Basha ba Botsa Jaana . . .
Re Nyalane Re sa Le Bannye—A re Tla Atlega?
“Re sa le re ratana ke santse ke na le dingwaga tse 16. Fa ke le 18, re ne ra nyalana. Go ne go tlile go nna monate—goyagoile! Lefa go ntse jalo, e ne ya re morago ga dikgwedi tse nnè fela ka bo ke sa tlhole ke kgona go itshokela mathata a gone.”—Tonya.a
LENYALO le ka nna bokete mo bathong ba dingwaga tsotlhe. Baebele ya re: “Ba ba nyalang ba tlelwa ke botlhoko le khutsafalo.” (1 Bakorinthe 7:28, The New English Bible) Lefa go ntse jalo, bao ba nyalanang ba santse ba le mo “dingwageng tsa bosha,” ba ka fekeediwa ke botlhoko le khutsafalo eo.—1 Bakorinthe 7:36, NW.
Seno ke ka gonne basha ba santse ba gola; gantsi ba a bo ba ise ba gole sentle go rwala maikarabelo a go nna monna kana mosadi yo o nyetsweng. Dr. Jane K. Burgess o akgela jaana: “Basha ba solofela gore dilo di tla nna monate fela mo lenyalong. Ga ba akanye le e seng gore go tla ba tlhoka gore letsatsi le letsatsi ba dire ka natla gore lenyalo le atlege.” Ka gone, fa banyalani ba basha ba sena go tsena mo lenyalong ga ba fitlhele monate o ba neng ba o solofetse.
“Motho o ijesa dijo tsa ditoro tsa gore sengwe le sengwe se tla nna monate,” go rialo Kim yo mmotlana. “Lefa go ntse jalo, monate wa gore lo banyalani ba ba sa leng basha o a fela, jaanong go simolola tiro ya go apaya, go tlhatswa dijana, go reka korosari, go tlhatswa diaparo—fa ka nako eo monna ene a ituletse fela mo sofeng. O ne a se ke a dira ditiro tseno ka gonne mmaagwe o ne a di mo direla. Ka nako ya fa lo ratana, ga o akanye le e seng gore lo tla lapa le gore lo tla kgopisana. Mme fa o ka ima gone, dilo di nna maswe go gaisa!”
Mme gape, basha bangwe ba itlhaganelela go nyalana ka lepotlapotla. “Ke ne ka nyalana le monna yo ke neng ke akanya gore ke Mokeresete wa boammaaruri,” Helen o gakologelwa jalo. “Ka ntlha ya go tlhoka maitemogelo ga me, ke ne ka se ka ka mo ithuta sentle. Morago ga dikgwedi di le lesome re sena go nyalana, ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshokela maitsholo a gagwe a e seng a Bokeresete.” Ga se Helen fela yo lenyalo la gagwe le padileng. Kwa United States, manyalo a le mantsi a basha a palelwa mo dingwageng tsa one tse tlhano fela.
Le mororo a le mantsi a sa atlege, dimilionemilione tsa basha di itlhaganelela go nyalana ka lepotlapotla. Gongwe o mongwe wa bone. Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa bo o setse o ikutlwa o fekeediwa ke mathata a lenyalo.
A Ga go Na Tharabololo?
Le mororo go se botlhale gore motho a nyale a sa le mmotlana, ga se gore go dira jalo ke boleo. Lenyalo ke selo se se tlotlegang mo matlhong a Modimo. (Bahebere 13:4) Ke boammaaruri gore, maemo mangwe a a masisi thata a ka dira gore motho a nne le lebaka le le utlwalang la go kgaogana kana go tlhala. (Mathaio 19:9; 1 Bakorinthe 7:12-15) Lefa go ntse jalo, totatota Modimo o batla gore banyalani ba kgomarelane. (Mathaio 19:6) Le mororo seno se ka lebega e le molao o o gagametseng thata, gape se supa gore Modimo o batla gore lo atlege.
Mosha mongwe yo o nyetseng a re: “Ga e tlhole e le nako ya gore o nnele go re ‘A ke ne ke le monnye thata? A tota re a tshwanelana?’ le dipelaelonyana tse dingwe. Lo setse lo nyalane!” Ka jalo, go na le go nnela go hutsafalela seemo se o leng mo go sone, ke eng fa o sa leke go senka ditsela tse o ka dirang gore lenyalo la gago le atlege ka tsone?
Tlhogo ke Mang Fa?
Baebele e laela banyalani jaana: “Basadi ba lo nyetsweng lo ineeleng mo banneng ba e leng ba lona, jaaka e ka bo e le mo go Morena . . . Monna ke tlhogo ya mosadi.” (Baefeso 5:22, 23) Lefa go ntse jalo, fa monna yo mmotlana a feditse botshelo jwa gagwe jotlhe a sireleditswe ke mama le papa go nna tlhogo ya lelapa e ka nna maikarabelo a magolo thata mo go ene.
Mosadi mongwe wa moroba o gakologelwa jaana malebana le monna wa gagwe: “Tom o ne a sa batle ke ya gope ke le nosi. Ke ne ke ikutlwa e kete ke legolegwa. Nako le nako fa ke sa dumalane ka sengwe o ne a tsaya gore ke gwetlha botlhogo jwa gagwe.” Kafa letlhakoreng le lengwe, basadi bangwe ba go fitlhela go le thata go ikobela botlhogo jwa banna ba bone ba babotlana. Bangwe ba ka nna ba kgopisiwa ke tshwetso nngwe le nngwe e monna a e dirang, ba gana go dirisana mmogo le bone fa ba sa ba dumelele go dira sengwe.
Seno se ka go bolaisa pelo thata fa o le monna yo o senang maitemogelo. Lefa go ntse jalo, tota ga go na lebaka la gore o kgopisege ka bonako fela ka gonne mosadi wa gago a sa ikobele taelo nngwe le nngwe ya gago ka bonako. Go tla tsaya nako e telele gore mosadi wa gago a ikutlwe a tshepa botlhogo jwa gago. Fa go santse go le jalo, leka go dira gore a go tlotle ka go mo etelela pele le go dira ditshwetso tse di supang tekatekano, e seng ka go leka go mo laola.—Bapisa 1 Bakorinthe 16:13.
Baebele gape e gakolola jaana: “Mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele.” (Baroma 12:10) Ee, tlotla mosadi wa gago ka go baya dikgatlhego tsa gagwe kwa pele ga tsa gago. (Bafilipi 2:4) Mo letle go itirela dilo dingwe, o mo tlotla go supa gore ke molekane wa gago, e seng lekgoba. (Bona Malaki 2:14.) Leka ka bojotlhe gore o buisane le ene fa lo tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse dikgolo. (Diane 13:10) Seno se tla dira gore go nne motlhofo gore a ikobele botlhogo jwa gago.
Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore o mosadi yo o sa tswang go nyalwa? Go ka nna ga nna thata gore o ikobele monna wa gago yo mmotlana fa e le gore o a tle a dire dilo tse di go swabisang ka ntlha ya go bo a ise a gole sentle kana fa a supa go se akanye dilo sentle. Lefa go ntse jalo, go nnela go mo omanya e bile o sa mo ikobele, ga go ne go thusa sepe. “Fa a nnela go omana ke ne ke nnela go tsupa molomo go feta,” go ipolela jalo lekawana lengwe le le nyetseng. Supa gore o a mo tlotla ka go tla o itlhokomolosa go tlhoka maitemogelo ga gagwe. A ka nna a tsibogela seo ka go tsaya megopolo ya gago tsia. Fa a dira tshwetso nngwe e e go fedisang pelo—mme e se gore o tlola molao ope wa maitsholo—ke eng fa o sa ineele fela? “Botlhale jo bo tswang kwa godimo bo . . . rapeleseg[a] ka bofefo.” (Jakobe 3:17) Fa o ema botlhogo jwa gagwe nokeng, o tla mo thusa gore a gole ka botlalo.
Mathata a Madi
Batho bangwe ba re bothata jo bogolo mo bathong ba ba sa tswang go nyalana ke madi. Gantsi banyalani ba gakgamala tota fa ba tla go lemoga gore go itlamela go tlhoka madi a mantsi thata go le kana kang. Ka sekai, Ray le Lora ba ne ba “sena dijo kana madi” morago ga moletlo wa bone wa lenyalo. “Re ne re ithobalela fa fatshe,” ba ipolela jalo. Brad le Tonya le bone ba ne ba nna le mathata a a ntseng jalo a madi fa Brad a ne a latlhegelwa ke tiro—mme Tonya o ne a tshwanelwa ke gore e nne ene a ba tlamelang.
E re le mororo basha e le bone ba gantsi go seng bonolo gore ba bone ditiro tse di duelang sentle, ka dinako tse dingwe mathata a bone a madi a bakwa ke go se diriseng madi sentle. Akanya ka mosadi mongwe wa moroba yo o neng a re: “Ke dirisa madi otlhe go fitlha a fela gore ke bo ke fetse beke ya bofelo ya kgwedi ke sena lefa e le sepe.” Banyalani ba bangwe ba nna le bothata jono ka ntlha ya go se rerisane. “Ke ne ka ya go reka koloi ke sa mmolelela,” go ipolela jalo monna mongwe yo o bidiwang Jake. “Tota se re neng re se tlhoka thata e ne e le dilo tsa ntlo,” go rialo mosadi wa gagwe ka pelo e e botlhoko.
A ke bothata jo le wena o nang le jone? Go raya gore he ga o ise o latlhe “dilo tsa bonyana” mo tseleng e o dirisang madi ka yone. (1 Bakorinthe 13:11) A o motho yo o phadimogelang dilo fa o reka? He ithute go dira lenaane la dilo tse o yang go di reka mme o le kgomarele. Rerisanang ka dilo tse dikgolo tse lo tla di rekang. (Diane 15:22) Kwalang ditshenyegelo tsotlhe tsa lona mme lo lekanyetseng dilo tse lo tla di rekang sentle.b Go dira jalo go tla lo thusa go tila mathata a mantsi a madi.
A re ka Bua?
Seno se re tlisa mo go se batho bangwe ba reng ke bothata jwa bobedi jo bogolo mo manyalong a batho ba basha: go buisana. Banyalani bangwe ba swetsa ka gore ba nne ba didimetse fela ba sa buisane. Bangwe ba tlhola ba kgakgautlhana ka mafoko. “[Re] ne re tlhola re omanela dilo tse di sa reng sepe,” go gakologelwa jalo Sylvia yo o tlhadilweng. “Dilo tse di jaaka, fa a ne a tlogela ditlhako tsa gagwe di gasame fela mo ntlong, kana fa nka natha dijo tsa gagwe go sekae fela.”
Go tla aga go tlhaga maemo a a lo dirang gore lo se ka lwa tlhaloganyana le go se dumalane. Lefa go ntse jalo, “mangadingadi, kgakalo, bogale, komang, go kgala,” di thuba lenyalo. (Baefeso 4:31) Itlwaetse go buisana le yo mongwe ka dilo tse di go fatlhang go santse go le gosha. Fa o dira jalo, tlhasela bothata—e seng go tlhasela yo mongwe. Fa e kete maemo a senyega, o se ka wa kgotletsa komang. “Molelo o tima ka go tlhoka dikgong,” Diane 26:20 ya rialo. Moragonyana fa lotlhe lo sena go wela makgwafo, lekang go buisana ka gone gape.
Go buisana sentle gape go ka lo thusa go rarabolola bothata jo bongwe gape jo bogolo: go se kgotsofale ka tsa tlhakanelodikobo. Ka dinako tse dingwe basha ba ba sa tswang go nyalana ba lapisiwa thata ke ditiro tse disha tse ba lebaneng le tsone mo ba sa utlweng monate ope fa ba bontshana lorato. Buka ya Building a Successful Marriage ya re: “Monna le mosadi ba tsena mo lenyalong ba na le tshedimosetso e e phoso tota kaga seabe sa tlhakanelodikobo le molemo wa yone.” Ka ntlha ya go tsiediwa ke maaka a lefatshe leno, banyalani ba le bantsi ba tla ba solofetse monate o o feteletseng malebana le seno. Go nna bogagapa le go tlhoka boikgapo le gone go gakatsa bothata. Go buisana ka seno ka tlhamalalo lo naana sebaka le go nna pelotelele go ka thusa. Fa mongwe le mongwe wa lona a ‘batlela [molekane wa gagwe] molemo,’ tlhakanelodikobo ga e kake ya nna bothata jo bo masisi go le kalo.—1 Bakorinthe 10:24.
Jalo he, go phepafetse gore lenyalo ga se selo sa bana. Fa e le gore o setse o tsene mo lenyalong ga se gore ga go na se se ka tlholang se dirwa. “Ngwaga wa me wa ntlha mo lenyalong o ne o na le mathata a mantsi,” go rialo mosadi mongwe yo o nyetsweng. “Lefa go ntse jalo, gone jaanong re kgotsofetse e bile re tshela ka boitumelo mo lenyalong la rona ka ntlha ya go dirisa melaometheo ya Baebele.” Go ka nna jalo le ka wena.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Setlhogo se se reng, “Tsela e e Motlhofo ya go Lekanyetsa Madi a Gago!” se se tlhagang mo tokololong ya rona ya April 22, 1985, (ya Seesemane) se na le dikakantsho tse di molemo.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Go ema monna wa gago yo o santseng a le mmotlana nokeng go ka dira gore e nne monna tota