LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 6/8 ts. 19-23
  • Matshelo a Dimilione a Kuelela Mosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matshelo a Dimilione a Kuelela Mosi
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Disekerete—A o A di Gana?
    Tsogang!—1996
  • Babueledi ba Motsoko ba Ntsha Dibaluni Tsa Bone Tsa Moya o o Mogote
    Tsogang!—1995
  • A Ke Boitsholo jwa Go Goga?
    Tsogang!—1991
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlogela go Goga?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 6/8 ts. 19-23

Matshelo a Dimilione a Kuelela Mosi

O REKWA go gaisa dilo tsotlhe mo lefatsheng. O na le matshwititshwiti a bareki ba ba ikanyegang mme bareki ba one ba oketsega ka metlha. Dikhampani tsa one di ipelafatsa ka gore di dira madi a mantsi thata, di na le tlhotlheletso e kgolo mo dipolotiking e bile di a tlotlega. Sebe sa phiri ke gore, bareki ba one ba bagolo ba nnela go swa!

The Economist e akgela jaana: “Disekerete ke dingwe tsa dilo tse di dirang madi a mantsi thata mo kgwebong. Ke tsone fela dilo (tse di letlelelwang ke molao) tse di dirang jaaka badiri ba tsone ba batla, e leng gore di tshwakgole bontsi jwa bagogi ba tsone mme gantsi di a ba bolaya.” Seno se dira gore dikhampani tsa motsoko di boelwe ke madi a mantsi thata, lefa go ntse jalo, bareki ba one ba latlhegelwa tota. Go ya ka Centers for Disease Control and Prevention tsa United States, boleele jwa dingwaga tsa botshelo jwa Baamerika botlhe ba ba gogang bo fokotsega ka dingwaga di le dimilione di ka nna tlhano ngwaga le ngwaga, mo e batlang e le gore motsotso mongwe le mongwe o ba gogang ka one o fokotsa motsotso o le mongwe wa botshelo jwa bone. “Ngwaga le ngwaga go swa Baamerika ba le 420 000 ka ntlha ya go goga,” makasine wa Newsweek o bega jalo. “E feta ya ba diokobatsi tse di sa dumelelwang ke molao go imenne ga 50.”

Go ya ka buka ya Mortality From Smoking in Developed Countries 1950-2000, e e gatisitsweng ke Imperial Cancer Research Fund ya Boritane, WHO (World Health Organization) le Cancer Society ya Amerika, mo lefatsheng lotlhe, go swa batho ba le dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga—ba le barataro motsotso le motsotso—ka ntlha ya go goga. Patlisiso eno e e tseneletseng go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa ka mekgwa ya go goga mo lefatsheng, e ne ya dirwa mo dinageng tse 45. Richard Peto wa Imperial Cancer Research Fund o tlhagisa jaana: “Mo dinageng di le dintsi, maemo a tlile go nna maswe thata. Fa batho ba ka tswelela ba goga ka tsela e ba gogang ka yone jaanong, e tla re fa basha bao gompieno ba gogang ba tshwara dingwaga tsa magareng kana tsa botsofe, go tla bo go swa batho ba le dimilione tse 10—motho a le mongwe mo metsotsong mengwe le mengwe e meraro ka ntlha ya motsoko.”

“Ga go na selo se se diphatsa jaaka motsoko,” go rialo Dr. Alan Lopez wa WHO. “Kgabagare o tla bolaya motho a le mongwe mo go ba babedi ba ba gogang.” Martin Vessey wa Lefapha la Boitekanelo Jwa Setšhaba kwa Yunibesithing ya Oxford o bua se se tshwanang: “Dipatlisiso tseno tse di tsereng dingwaga tse di fetang 40 di dira gore re dire tshwetso e e sa itumediseng ya gore kgabagare halofo ya batho botlhe ba ba gogang e tla swa ka ntlha ya tlwaelo eno ya bone—ruri ke selo se se sa itumediseng.” Fa e sale ka bo1950, batho ba le dimilione tse 60 ba bolailwe ke motsoko.

Gape selo seno tota ga se itumedise le tsone dikhampani tsa motsoko. Fa e le gore gone jaanong go swa batho ba le dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga ka ntlha ya dilo tse di bakiwang ke motsoko, e bile ba le bantsi ba tlogela go goga, jalo he, di tshwanetse go senka bagogi ba bangwe ba basha ba ba fetang dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga.

Selo se sengwe se se thusang dikhampani tsa motsoko ke se di se bitsang gore ke kgololesego ya basadi. Go setse go fetile dingwaga di sekae batho ba dinaga tsa Bophirima ba sa tlhole ba ila gore mosadi a goge mme jaanong go anamela le kwa dinageng tse kwa go tsone e neng e le moila. Dikhampani tsa motsoko di batla go fetola seno gotlhelele. Di batla go thusa basadi go itumelela kgatelopele le kgololesego tseno tse ba sa tswang go di bona. Maina a disekerete dingwe tse di kgethegileng tse go tweng di na le bokgakga le nikotine e nnye, a ngoka basadi ba ba gogang le ba ba akanyang gore ga o diphatsa thata. Disekerete tse dingwe di tshelwa dinkgisamonate kana di dirwa ditshesane—popego e basadi ba ka solofelang gore motsoko oo o tla ba thusa go nna le yone. Dipapatso tsa motsoko kwa Asia di tlhagisa thata basha ba bommabontle ba kwa Asia ba apere diaparo tse di hepisang tse dintlentle tsa dinaga tsa Bophirima.

Lefa go ntse jalo, dintsho tse di bakwang ke go goga motsoko di anama thata fela jaaka “kgololesego” ya basadi e anama. Dipalo tsa basadi ba ba tshwarwang ke kankere ya makgwafo di oketsegile ka tsela e e imenneng sebedi mo dingwageng tse 20 tse di fetileng kwa Boritane, Japane, Norway, Poland, le Sweden. Kwa United States le Canada, dipalo tseno di oketsegile ka diperesente di le 300. “O gatetse pele, ngwana!” go rialo papatso ya sekerete sengwe.

Bagwebi bangwe ba motsoko ba na le maano a mangwe. Khampani nngwe ya kwa Philippines e na le go abela batho ba naga eo e bontsi jwa batho ba yone e leng Bakatoliki dikhalentara tsa mahala tse di nang le setshwantsho sa Kgarebana Maria go kwadilwe meano ya disekerete tsa yone kwa tlase ga setshwantsho seo. “Ga ke ise ke ko ke bone selo se se ntseng jaana,” go ne ga rialo Dr. Rosmarie Erben, yo e leng mogakolodi wa tsa boitekanelo wa kwa Asia wa WHO. “Ba ne ba leka go amanya mokgabisa wa setshwantsho le motsoko gore basadi ba Philippines ba goge ka kgololesego.”

Kwa China, go fopholediwa gore go goga diperesente di le 61 tsa banna ba ba godileng fa basadi bone go goga diperesente di le 7 fela tsa bone. Dikhampani tsa motsoko tsa Bophirima di tomile matlho a tsone mo “kgololesegong” ya basadi bano ba bantle ba kwa Botlhaba bao dimilione tsa bone di feditseng nako e telele di timilwe “menate” e e tshwanang le ya basadikabone ba dinaga tsa Bophirima. Selo se le nosi se se di kgoreletsang ke gore: Bontsi jwa motsoko bo tlhagisiwa ke khampani ya motsoko ya puso ya koo.

Lefa go ntse jalo, dikhampani tsa Bophirima di ntse di dira maiteko ka iketlo a gore di bulegelwe ke tshono. E re ka dikhampani dingwe tsa sekerete di sena ditshono tse di kalo tsa go bapatsa, di leka go gapa batho ba ba tla simololang go goga mo isagweng ka tsela e e bofitlha. China e reka difilimi tsa dibaesekopo go tswa kwa Hong Kong, mme di le dintsi di duela batshameki ba tsone gore ba goge motsoko—go bapatsa ka tsela e e bofitlha!

Dikhampani tsa motsoko tsa Amerika di leka go ngoka bagogi ba basha ka jaana batho ba bantsi ba nna kgatlhanong le go goga motsoko kwa nageng ya tsone. Dintlha di supa gore di tomile matlho thatathata kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa e le fela go di gobatsa.

Badiri ba bagolo ba tsa boitekanelo mo lefatsheng lotlhe ba tlhagisa batho. Ditlhogo tse dikgolo tsa dikgang di bolela jaana: “Afrika e Lwantsha Leroborobo le Lesha—Go Goga Sekerete.” “Mosi o Fetoga Molelo Kwa Asia Jaaka fa Kgwebo ya Sekerete e Ntse e Gola.” “Selekanyo sa go Goga mo Asia se Tla Baka Kgogodi ya Kankere.” “Dinaga Tse di Humanegileng di Lwa Ntwa e Ntšha e e Malebana le Motsoko.”

Kontinente ya Afrika e setlilwe ke leuba, ntwa ya selegae, le kgogodi ya AIDS. Lefa go ntse jalo, Dr. Keith Ball, ngaka ya malwetsi a pelo ya kwa Boritane o bolela gore, “Go goga sekerete ke selo se le nosi se se tlileng go nna diphatsa mo matshelong a batho ba Afrika go gaisa tsotlhe kwantle fela ga ntwa ya nuklea kana leuba.”

Dikgwebo tse dikgolo tsa dinaga tse dintsi di hira balemi ba dinaga tsa tsone gore ba leme motsoko. Balemi ba kgaola ditlhare tse di dirisediwang thata go apaya, go thutafatsa le go aga matlo mme ba a di dirisa fa ba ntse ba dira motsoko. Ba jala dijalo tsa motsoko o o dirang madi a mantsi go na le gore ba jale dijalo tse di jewang tse di sa direng madi a mantsi. Baafrika ba ba humanegileng thata ba senya bontsi jwa madi a mannye a ba a amogelang ka go reka disekerete. Ka jalo, malapa a batho ba Afrika a swa thata ka ntlha ya phepelotlase fa dikhampani tsa motsoko tsa dinaga tsa Bophirima di nnela go humela pele ka ntlha ya madi a mantsi a di a dirang.

Dikhampani tsa motsoko tsa dinaga tsa Bophirima di sekametse thata mo Afrika, Yuropa Botlhaba le Latin America ka gonne di bona fa kgwebo ya tsone e tla gola thata kwa dinageng tseno tse di santseng di tlhabologa. Lefa go ntse jalo, Asia ke yone e tsotlhe di tabogelang thata kwa go yone ka go bo e na le baagi ba bantsi. Gone jaanong China e le nosi fela e na le batho ba ba gogang ba ba fetang palo ya baagi botlhe ba United States—dimilione tse 300. Ba goga palo e e boitshegang ya disekerete di le dibilione di le 1,6 ka ngwaga, e leng nngwetharong ya palogotlhe ya tse di gogiwang mo lefatsheng lotlhe!

“Dingaka di bolela gore tsela e go ata ga motsoko mo Asia go tlileng go ama boitekanelo ka yone e tshosa tota,” go rialo The New York Times. Richard Peto o fopholetsa gore mo bathong ba le dimilione di le lesome ba go solofetsweng gore ba tlile go swa ngwaga le ngwaga mo masomeng a mabedi kana a mararo a a tlang ka ntlha ya motsoko, dimilione tse pedi tsa bone e tla bo e le ba kwa China fela. Peto a re, bana ba le dimilione tse 50 ba ba tshelang gone jaanong kwa China ba ka nna ba swa ka ntlha ya malwetsi a a bakiwang ke go goga motsoko.

Dr. Nigel Gray o ne a sobokanya seno ka go re: “Tsela e batho ba neng ba goga ka yone mo masomeng a dingwaga a matlhano a a fetileng kwa China le kwa Yuropa Botlhaba e tlile go leretse dinaga tseno leroborobo le legolo la malwetsi a a bakwang ke motsoko.”

“A go ka direga gore selo se se bakang gore batho ba le 400 000 ba swe pele ga nako ngwaga le ngwaga kwa United States se Puso ya United States e lekang ka natla go se tlogedisa baagi ba yone, se se ka sa nna diphatsa ka kwa ga melelwane ya Amerika?” go ne ga botsa jalo Dr. Prakit Vateesatokit wa Letsholo le le Kgatlhanong le Motsoko la Thailand. “A boitekanelo jwa batho ga bo amege fa sone selo seno se romelwa kwa dinageng tse dingwe?”

Dikgwebo tsa motsoko tse di ntseng di gola di na le botsala jo bogolo le puso ya United States. Di ile tsa kgaratlha mmogo le yone go gapa bareki ba basha kwa dinageng di sele segolobogolo kwa Asia. Go fetile dingwaga tse dintsi disekerete tsa Amerika di sa letlelelwa kwa Japane, Taiwan, Thailand le kwa dinageng tse dingwe, tseo dingwe tsa dipuso tsa tsone di neng di na le dikgwebo tsa tsone tsa motsoko. Ditlhopha tse di leng kgatlhanong le motsoko di ile tsa nna kgatlhanong le gore o romelwe kwa dinageng tsa tsone, mme baokamedi ba United States ba ne ba di tshosa ka thupa e e botlhoko—go kgaola kgwebisano le tsone.

Ka ntlha ya go gatelelwa ke puso ya United States, go tloga ka 1985 go ya pele, dinaga di le dintsi tsa Asia di ne tsa simolola go bula dikgoro tsa tsone mme disekerete tsa Amerika di ne tsa simolola go ologela teng. Disekerete tsa United States tse di romelwang kwa Asia di ne tsa oketsega ka diperesente di le 75 ka 1988.

Gongwe bana ke bone ba leng mo kotsing go gaisa mo ntweng eno ya motsoko. Patlisiso nngwe e go neng ga begwa ka yone go The Journal of the American Medical Association e bolela gore “bana le basha ba dira 90% ya palo yotlhe ya batho ba ba simololang go goga.”

Setlhogo sengwe sa U.S.News & World Report se fopholetsa gore palo ya bana ba ba gogang kwa United States ke dimilione tse 3,1. Letsatsi le letsatsi ba le 3 000 ba simolola go goga—e leng 1 000 000 ka ngwaga.

Papatso nngwe ya sekerete e tlhagisa setshwantsho se se kgatlhang sa kamele e lepeleditse sekerete mo molomong wa yone. Go bolelwa gore papatso eno ya sekerete ke yone e e gogelang bana gore e nne makgoba a nikotini pele ba itse gore e kotsi mo boitekanelong. Mo dingwageng tse tharo fela tse papatso eno e ntseng e tlhagisiwa ka tsone, dithekiso tsa dikhampani tsa disekerete di ne tsa oketsega ka diperesente di le 64 mo basheng. Patlisiso nngwe ya Medical College ya Georgia (U.S.A.) e ne ya fitlhela gore diperesente di le 91 tsa bana ba dingwaga tse thataro ba ba neng ba botsolodiwa, ba itse setshwantsho seno sa motsoko.

Setshwantsho se sengwe se se itsegeng thata sa sekerete ke sa seganka sengwe sa le-cowboy se se dirang sengwe le sengwe se se se batlang, se go ya ka mosha mongwe se kayang gore, “Fa o goga ga o ka ke wa kganelwa ke sepe.” Go bolelwa gore selo se se rekwang go gaisa tsotlhe mo lefatsheng ke sekerete se se ratiwang ke diperesente di le 69 tsa basha ba ba gogang e bile ke se se bapadiwang thata. Selo se sengwe gape se se dirwang ke gore, paki nngwe le nngwe e tswa e na le teketenyana e ka yone o abelwang bokate, hutshe kana diaparo tsa metshameko tse basha ba di ratang thata.

Ka ntlha ya go lemoga kafa papatso e nang le maatla a magolo ka teng, ditlhopha tse di leng kgatlhanong le motsoko di ile tsa atlega mo go bueleleng gore motsoko o se ka wa bapadiwa mo thelebisheneng le mo radiong mo dinageng di le dintsi. Lefa go ntse jalo, maretshwa a mangwe a babapatsi ba motsoko ba tilang thulaganyo eno ka one ke ka go baya diboto tsa one tsa papatso ka nako ya metshameko. Ka gone, motshameko o o tlhagisiwang mo thelebisheneng o o lebelelwang ke basha ba le bantsi o ka tlhagisa batshameki ba ba ba ratang ba tshameka mo lebaleng le kwa morago ga lone go tlhagang diboto tsa papatso tsa sekerete sengwe.

O ka fitlhela mo mafelong a dikgwebo kana fa pele ga dikolo, basadi ba ba apereng ka tsela e e kgatlhang ba apere mesese e mekhutshwane kana se-cowboy kana disutu tsa safari ba naya basha ba ba kgatlhegelang sengwe le sengwe disekerete tsa mahala. Kwa mafelong a dibidio, kwa didisikhong le kwa dikonsarateng tsa mmino wa roko o tla fitlhela go abiwa disampole tsa one tsa mahala. Babegadikgang ba ne ba longwa tsebe gore leano la kgwebo nngwe ya motsoko kwa Canada e ne e le go o rekisetsa thata basimane ba ba buang Sefora ba dingwaga tse di tlogang ka tse 12 go ya go tse 17.

Molaetsa o motsoko o galalediwang ka one ke wa gore o leretse motho boitumelo, go itekanela, matlhagatlhaga a senna le gore a itsege. Mmapatsi mongwe wa kgwebo o bolela jaana: “Kwa ke neng ke bereka teng, re ne re leka ka natla gore re tlhotlheletse basha ba dingwaga tse 14 gore ba simolole go goga.” Dipapatso tsa kwa Asia di tlhagisa boradiatleletiki ba ba itekanetseng ba dinaga tsa Bophirima ba tsamayatsamaya mo lobopong lwa lewatle le mo mabaleng a metshameko—ba goga. Lekwalopaka lengwe la kgwebo le ne la bolela jaana: “Tsela ya botshelo ya dinaga tsa Bophirima le bommabontle ba teng ba kgatlha thata, mme batho ba ba gogang ba kwa Asia ba rata go ba etsa.”

Fa bagwebi ba motsoko ba sena go dirisa dimilione di le diketekete tsa diranta ba o bapatsa jalo, ba boelwa tota. Pego nngwe e e kgethegileng ya Reader’s Digest e bontsha gore palo e basha ba ba gogang ba oketsegang ka yone e tshosa tota. Pego eno e bolela gore, “kwa Philippines, diperesente di le 22,7 tsa batho ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse 18 di a goga. Kwa ditoropong dingwe tse dikgolo tsa Latin America palo ya basha bano e gakgamatsa tota, ke diperesente di le 50. Kwa Hong Kong go goga le bana ba bannye tota ba ba nang le dingwaga tse supa fela.”

Lefa go ntse jalo, lefa motsoko o atlega go le kalo kwa dinageng di sele, dikhampani tsa sekerete di tshwenyegile thata ka mathata a o a bakang mo dinageng tsa tsone. A go na le tsholofelo ya gore motsoko o tla tswelela o le teng?

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Bareki ba one ba bagolo ba nnela go swa

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Asia, tshimo e ntšha e motsoko o bolayang kwa go yone

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Diperesente tse 90 tsa batho botlhe ba ba simololang go goga ke bana le basha!

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Motswako o o Bolayang—Go na le Eng mo Motsokong?

Go na le dikhemikale di ka nna 700 tse badiri ba sekerete ba ka di tswakanyang, lefa go ntse jalo, molao o letla dikhampani gore di boloke lenaane la tsone e le sephiri. Mme lenaane leo le akaretsa le tshipi e e thata, dibolayadigagabi le dibolayaditshenekegi. Metswako e mengwe e botlhole thata mo e bileng go sa letlelelwang gore e ka latlhelwa mo dithothobolong. Mo mosing oo wa sekerete o o kuelelang ka tsela e e kgatlhang, go na le dirè di ka nna 4 000, tse di akaretsang acetone, arsenic, butane, khabonomonokosaete le cyanide. Batho ba ba gogang le ba ba gaufi le bone ba ka hema bobotlana dilo tse 43 tse go itsegeng gore di baka kankere.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Batho Ba ba Sa Gogeng ba mo Kotsing

A o nna le batho ba ba gogang thata, a o dira le bone kana o tsamaya le bone? Fa go ntse jalo, o ka nna wa bo o le mo diphatseng tsa go tshwarwa ke kankere ya makgwafo le bolwetse jwa pelo. Patlisiso nngwe e e dirilweng ka 1993 ke Environmental Protection Agency (EPA) ya kwa United States e ne ya swetsa ka gore environmental tobacco smoke (ETS [mosi wa motsoko o motho a o hemang]) o wela mo Setlhopheng sa A sa carcinogen (sere se se bakang kankere), se se kotsi go gaisa tsotlhe. Pego eno e kgolo e ne ya tlhalosa dipholo tsa dipatlisiso tse 30 tse di supang mosi o o fokang o tswa mo sekereteng le mosi o o neng o hemiwa.

EPA e bolela gore mosi o batho ba o hemang ke one o bakang gore go swe batho ba le 3 000 ka ntlha ya kankere ya makgwafo ngwaga le ngwaga kwa United States. Ka June 1994, Medical Association ya Amerika e ne ya tlhomamisa tshwetso eno ka patlisiso e e neng ya e gatisa e e bontshang gore basadi ba ba iseng ba ko ba goge mme ba ne ba tlhola ba hema ETS, ba ne ba le mo diphatseng tsa go tshwarwa ke kankere ya makgwafo ka diperesete di le 30 go gaisa batho ba bangwe ba ba iseng ba ko ba goge.

Mosi ono o baka gore bana ba bannye ba ba ka nnang 150 000 go ya go 300 000 ba ba o hemang ba tshwarwe ke sehuba sa boronkaetise le nyumonia ngwaga le ngwaga. Mosi ono o gakatsa matshwao a asema mo baneng ba le 200 000 go ya go 1 000 000 ngwaga le ngwaga kwa United States.

Heart Association ya Amerika e fopholetsa gore go swa batho ba ka nna 40 000 ngwaga mongwe le mongwe ka ntlha ya malwetsi a pelo le a methapo ya madi a a bakwang ke ETS.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Mmabontle wa maratagolejwa wa Asia le ba a batlang go ba gapa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela