LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 3/8 ts. 13-15
  • Ke Ka Tlwaela Jang go Fuduga ga Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Tlwaela Jang go Fuduga ga Rona?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Itlwaetse Legae
  • Malatsi a Sekolo
  • Kgatlhegela Ba Bangwe
  • Ke Eng Fa Re Tshwanetse go Fuduga?
    Tsogang!—1994
  • Ditsala Tse di Siameng le Tse di sa Siamang
    Tsogang!—2004
  • Ke ka Ntlha Yang fa Tsala Ya me E Kgolo e Fudugile?
    Tsogang!—1997
  • O ka Nna le Ditsala Tse di Nnelang Ruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 3/8 ts. 13-15

Ke Ka Tlwaela Jang go Fuduga ga Rona?

ALELAPA la lona le sa tswa go fuduga bosheng jaana? Mme o ka tswa o dumelana gore ga go na ditiragalo tse di dingalo e bile di lapisa jaaka go fuduga. Fa lebokose la bofelo le sena go pakololwa le fanitšhara ya bofelo e sena go bewa mo mannong, o ka nna wa bo o santse o ikutlwa o nyemile moko, o hutsafetse, kana o tlhobaela. Ga go ye ka gore a ntlo ya lona e ntšha e gaisa ya pele kana gore a e gaisiwa ke yone fela thata. O santse o tlhologelelwa ntlo ya lona ya pele, sekolo se o neng o se tsena pele, mme bogolo jang ditsala tsa gago tsa pele.

Le gale, ke ga tlholego fela gore motho a ikutlwe a tlhoafalela legae la gagwe la pele. Mme Bibela e gakolola jaana: “U se ka ua re, Ke ka ntlha eañ metlha ea pele e ne e gaisa eno? Gonne ga u botse ka botlhale kaga seo se.” (Moreri 7:10) Botlhale bo go dira gore o lebelele dilo ka tshwanelo. Boammaaruri ke gore, ‘metlha ya pele’ ya kwa o kileng wa bo o nna teng e ne e se gore e itekanetse tota—gongwe e bile e ne e le kgakala thata le go itekanela. E re ka go fuduga go sa senye botshelo jwa gago, go ka nna ga go fa sebaka le ditshiamelo tse disha. Lefa go ntse jalo, go tlwaelana le go fuduga ga se selo se se motlhofo le e seng. Jaanong, ke eng se se ka go thusang mo go tlwaeleng?

Itlwaetse Legae

Mafoko a pina nngwe ya bogologolo a bua boammaaruri tota fa a re: “Lefelo lengwe le lengwe le ke ka kgwagetsang hutshe ya me mo go lone ke legae mo go nna.” Jaanong, go na le go tshwenyega ka mafelo a o a siileng kwa morago, ke eng o sa dire gore lefelo la gago le lesha e nne legae? The Teenager’s Survival Guide to Moving e akantsha gore: “Ka bonako fela fa lo sena go fuduga, leka go dira gore o ritibale le go tlwaela kamore ya gago.” Ka sekai, o ka nna wa kgabisa kamore ya gago ka ditshwantsho le dilo tse o di tlwaetseng. Fa o nna mo go yone le mogoloo kana monnao, lekang go dira seno mmogo.

Mo metlheng ya Bibela mopesalema o ne a kgothaletsa batho ba Modimo go itlwaelanya le motsemogolo wa bone, jaana: “Tlalatlalañ le Siona, lo bo lo o potonogè; balañ dikagō tsa phemèlō tsa ōna. . . . Lo akanyè matlo a ōna a dikgosi.” (Pesalema 48:12, 13) Ka tsela e e tshwanang, ithute tikologo ya lona. Batla kwa mabenkele, sekolo sa gago se sesha, le laeborari ya lefelo leo, le ditlamelo tse dingwe di leng teng. Seno se tla go dira gore o tlwaele.

Ga go belaetse gore, o tshwanetse wa bo o ne o na le thulaganyo ya go dira dilo kwa legaeng la gago la pele. Fa o ka boela gape mo thulaganyong eo ya pele ka bofefo, go tla go dira gore o tlwaele ka bofefo. Segolobogolo o tshwanetse go “sepel[a] kaha sekaoñ seo hèla” mo dilong tsa semoya jaaka go ya dipokanong tsa Bokeresete le go ithuta Bibela.—Bafilipi 3:16.

Malatsi a Sekolo

Go tlwaela sekolo se sesha ke kgwetlho ka bogone, bogolo jang fa o tseneletse ngwaga ka bogare. Kwa dinageng tse dingwe dithuto tsa sekolo di rulaganngwa go ya ka lefelo, mme di ka nna tsa bo di farologane thata le tse o neng o di ithuta kwa sekolong se o neng o se tsena pele. O ka nna wa iphitlhela o gaisiwa ke baithuti ba sekolo se sesha fela thata; o ka gongwe wa bo wa tshwanelwa ke go isiwa kwa mophatong o o kwa tlase.

Lefa seno ka dinako tse dingwe se ka lebega se tlhabisa ditlhong, o se ka wa kgobega marapo; go salela kwa morago mo dithutong ke selo se se tlwaelesegileng ka go fuduga. Gape, lefa e le gore dikolo tsa lefelo la lona di ruta dilo tse di tshwanang, letsapa la go fuduga le go ithuta batho ba basha, maemo a masha, le mekgwa, le kgatelelo ya go leka go gakologelwa maina a masha a mantsi—tseno tsotlhe fa di kopana di ka go feletsa maatla a go reetsa ka kelotlhoko. Tharabololo ke efe? Leka go dirisa nako e ntsi thata mo go direng tiro ya sekolo ya kwa gae, mme o se ka wa lebelela thelebishene thata. Fa nako e ntse e tsamaya o ka nna wa tokafala thata mo dithutong tsa gago.

Go Ipatlela Ditsala Tse Disha

Mosha mongwe yo o bidiwang Brian yo lelapa la bone le neng la fudugela kwa karolong e e kwa borwa kwa United States o ne a re: “Go ipatlela ditsala tse disha e ne ya nna yone thuso ya konokono [mo go tlwaeleng]. Morago ga gore ke nne le ditsala di le mmalwa tsa balekane ba me ba re neng re rata dilo tse di tshwanang, dilo tsotlhe di ne tsa siama. Selo se le sengwe se ke santseng ke se tlhoafalela ka legae la me la pele ke go tshameka hoki ya aese.” E re ka Brian e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a batla ditsala ka botlhale mo basheng ba ba boifang Modimo ba ba neng ba ya thutong kwa Holong ya Bogosi ya lefelo leo. Mme fa e le gore le wena o batla ditsala tse di itshwarang sentle le tse tota di amegang ka wena ka boammaaruri, Holo ya Bogosi ya mo lefelong la lona ke yone lefelo le le molemo go di batla.—Diane 13:20.

Mme itse gore, o ka se nne le ditsala fa o ka ikgogona. (Bapisa Diane 18:1.) Anita a re: “Ke ne ka ipatlela ditsala ka go ba ikitsise, ke dira karolo ya me. Ke lemogile gape gore ka go nna le maikutlo a mantle—ka go nyenya le go lebega o itumetse—batho ba tla tla go go dumedisa.” Ee, batho ba tla go atamela fa o ba fa sengwe se se molemo—monyenyo wa botsalano o thamile! Gape o nne pelotelele. Botsala bo tsaya nako go gola.

Mme gape, o ka nna wa simololela botsala ruri ka go etela lefelo le o tlileng go fudugela kwa go lone pele ga o fuduga. Laura wa dingwaga tse 13 a re: “Ke ne ka se ka ka itumela fa ke ne ke utlwa gore re tla tloga re fuduga. Mme ke ile ka kgona go nna le nako ya go itse bana ba lefelo le re yang kwa go lone mme seo se ile sa nthusa gore ke ikutlwe botoka ka go fuduga.”

Botsala jo bo Siameng le jo bo sa Siamang

A wa re go thata go bona ditsala tse di siameng mo basheng ba toropo e ntšha e o leng mo go yone? He, ‘pitlologa’ mo go direng ditsala ga gago. (2 Bakorintha 6:11-13) E bu, kana dingwe tsa ditsala tse dikgolo mo Bibeleng e ne e le batho ba ba neng ba siana fela thata ka dingwaga—jaaka Dafide le Jonathane, le Paulo le Timotheo. (1 Samuele 18:1; 1 Bakorintha 4:17) Ka jalo ke eng fa o batla ditsala mo balekaneng ba gago fela? Go na le bagolo bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba o ka itumelelang go nna le bone.

Mme le gale, batho bao ba ka nna ba se ka ba kgona go taboga jaaka wena mo motshamekong wa kgwele ya dinao. E bile gape ba ka nna ba se ka ba rata mmino o o o ratang. Lefa go ntse jalo, ba ka nna ditsala tse di tla go agang. E re ka go nna le ditsala tse di siameng go raya gore wena ka bowena o tshwanetse go nna tsala ya mofuta oo, o ka nna wa simolola ka go thusa mongwe wa bagolo bano ka sengwe. Kana o ba botse gore a go tla bo go siame fela go ba etela fa o ikutlwa o batla? Botsala jwa mmatota bo ka nna jwa gola.

Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o itswalela o le nosi mo kamoreng ya gago o bo o ikutlwela botlhoko, o ka nna wa bolawa ke bodutu motlhofo fela le go nyema moko. Seno se ka go baya mo kotsing ya gore o tlhophe ditsala tse di phoso. Ka sekai, digopa tsa basha ba dingwaga tsa bolesome ke bothata mo mafelong a le mantsi. Di solofetsa basha ba ba bolawang ke bodutu botsala le go amogelwa. Mme fela jaaka go ne go ntse mo metlheng ya Bibela, basha bao ba ka nna ba batla gore o dire bosula, ba go raya ba re: “Tla kwano . . . A re tlhaseleng batho ba ba senang molato go ijesa monate!” Mme Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhagisa jaana: “Morwaaka, o se ka wa tsamaya le batho ba mofuta oo. Kgaogana nabo. Ba nna ba ipaakanyeditse go dira sengwe se se bosula.”—Diane 1:10-16, Today’s English Version.a

Kgatlhegela Ba Bangwe

Tsela e nngwe e ka boammaaruri e ka go ntshang bodutu ke ka go batla ditsela tsa go kgothatsa ba bangwe—bogolo jang maloko a lelapa la gago. Makasine wa Current Health o gakolola jaana: “Go fuduga ga se kgetsi e potlana le mo batsading tota, mme ba ka dirisa kemonokeng yotlhe e ba ka e bonang.” Mmè kana rre ba ka nna ba bo ba santse ba itlwaetsa ditiro tse dišha. Ntlo e ntšha e ka nna ya bo e sa tshwanela kana e sa siama jaaka ya pele. Mme fa o na le bomorwarraago kana bomorwadiarraago, le bone ba ka nna ba bo ba bolawa ke bodutu le go kgobega marapo. Ke eng o sa batle ditsela tse o ka thusang ka tsone? Botsa batsadi ba gago gore a ga go na ditiro tse dingwe tsa mo gae tse o ka thusang mo go tsone. Fa e le gore bana ba ga mmaago ba lebega ba bolawa ke bodutu, iphe nako ya go nna le bone. Gakologelwa gore “lorato [lo] agèlèla” yo o le bontshang le yo o le bontshiwang.—1 Bakorintha 8:1.

Go supega sentle gore go ikaegile ka wena gore a o tla rata legae la gago le lesha kana gore o tla le ila. Re gakologelwa polelo ya monnamogolo mongwe yo o neng a fitlhelwa ke batho ba a sa ba itseng ba tletse mo dikoloing tse pedi. Lelapa le le mo koloing ya ntlha le ne la re: “Re akanya gore re fudugele kwano. Batho ba golo mono ba ntse jang?” Monnamogolo a araba ka gore: “Batho ba ko lo tswang teng ba ntse jang?” Lelapa la araba ka gore: “Re tswa kwa toropong ya batho ba ba botsalano. Batho ba teng ba pelotshweu le pelonomi mme ba kgatlhegela baeng fela thata.” Monnamogolo a nyenya. A bo a re: “Ke akanya gore le tla rata golo kwano thata. Batho ba mono ba ntse fela jalo.”

Monnamogolo a boa a botsa lelapa le le mo koloing ya bobedi yone potso eo. Ba araba ka gore: “Re tswa kwa toropong e e sa kgatlheng e nnye. Batho ba koo ba ditshwakga ba bile ba modumo gape ba rata go seba mo go maswe.” Monnamogolo a gamarega. A bo a re: “Ga ke bone gore a lo tla itumela fano. Batho ba mono ba ntse fela jalo.”

Polelo eno e re rutang? Batho ba tshwana fela gongwe le gongwe. Mme gore a o tla itumelela kana o tla tenwa ke go nna le bone go tswa mo go reng maikutlo a gago a ntse jang, le tsela e o dirisanang le ba bangwe ka yone. Ka jalo nna maikutlo mantle! Ipolelele gore o tlile go solegelwa molemo ka botlalo ke go fuduga ga gago. Ee, gone dilo di ka nna tsa se ka tsa tlhola di tshwana gape. Mme ka maiteko le bopelotelele, o ka nna wa dira gore dilo di nne botoka go gaisa pele. Fa fela o na le batho ba ba go ratang ka boammaaruri, lefelo lengwe le lengwe e ka nna legae ka mmatota.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . A ke Tshwanetse go Fetoga Leloko la Segongwana sa Dijammogo?” se se mo tokololong ya Tsogang! ya June 8, 1991.

Dira maiteko a go batla ditsala tse disha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela