rialo mookamedi wa khampani nngwe e kgolo ya motsoko. “Kakanyo ya gore selekanyo sepe fela sa nikotini e e mo disekereteng se ka tshwakgola, e phoso,” go ne ga gatelela jalo rasaense wa khampani nngwe ya motsoko.
Komiti eno e ne ya botsa gore fa e le gore disekerete ga di tshwakgole, ke eng fa dikhampani tsa motsoko di ile tsa leka go fetofetola selekanyo sa nikotini ya tsone? “E ne e le go nonotsha moutlwalo wa tsone,” go ne ga tlhalosa jalo mookamedi mongwe wa khampani ya motsoko. A motsoko e ne e tla bo e le one selo santlha go tlhoka moutlwalo? E ne ya re fa a bontshiwa bosupi jo bo tswang mo difaeleng tsa khampani ya bone jo bo supang kafa nikotini e tshwakgolang ka teng, o ne a nnela go tatalala fela.
Go bonala fa ene le ba bangwe ba tla nnela go tatalala jalo go sa kgathalasege gore mabitla a tlala go le kana kang ka batho ba ba bolailweng ke motsoko. Mo tshimologong ya 1993, Dr. Lonnie Bristow, yo e leng modulasetulo wa Medical Association Board of Trustees ya Amerika o ne a ba gwetlha ka tsela e e kgatlhang. The Journal of the American Medical Association e bega jaana: “O ne a laletsa baokamedi ba dikhampani tse dikgolo tsa motsoko tsa United States gore ba tle go tsamayatsamaya le ene mo diphaposing tsa bookelo go bona se motsoko o se dirileng—balwetsi ba kankere ya makgwafo le ba malwetsi a mangwe a makgwafo. Ga go ope wa bone yo o neng a dumela go tla.”
Madirelo a motsoko a ipelafatsa ka gore a naya batho ditiro tse di molemo mo nakong eno e ikonomi ya lefatshe e dirang gore batho ba le bantsi ba tlhoke ditiro. Ka sekai, kwa Argentina, ditiro tse di milione o le mongwe di nna gone ka ntlha ya madirelo a motsoko le ditiro tse dingwe tse di dimilione tse nnè tse di amanang le one ka tsela e e sa tlhamalalang. Madi a mantsi a lekgetho a dikhampani tsa motsoko di a duelang a ile a dira gore di ratiwe ke dipuso di le dintsi.
Kgwebo nngwe ya motsoko e ne ya nna pelotshweu go abela ditlhotswana dingwe tsa batho ba maemo a a kwa tlase meneelo ya madi a mantsi—sengwe se go neng go lebega ba se dira ka gonne ba ba kgatlhegela. Lefa go ntse jalo, dipampiri tsa sephiri tsa khampani eno di tlhalosa lebaka le tota le dirileng gore e abe “madi a go tlhabolola ditlhopha” tseno—go itirela leina le lentle mo bathong ba ba ka nnang ba ba boutela.
Yone khampani eno ya motsoko gape e itiretse botsala le batsabotaki ka go ntshetsa dimusiamo, dikolo, dikolo tsa tanse le ditheo tsa mmino meneelo ya madi a mantsi. Badiredi ba bagolo ba mekgatlho eno ya botaki ga ba kgone go gana madi ano a motsoko ka gonne ba tlhoka madi tota. Bosheng jaana maloko a batsabotaki a New York City a ne a lebana le kgwetlho e tona tota fa khampani eno ya motsoko e ne e ba kopa gore ba e eme nokeng mo maitekong a yone a go lwantsha molao o o kgatlhanong le motsoko.
Mme e bile, dikgwebo tseno tse dikgolo tsa motsoko ga di tshabe go abela boradipolotiki madi a tsone gore ba ke ba nne kgatlhanong le motho ope fela o o ka nnang kgatlhanong le motsoko. Badiredi ba maemo a a kwa godimo mo dipusong ba ile ba ema dikhampani tsa motsoko nokeng. Bangwe ba na le dikgolagano tsa madi le madirelo ano kana ba ikutlwa ba patelesega go a duela ka sengwe ka gonne a kile a ba ema nokeng ka madi a motsoko mo letsholong la bone la ditlhopho.
Go begwa gore mokongerese mongwe wa United States o ne a amogela moneelo o o fetang $21 000 (R76 000) go tswa kwa dikhampaning tsa sekerete mme go tswa foo a bo a bouta kgatlhanong le melao e e leng kgatlhanong le motsoko.
Motho mongwe yo o kileng a bo a buelela motsoko yo gape e kileng ya bo e le senatoro wa puso e bile a goga motsoko thata bosheng jaana o ne a lemoga fa a na le kankere ya mometso, makgwafo le ya sebete. Gone jaanong o ikwatlhaya tota e bile o bua jaana ka khutsafalo, “go tlhola o robetse jalo ka ntlha ya selo se o se ipaketseng ka bowena” go dira gore o ipone o le seeleele tota.
Dikgwebo tse dikgolo tsa motsoko di dira maiteko a magolo a go tlhasela motho ope fela yo o kgatlhanong le one ka go dirisa madi a mantsi go o bapatsa. Papatso nngwe e tlhagisa jaana ka tsela ya go rotloetsa kgololesego, “Gompieno ke Disekerete. Ka Moso e Tlaa Nna Eng?” E dira gore batho ba akanye gore morago ga foo go tla bo go ilediwa khafeine, bojalwa le dihambeka ka tsela ya go feteletsa dilo.
Dipampiri tsa dikgang di ile tsa leka go dira gore batho ba se ka ba dumela patlisiso e e tlholang e nopolwa thata ya Environmental Protection Agency ya United States e e tlhalosang fa mosi wa motsoko o motho a o hemang o baka kankere. Madirelo a motsoko a ne a itsise fa a tlile go lwantsha patlisiso eno ka molao. Thulaganyo nngwe ya thelebishene e ne ya latofatsa khampani nngwe ka gore e fetofetola selekanyo sa nikotini mo motsokong wa yone gore e tle e tshwakgole batho. Seteishene se se neng se gasa lenaneo leo se ne sa batlwa tuelo ya didolara di le dimilione di le dikete tse 10 (diranta di le dimilione di le dikete tse 36) ka molao.
Dikhampani tsa motsoko di ile tsa nna tsa lwa tota, lefa go ntse jalo, batho ba ba di latofatsang ba ntse ba a oketsega. Mo masomeng a manè a a fetileng a dingwaga go setse go dirilwe dipatlisiso di ka nna 50 000, tse di neng tsa ntsha bosupi jo bontsi jwa gore motsoko o diphatsa.
Dikhampani tsa motsoko di ile tsa leka go tila ditatofatso tseno jang? Di ile tsa nna tsa tatalala ka ntlha e le nngwe fela ya go re: Batho ba ba gogang ba kgona go o tlogela. Ka gone, di a re, nikotine ga e tshwakgole. Lefa go ntse jalo, dipalopalo di bontsha se se farologaneng. Ke boammaaruri gore, batho ba Amerika ba le dimilione tse 40 ba o tlogela. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ba dimilione tse 50 ba santse ba goga mme diperesente di le 70 tsa bone di bolela gore di batla go o tlogela. Mo dimilioneng tse 17 tsa bao ba lekang go o tlogela ngwaga le ngwaga, diperesente di le 90 tsa bone di palelwa ke go o tlogela mo ngwageng.
Mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa batho ba ba gogang kwa United States ba boela motsoko morago fela ga gore ba ariwe ka ntlha ya kankere ya makgwafo. Mo bathong ba ba gogang ba ba ileng ba tshwarwa ke pelo, diperesente di le 38 tsa bone di boa di o goga gape tota le pele di tswa mo bookelong. Batho ba le diperesente di le 40 ba ba ntshitsweng kodu ka go bo ba na le kankere ba tle ba leke go boa ba goga gape.
Mo dimilioneng tsa basha ba United States ba ba gogang, tharonneng ya bone e bolela gore ba setse ba kile ba dira maiteko a a gagametseng a go o tlogela mme ba paletswe. Dipalopalo di bontsha gore basha ba le bantsi ba simolola go goga diokobatsi tse di bogale thata morago ga go ithuta motsoko. Go ka direga ka makgetlho a feta 50 gore basha ba ba gogang ba goge khokheine go gaisa ba ba sa gogeng. Mosha mongwe wa dingwaga tse 13 yo o gogang o a dumela. “Ga ke na pelaelo ya gore disekerete di ka dira gore motho a fetele mo diokobatsing,” o ne a kwala jalo. “Mo e ka nnang mongwe le mongwe yo ke mo itseng, kwantle fela ga batho ba bararo, o simolotse go goga diokobatsi morago ga go ithuta motsoko.”
Go tweng ka disekerete tse di senang bokgakga jo bontsi? Dipatlisiso di bontsha gore tota di ka nna tsa nna kotsi go gaisa—ka mabaka a mabedi: La ntlha, gantsi motho yo o gogang o di gopa thata ka ntlha ya go batla go gopa nikotine e mmele o e ratang thata mo go dirang gore dithishu tse dintsi tsa makgwafo di kopane le dilo tse di botlhole tse di mo motsokong; la bobedi, kgopolo e e phoso ya gore o goga sekerete se se “seng kotsi thata” e ka nna ya dira gore a se ka a dira maiteko a go o tlogela gotlhelele.
Go setse go dirilwe dipatlisiso tse di fetang 2 000 ka nikotine e le nosi fela. Di supa gore nikotine ke serè se se tshwakgolang go gaisa tsotlhe tse motho a di itseng e bile e kotsi go di gaisa. Nikotine e dira gore pelo e iteele ka bonako e bile e sesafatsa methapo ya madi. Madi a e monya mo metsotsong e le supa fela—ka bonako go gaisa fa o tshelwa molemo ka lomao ka tlhamalalo mo tshikeng. E dira gore boboko bo nnele go batla e e oketsegileng, keletso e bangwe ba reng e tshwakgola gabedi go feta heroine.
Le mororo dikhampani tsa motsoko di itatola, a gone di a itse gore nikotine e tshwakgola go le kana kang? Bosupi bo bontsha gore ga di bolo go itse seno. Ka sekai, pego nngwe ya 1983 e bontsha gore modiradipatlisiso wa khampani nngwe ya motsoko o ne a lemoga gore dipeba tse go dirwang diteko ka tsone di supa matshwao a a tlhamaletseng a gore di tshwakgotswe ka go nna di inosa nikotine ka metlha di kgomakgoma tshipinyana nngwe e e tswang mo go yone. Go begwa gore madirelo a motsoko a ne a itlhaganelela go timetsa motlhala wa patlisiso eno mme ke gone go neng go itsege ka yone bosheng fela jaana.
Dikgwebo tse dikgolo tsa motsoko ga di a ka tsa nna di phuthile matsogo fela fa di ntse di tlhaselwa go tswa matlhakoreng otlhe. Council for Tobacco Research ya New York City e dirile se The Wall Street Journal e se bitsang “letsholo le legolo le le timetsang batho go gaisa otlhe a a kileng a nna gone mo kgwebong yotlhe ya United States.”
Khansele eno e ne ya itwela ka go dirisa dimilionemilione tsa didolara e itirela dipatlisiso tse e leng tsa yone fela ka maikaelelo a go lwantsha bao ba e tlhaselang. Seno sotlhe se simologile ka 1953 fa Dr. Ernst Wynder wa Memorial Sloan-Kettering Cancer Center a sena go lemoga gore bokgakga jwa motsoko jo bo neng bo tshasitswe mo mekwatleng ya dipeba bo ne bo dirile gore di tswe ditlhagala. Madirelo ano a ne a tlhoma khansele eno e le gore e tle e timetse bosupi jo bo phepafetseng jo bo neng bo ntse bo tlhaga kgatlhanong le one ka go ntsha bosupi jwa one jwa saense jo bo ganetsang.
Lefa go ntse jalo, borasaense ba khansele eno ba ne ba ka kgona jang go ntsha bosupi jo bo ganetsang dipatlisiso tsotlhe tse dingwe? Dipampiri dingwe tse di neng tsa ntshiwa bosheng jaana di supa bonweenwee jo bogolo jo bo neng jwa dirwa ka matsetseleko. Badiradipatlisiso ba le bantsi ba khansele eno ba ba neng ba golegilwe ke dikonteraka tse di kwadilweng e bile ba tlhomilwe leitlho ke ditlhopha tsa boramolao ba ne ba lemoga gore mabaka a go boifela boitekanelo jwa batho a ne a utlwala. Lefa go ntse jalo, go ya ka The Wall Street Journal, e ne ya re fa khansele eno e tshwanelwa ke go lebana le boammaaruri, “ka dinako tse dingwe e ne e bipa dilo kana le eleng go seegela dipatlisiso tse dingwe tsa yone kwa thoko tse di neng di supa fa motsoko o le diphatsa mo boitekanelong.”
E ne ya fetsa dingwagangwaga e dira dipatlisiso tsa mo sephiring tsa kafa go ka dirwang sekerete se se seng diphatsa ka teng. Fa ba ne ba ka dira jalo phatlalatsa ba ne ba tla bo ba dumela ka tlhamalalo gore motsoko o diphatsa mo boitekanelong. Kwa bofelong jwa bo1970 ramolaomogolo wa khampani eno o ne a akantsha gore go se ka ga tlhola go dirwa maiteko a go tlhagisa sekerete “se se seng diphatsa” le gore dipampiri tsotlhe tse di amanang le gone di bewe kgakala.
Mo dingwageng tseo tsotlhe tsa fa go dirwa ditekeletso, go ne ga lemogiwa dilo tseno tse pedi: Gore ruri nikotine e a tshwakgola le gore go goga motsoko go a bolaya. Lefa dikhampani tsa motsoko di latola seno phatlalatsa, ditiro tsa tsone di supa gore tota di itse dintlha tseno sentle.
Fa a ne a bua ka maanonyana a a neng a dirwa ka boomo, komishinara wa Food and Drug Administration (FDA) ya United States, David Kessler, o ne a re: “Totatota disekerete dingwe tsa segompieno di ka tshwanelwa ke go bidiwa gore ke dithulaganyo tsa go tsamaisa nikotine tsa tegenoloji ya maemo a a kwa godimo tse di ntshang selekanyo sa nikotine ka selekanyo se se tlhomameng . . . se se lekaneng go ka tshwakgola.”
Kessler o ne a senola gore dikhampani tsa motsoko di na le dipampiri di le dintsi tse di tlhalosang mefuta ya metsoko e di batlang go e tlhama. O mongwe ke wa go fetola dijini tsa mofuta mongwe wa motsoko gore o ntshe nikotine e ntsi go gaisa e e kileng ya nna gone. O mongwe o dira gore setompi sa sekerete le pampiri ya teng di nne le nikotine gore se nne le e e oketsegileng. O mongwe ke o o dirang gore fa motho a simolola go se gopa go tswe nikotine e ntsi go gaisa fa se fela. Mo godimo ga moo, dipampiri dingwe tsa madirelo ano di bontsha gore disekerete tsa teng di tsenngwa motswako wa amonia go dira gore motsoko o ntshe nikotine e ntsi. “Mo e batlang e le selekanyo sa yone se se fetang se se tlwaelegileng gabedi se fetela mo mading a motho yo o gogang,” go rialo pego ya New York Times. FDA e ile ya bolela gore nikotine ke seokobatsi se se tshwakgolang le gore e ikaeletse go gagamatsa letsogo malebana le tsela e disekerete di rekisiwang ka yone.
Dipuso le tsone di ikaegile ka disekerete ka ditsela dingwe. Ka sekai, puso ya United States e kgobokanya didolara di le dimilione di le dikete tse 12 (diranta di le dimilione di le dikete tse 43,5) ka ngwaga mo lekgethong la puso le la feterale la dilo tsa motsoko. Lefa go ntse jalo, Office of Technology Assessment ya feterale e bega gore puso e latlhegelwa ke dimilione di le dikete tse 68 tsa didolara (dimilione di le dikete tse 246,8 tsa diranta) mo ditshenyegelong tsa tlhokomelo ya boitekanelo le go sa tlhagiseng dikuno ka tsela e e tshwanetseng ka ntlha ya motsoko.
Ka maiphako a gore di tokafatsa ikonomi le go dira gore go nne le ditiro tse dintsi, go ema dilo tsa botaki nokeng le go latola gore motsoko ga o diphatsa mo boitekanelong—eleruri madirelo a motsoko a itshireleditse ka go ntsha diipato tse di sa utlwaleng. Re santse re tla bona gore a diipato tseno di botoka go gaisa dibaluni tse di neng di akgisitswe kwa Lontone kana nnyaa.
Mme gone, go bonala sentle gore dikgwebo tseno tse dikgolo ga di tlhole di kgona go fitlha diphiri tsa tsone. Di itiretse dimilionemilione tsa madi mme gape di bolaile dimilionemilione, lefa go ntse jalo, go bonala fa di sa tshwenyege le eseng gore dipalopalo tseno tse di tshosang ke tsa matshelo a batho.
[Mafoko a a mo go tsebe 24]
Go bonala di tletse fela ka moya o o mogote
[Mafoko a a mo go tsebe 25]
Patlisiso nngwe ya puso e supa gore mosi wa motsoko o motho a o hemang o baka kankere
[Mafoko a a mo go tsebe 26]
Nikotine ke sengwe sa dirè tse di tshwakgolang go gaisa tsotlhe tse di itsegeng
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Di itiretse dimilionemilione tsa madi; di bolaile dimilionemilione
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Go Lemogilwe Eng mo Dipatlisisong Tse 50 000?
Dikai dingwe tsa dilo tse di amanang le boitekanelo tse badiradipatlisiso ba neng ba di tlhagisa malebana le go goga motsoko ke tse:
KANKERE YA MAKGWAFO: Diperesente di le 87 tsa batho ba ba bolawang ke kankere ya makgwafo ke ba ba gogang.
BOLWETSE JWA PELO: Batho ba ba gogang ba mo diphatseng tsa go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo ka diperesente di le 70.
KANKERE YA MABELE: Go ka direga ka diperesente di le 74 gore basadi ba ba gogang disekerete tse 40 kana go feta ka letsatsi ba tshwarwe ke kankere ya mabele.
GO SA UTLWENG SENTLE: Masea a bommè ba ba gogang a nna le mathata a go farologanya medumo.
MATHATA A TAEBETESE: Batho ba ba gogang motsoko kana ba o tshotlha ba tshwerwe ke taebetese ba mo diphatseng tsa go gobala diphilo e bile retinopathy (go koafala lethapono) ya bone e kekela ka bonako.
KANKERE YA LELA LE LEGOLO: Dipatlisiso tse pedi tse di neng tsa dirwa mo bathong ba ba fetang 150 000 di bontsha sentle gore motsoko o amana le kankere ya lela le legolo.
ASEMA: Mosi wa motsoko o ka gakatsa asema mo baneng.
GO TSHWAEDIWA KE MOTSOKO: Go ka direga ka makgetlho a le manè go gaisa gore basetsana ba bommè ba bone ba neng ba goga fa ba ba imile le bone ba goge.
LUKEMIA: Go bonala fa motsoko o baka lukemia ya moko wa marapo.
GO GOBALA FA O IKATISA: Go ya ka patlisiso nngwe ya Sesole sa United States, go ka direga thata gore batho ba ba gogang ba gobale ka tsela nngwe fa ba ntse ba ikatisa.
KGOPOLO: Nikotine e ntsi e ka dira gore tlhaloganyo ya motho e palelwe ke go dira sentle fa a dira ditiro tse di raraaneng thata.
GO TSHWENYEGA THATA MO MAIKUTLONG: Dingaka tsa tlhaloganyo di santse di tlhotlhomisa bosupi jwa gore motsoko o amana le go tshwenyega thata mo maikutlong le go fapoga tlhaloganyo.
GO IPOLAYA: Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo baoking bangwe e ne ya supa fa go ipolaya ga baoki ba ba gogang go menagane gabedi go gaisa ba bangwe.
Dikotsi tse dingwe: Kankere ya molomo, ya kodu, ya mometso, ya kgokgotso, ya ntshotwane, ya mogodu, ya mala a masesane, ya setlha, ya diphilo le ya molomo wa popelo; seterouku, go tshwarwa ke pelo, malwetsi a a sa foleng a makgwafo, malwetsi a tsamao ya madi, tlhagala ya mala, taebetese, go tlhoka thari, go tshola ngwana yo o nang le mmele o monnye, go koafala marapo le go tshwarwa ke ditsebe. Gape re ka oketsa ka dikotsi tsa melelo ka jaana motsoko e le one o bakang thata melelo mo matlong, mo dihoteleng le kwa dikokelong.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Motsoko o o Senang Mosi-O Kotsi Fela Jalo
Bodirelo bongwe jwa seneife jo bo atlegileng thata jo bo dirang didolara di le dimilione tse di dikete tse 1,1 (diranta di le dimilione di le dikete tse nnè) bo nnela go ngokela batho ba bangwe ka go dira seneife se se natefisitsweng. Bo natefesitse diseneife tse di ratiwang thata. “Mmitsanyana wa motsoko” o ba o tshelang mo go tsone o a kgotsofatsa, mme legale e seng ka lobaka lo loleele. Motho mongwe yo e kileng ya bo e le modulasetulo wa khampani eno ya motsoko o ne a re: “Batho ba le bantsi ba ka simolola ka se se natefisitsweng thata, le fa go ntse jalo, kgabagare ba dirisa [tse di bogalenyana].” Di bapadiwa ka go re, “Tšhotlho e e Bogale ya Banna ba ba Nonofileng” le “Se a Kgotsofatsa.”
The Wall Street Journal, e e neng ya bega ka leano leno le khampani eno e le dirisang, e ne ya e nopola fa e ne e ganana le gore e tle “e fetofetole selekanyo sa nikotine” ya tsone. Gape Journal e ne ya bolela gore e ne ya re fa batho bangwe ba babedi ba e kileng ya bo e le boradikhemikale tsa motsoko ba khampani eno ba bua la ntlha ka kgang eno, ba ne ba re “lefa khampani eno e se ke e fetofetola selekanyo sa nikotine, gone e tle e fetole selekanyo sa nikotine e batho ba e monyang.” Gape ba re khampani e oketsa dikhemikale gore e tle e oketse kalaka ya seneife. Fa seneife se na le kalaka e ntsi, “se tla ntsha nikotine e ntsi.” Journal e oketsa jaana fa e tlhalosa dilo sentle malebana le seneife le motsoko o o tšhotlhiwang: “Seneife se gantsi batho ba nang le go sa se farologanye le motsoko o o tšhotlhiwang, ke motsoko o o sidilweng o batho ba o momonang mme ba sa o tšhotlhe. Ba o tlopora kana go o ‘panya’ ba bo ba o baya fa gare ga lerama le marinini, ba o latswalatswa ka leleme le go kgwa mathe gangwe le gape.”
Diseneife tse di natefisitsweng tse di diretsweng bomaithutwane di na le diperesente di le 7 go ya go tse 22 fela tsa nikotine e madi a bone a tla e monyang. Tse di bogale thata di ka dira gore bomaithutwane ba balelwe. Ke mofuta o o sidilweng sentle go itumedisa banna ba “mmatota.” Diperesente di le 79 tsa nikotine ya teng di “itswela fela,” mo go dirang gore madi a e monye ka bonako. Kwa United States, ka kakaretso batho ba simolola go goga seneife ba le dingwaga tse robonngwe. Mme ke ngwana ofe wa dingwaga tse robonngwe yo o se kitlang a itlhaganelela go simolola go goga tse di bogalenyana gore le ene e nne monna wa “mmatota”?
Totatota nikotine ya teng e bogale go gaisa ya sekerete. Go begwa gore go ka direga gore batho ba ba o tšhotlhang ba tshwarwe ke kankere ya molomo ka makgetlho a le 4 go gaisa ba bangwe e bile go na le bodiphatsa jwa gore ba tshwarwe ke kankere ya mometso ka makgetlho a le 50 go gaisa ba ba sa o diriseng.
Batho ba le bantsi ba ne ba simolola go kua mokgosi wa go nna kgatlhanong le one ka nakwana kwa United States fa khampani nngwe ya motsoko e ne e batlwa madi ka molao ke mmè wa mogaka mongwe wa mabelo wa sekolo se segolo yo o neng a bolawa ke kankere ya molomo. O ne a newa toitshi ya mahala ya seneife kwa kgaisanong nngwe a santse a le dingwaga tse 12 mme a bo a simolola go dirisa ditoitshi tse nnè ka beke. Morago ga go dirwa dikaro tse dintsinyana tse di botlhoko tse di neng tsa dira gore a segololwe leleme, ditlhaa le thamo, dingaka tsa gagwe di ne tsa itlhoboga. Lekawana leno le ne la swa le na le dingwaga tse 19.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
Ditsela Tsa go o Tlogela
Dimilione tsa batho di ile tsa kgona go ikgolola mo go tshwakgolweng ke nikotine. Fa e le gore o a goga, le wena o ka kgona go ikgaoganya le tlwaelo eno e e kotsi le mororo o sa bolo go nna o goga. Dikakantsho dingwe tse di thusang ke tse:
• Itse dilo tse o ka di solofelang go sa le gale. Fa o o tlogela o ka nna wa nna le ditshupo tse di jaaka go tlhobaela, go serega, go tsewa ke sedidi, go opiwa ke tlhogo, go tlhorega boroko, go gadikega, tlala, go tshwarwa ke pelo ya one, go sa kgone go toma mogopolo mo dilong le go roroma. Ke boammaaruri gore, dilo tseno ga di itumedise, lefa go ntse jalo, se se maswe go di gaisa tsotlhe mo go tsone se tsaya malatsi a sekae fela, se tlaa nyelela ka iketlo fa nikotine e ntse e fokotsega mo mmeleng.
• Morago ga moo go tlaa bo go simologa ntwa e e masisi ya mogopolo. Ga se mmele wa gago fela o o neng o tlhola o eletsa nikotini mme mogopolo wa gago le one o ne o setse o tlwaetse dilo dingwe tse di amanang le go goga. Leka go tlhotlhomisa gore ke dilo dife tse di neng di dira gore o tseye sekerete mme o bo o di fetola. Ka sekai, fa e le gore ka metlha o ne o tlhola o goga morago ga go ja, ema ka dinao gone fela foo o bo o tsamayatsamaya kana o tlhatswe dijana.
• Fa pelo ya motsoko e go tshwara ka tshoganetso, gongwe e le ka gonne o ngomotswe pelo ke sengwe, gakologelwa gore keletso eo e tla bo e fetile pele metsotso e metlhano e fela. Dira gore mogopolo wa gago o tshwarege ka sengwe se se jaaka go kwala lekwalo, go ikatisa kana go ja dijo dingwe tse di motlhofonyana. Thapelo ke sengwe se se maatla se se ka go thusang gore o kgone go ikgapa.
• O se ka wa kgobega marapo fa o palelwa mo maitekong ao a go o tlogela. Selo sa botlhokwa ke gore, o nne o leke.
• Fa o tshwenngwa ke gore o tlile go nona, gakologelwa gore go botoka thata go oketsega ka dikilogerama di sekae go na le go lebana le diphatsa tsa sekerete. Go ka go thusa thata fa o ka boloka maungo le merogo e le gaufi le wena. Gape o nwe metsi a mantsi.
• Go tlogela go goga ke kgang e nngwe. Go nna o ntse o gana motsoko ke kgang e sele gotlhelele. Ipeele mekgele ya gore o batla go fetsa nako e kae o sa goge motsoko—letsatsi le le lengwe, beke e le nngwe, dikgwedi tse tharo, goyagoile.
Jesu o ne a re: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.” (Mareko 12:31) Fa o batla go rata mongwe ka wena, tlogela go goga. Fa o batla go ithata, tlogela go goga.—Bona gape le “Motsoko—Pono ya Mokeresete ka One,” go Tsogang! July 8, 1989, ditsebe 13-15 (ya Seesemane).