“Go Ne go Se Motlhofo go Tshela Kwantle ga Gagwe”
“KE KWALA jaana morago ga go bala boroutšhara jwa rona jo bo sa tswang go gololwa kwa kopanong bosheng jaana jwa, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, go lo itsise fela kafa ke itumeletseng ka teng boroutšhara jono jo bo kwadilweng ka kelotlhoko le jo bo nonotshang tumelo.
“Ke na le dingwaga tse 18. Rre o ne a swa mo kotsing ya sejanaga fa ke na le dingwaga tse robedi, mme le mororo seno se diragetse dingwaga tse di lesome tse di fetileng, ke santse ke mo tlhoafalela thata. Go ne go se motlhofo go tshela kwantle ga gagwe. Go na le dilo di le dintsi tseo ke neng ke ratile go di mmolelela, go di dira le ene le go mo ithuta sentle. A bo go gomotsa thata jang ne go gakololwa kaga tsholofelo e e lorato ya gore Jehofa o tla tsosa baswi! Ruri go nkama pelo. Ke boa ke lo leboga gape ka ntlha ya go tsosolosa tsholofelo ya me.”—Mosha mongwe wa Mosupi wa kwa Austria.
Go ilwe ga amogelwa makwalo a le mantsi thata a a jaaka leno kwa diofising tsa Mokgatlho wa Watchtower kwa New York. Boroutšhara jono jwa ditsebe tse 32 jo jaanong bo gatisitsweng ka dipuo di le 18 bo gomotsa dimilionemilione tsa batho. Fa e le gore le wena o hutsafaditswe ke go swelwa ke mongwe yo o mo ratang, se okaoke go kopa tshedimosetso ya kafa o ka romelelwang khopi ya kgatiso eno ka teng ka go kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa atereseng nngwe e e tshwanetseng mo go tse di thathamisitsweng mo tsebeng ya 5.