LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 3/8 ts. 31
  • Lebaka La go Bo Bobishopo ba Italy Ba Tshwenyegile

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo Bobishopo ba Italy Ba Tshwenyegile
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bakeresete Botlhe ba Boammaaruri ke Bareri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A ba Tla Rera Ntlo le Ntlo?
    Tsogang!—1995
  • Ke Eng fa Kereke e Latlhegelwa ke Taolo Jaana?
    Tsogang!—1996
Tsogang!—1995
g95 3/8 ts. 31

Lebaka La go Bo Bobishopo ba Italy Ba Tshwenyegile

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA ITALY

KA November 1993, kokoano ya bobishopo ba Italy e ne ya bua dilo dingwe tse di senyang Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba bolela gore ga se Bakeresete le gore fa ba rera ka ntlo le ntlo “ba sokolola batho ka ditsela tse di sa tlhabologang.”

Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba maemo a a kwa godimo mo bodumeding ga ba dumalane le bone. Ka sekai, Attilio Agnoletto, porofesa ya hisitori ya Bokeresete kwa Yunibesithing ya Milan State, o tlhalosa Basupi ba ga Jehofa jaaka “mokgatlho o o nonofileng, wa batho ba ba tlhoafetseng, wa Baebele oo go senang sepe se e seng sa Bokeresete mo go one.”

Mme go tweng ka go “sokolola batho ka ditsela tse di sa tlhabologang” ga bone? “Lereo ‘go sa tlhabologang’ tota le phoso,” porofesa Agnoletto o ne a bolelela Tsogang! jalo. “Seo se ne se tla raya gore tsela e Jesu Keresete a neng a sokolola batho ka yone le yone e ne e ‘sa tlhabologa.’”

Ke eng fa bobishopo ba ila Basupi ba ga Jehofa jaana? Porofesa Agnoletto o akanya gore go ganetsa ga bone go bakiwa ke “palo ya Basupi ba ga Jehofa mo Italy le tsela e ba atlegang ka yone gompieno,” eo, a oketsang ka gore “e diragala ka nako e tumelo ya Katoliki e nang le mathata ka yone.”

Gompieno baruti ba leka go bua leswe le go kgoreletsa botlhe ba ba ikobelang taolo ya ga Jesu ya gore ba rere. (Mathaio 28:19, 20; bapisa Mathaio 5:11, 12.) Lokwalodikgang lwa La Stampa le bega gore le mororo Basupi ba ga Jehofa ba ganediwa, ke bodumedi jwa bobedi jo bogolo kwa Italy, mme palo ya bone e feta 200 000 e bile e ntse e oketsega.

Go farologana le seo, batho ba ba yang kwa Kerekeng ya Katoliki ba ntse ba fokotsega fela thata mo dingwageng tsa bosheng. Ke gone ka moo, mo masimologong a 1994 Mopapa John Paul II a neng a kgothaletsa Bakatoliki ba kwa Italy gore ba rere ka botlhaga, ba rere le ka ntlo le ntlo—fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba dira!a

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona tsebe 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela