Ke Ka Tshela Jang Le Bogole Jwa Me?
MMAAGWE mosetsanyana yo o re tla mmitsang Maggie a re, “O santse a kgona go tsamaya. Mme ga a kgone go laola dikarolo tsa mmele wa gagwe ka tshwanelo, le fa a bua o gweretlhisa loleme fela.” Maggie o na le dibata mo bobokong tse di omeletseng mme ke mongwe wa basha ba le dimilione mo lefatsheng ba ba digole.
Gongwe o mongwe wa bone. Mme go sa kgathalesege gore o tsetswe ka bogole kana gore o golafetse o ntse o godile ka ntlha ya bolwetsi kana kotsi,a ga go tlhokafale gore o tseye gore ga go sa tlhole go na le mosola wa gore o bo o tshela. Ka maiteko le bopelotelele, o ka dira dilo tse di ka go thusang gore o tshele le seemo sa gago.
Kotsi ya Go Ijesa Dijo Tsa Ditoro
Legale, re le batho re na le mokgwa wa go sa batle go amogela maemo a a sa re jeseng monate mme go na le moo re iphora ka tsholofelo ya gore bogole bo tla fola fela. Go bonala moaposetoloi Paulo a ne a na le bolwetsi jo bo neng bo dira gore a se ka a bona sentle. (Bapisa Bagalatia 6:11.) Fa a ne a bua ka loeto lwa gagwe lwa ntlha a etela Bakeresete kwa Galatia, Paulo o ne a re: “Loa itse ha e rile loa ntlha ka lo rèrèla Mahoko a a Molemō ka ntlha ea bokōa boñwe yoa nama: Me se e neñ e le bobe mo go lona mo nameñ ea me, ga loa ka loa se nyatsa, leha e le go se gana.” (Bagalatia 4:13, 14) Bakanoki bangwe ba akanya gore bolwetsi jwa ga Paulo bo ne bo dira gore matlho a gagwe a nye malaka kana gore ka tsela nngwe bo ne bo dira gore a shimise. Ga go gakgamatse, he, go bo Paulo a ile a “rapèla Morèna gararo” gore a fole. Mme ga a ka a fola. (2 Bakorintha 12:8, 9) Le ntswa a ne a na le bogole joo, gone o ne a ipelela tiro e e monate e le morongwa, morutegi, le mokwadi.
Mme le wena o ka nna wa tshwanelwa ke go amogela gore bogole jwa gago bo nnetse ruri. Mo bukeng e go tweng Living With the Disabled, mokwadi ebong Jan Coombs o kwala jaana: “Gore motho yo o lwalang a kgone go tshela le bogole jwa gagwe o tshwanetse pele a dumela gore ruri ke segole. O tshwanetse go tlhaloganya gore bogole jwa gagwe bo ka nna jwa mo kgoreletsa kana jwa mo amoga dilo dingwe mme le fa go le jalo ga bo mo dire gore e se ka ya nna motho.” Fa e le gore ga go na tsholofelo e e utlwalang ya gore o tla fola, go ganetsa boammaaruri jo bo le teng go ka go tsenya mo mathateng a gore o nnele go ipega molato, bohutsana le go kgobega marapo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Bibela mo go Diane 11:2 ya re, “botlhale bo nna le eo o ikgōbalatsañ,” mme motho yo o ikgobalatsang o itse boemo jwa gagwe mme e bile o a bo amogela. Seno ga se reye gore o ikgogone mo bathong kana o tshele fela ka gore o tla reng mme gone o sa itumele. Go na le moo, kgobalalo e akaretsa go sekaseka seemo sa gago o phothulogile le go ipeela mekgele e tota o ka e kgonang.
Dira Dilo ka Kitso
O tlhoka go nna le kitso e e tletseng ka bogole jwa gago. Diane 13:16 ya re, “Motho moñwe le moñwe eo o bonokopela o diha ka kicō.” (Bapisa Diane 10:14.) Seno se ka raya go bala dibuka tsa kalafi kana go botsa ngaka le batho ba bangwe ba ba nang le kitso ba ba go alafang dipotso tse di tlhamaletseng. Go ithuta mo go ntseng jalo go ka nna ga go imolola megopolo epe e e seng yone e e neng e ka nna ya go kgoreletsa go dirisa bokgoni jotlhe jwa gago.
Gape go ka nna ga go thusa go nna o itse dikgatelopele tsa kalafi le melemo e e ka nnang ya tokafatsa seemo sa gago. Ka sekai, maoto le matsogo a maitirelo a a dirilweng ka dilo tse di motlhofo a setse a dirilwe go thusa gore a se ka a lapisa le gore motho a kgone go a tsamaisa sentle. Ebu, makasine wa Time o bega gore go na le “koketsego e e diregileng ka bonako” ya didirisiwa tse di ka thusang digole. Gongwe dilo tseo di teng mo nageng ya lona mme ebile balelapa ba ka kgona go di reka.
Didirisiwa tse di saleng di dirisiwa, jaaka dithusakutlo, dinthe, le dithobane, ditshegetsi, le tsone di ka tswa thuso. Jaanong, basha bangwe ba ka nna ba tlhabisiwa ditlhong ke go dirisa dilo tseo tse di thusang. Mme Kgosi Solomone o ne a bua jaana ka botlhale: “Fa selepe sa gago se pipinegile, mme o bo o sa se lootse, o tla tshwanelwa ke go tsenya maatla thata fa o se dirisa.” (Moreri 10:10; Today’s English Version) Le wena ka tsela e e tshwanang o ka nna wa itshwafatsa—kana wa ikgoreletsa go dira ditiro tse di itumedisang—fa o sa dirise didirisiwa tse di ka go thusang. Ke eng fa o letla gore boikgodiso bo go thatafaletse botshelo go feta jaaka fa go ne go tla nna? Solomone o ne a fetsa ka gore: ‘Go dirisa botlhale ka katlego go mosola.’
Ee, go solegela wena molemo go dirisa sengwe se se tla go thusang go tsamaya, go bona, kana go utlwa botoka. Ee, go ka nna ga tlhoka go ithuta thata le bopelotelele gore o kgone go dirisa dithobane, maoto kana matsogo a maitirelo kana dilo tse di thusang gore o utlwe. Mme didirisiwa tseno di ka nna tsa se ka tsa tokafatsa ponalo ya gago ka epe tsela. Mme akanya ka kgololesego e di ka go e neelang le ditshiamelo tse di ka di go direlang! Mosetsana mongwe wa segole wa Moafrika yo o bidiwang Jay o ne a tshela botshelo jwa boitlhaodi, mme o ne a tswela kwa ntle ga jarata e a neng a nna mo go yone gangwe fela mo dingwageng tse a di tshedileng tse di 18. Morago ga go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, o ne a simolola go ya dithutong tsa Bokeresete. Seno se ne se tlhoka gore a “tsamaye” sekgala se se rileng, a dirisa matsogo go goga mmele wa gagwe. Erile Mosupi mongwe kwa Yuropa a utlwa ka mathata a ga Jay, a bo a mo rekela setulo se se maotwana mararo. Se ne se na le tšhaene eo Jay a neng a ka kgona go e tsamaisa ka diatla. A e ne e le selo se se kgatlhang mo matlhong? Ga go lebege jalo. Mme koloi eno ya gagwe e e neng e sa lebege sentle e ne e mo kgonisa go ya dithutong le go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo.
Ikgothatse!
Legale, o ele tlhoko gore o se ka wa nna le maikutlo a e seng one. Kgosi e e botlhale ebong Solomone e ne ya re: “Eo o tlhokometseñ phehō ga a ketla a yala; le eo o gopolañ maru ga a ketla a rōba.” (Moreri 11:4) A o letlelela gore poifo kana go sa tlhomamise dilo go go dire gore o se ka wa dira tse o batlang go di dira kana tse o tlhokang go di dira? Gopola Moshe. Fa Modimo o se na go mo tlhopha gore a golole Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto, Moshe o ne a kopa gore go tlhophiwe o sele ka go bo a ne a sa kgone go bua sentle. Moshe o ne a re, “nna ke leñ dipuonama di sa rupañ,” gongwe o ne a bua ka bogole bongwe jo bo neng bo mo kgoreletsa go bua sentle. (Ekesodo 6:12) Mme e ne e le ka go bo Moshe a ne a inyatsa. Morago ga nako, o ne a itshupa fa a itse go bua sentle—a buisa morafe otlhe wa Iseraele.—Duteronome 1:1.
O se ka wa dira phoso e e tshwanang ya go inyatsa. Iteke o bo o ikgothatse! Ka sekai, Becky yo mmotlana o na le mathata a go bua ka ntlha ya dikgobalo tse a di boneng ka kotsi ya koloi a santse a na le dingwaga di le tlhano. Mme batsadi ba gagwe ba ne ba se ka ba letla gore a itlhoboge. Go na le moo, ba ne ba mo kwadisa mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Bomodimo kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Erile a le dingwaga di supa, Becky o ne a setse a neela dipolelo tse dikhutshwane a reeditswe ke batho. Becky o gakologelwa jaana: “Go neela dipolelo go nthusitse. Go ne ga nkgothatsa gore ke lwele go tokafatsa bokgoni jwa me jwa go bua.” Gape Becky o ne a kgothaletswa gore a nne le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. “Ka dinako tse dingwe ke a tle ke akanye gore batho ba tshwanetse ba bo ba kgopisiwa ke mokgwa o ke buang ka one; ke bo ke tshwenyega ka gore ba akantse eng. Mme go tswa foo ke bo ke ipolelela gore, ‘Ke dira seno mo boemong jwa ga Jehofa,’ ke bo ke mo kopa gore a nthuse ke se itshokele.” Fa re bua jaana, Becky ke moreri wa nako e e tletseng.
Craig, yo jaanong a setseng a godile, o bolawa ke cerebral palsy. Le ene ka mo go tshwanang ga a ka a letlelela bogole jwa gagwe go mo dira gore a se ka a nna leloko le le botlhokwa la phuthego ya Bokeresete. A re: “Ke ikanya Jehofa mme o ile a ntira gore ke itumelele bontsi jwa masego a gagwe. Ke ile ka kgona go nna mmulatsela yo o thusang [moreri] ka makgetlho a le matlhano. Ke neela dipolelo tsa Bibela mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Bomodimo, mme e bile ke kgona le go dira diakhaonto tsa phuthego.”
Gape go na le “motlha oa go tshèga,” mme ka go ithutuntsha, o ka nna wa kgona go itumelela ditiro dingwe tsa go ijesa monate tse di dirwang ke basha ba bangwe. (Moreri 3:4) Becky o dumela jaana: “Ga ke kgone go tshameka metshameko e e tshwanang le volleyball ka gore ga ke kgone go tsapoga ka bofefo. Me ke kgona go taboga. Morago fela ga gore ke bone kotsi, mmè o ne a nkgothaletsa gore ke ithute go palama baesekele. O ne a aga a nkgothaletsa go ithuta dilo tse disha.”
Amogela Thuso Ya Ba Bangwe
Go tshela o le segole ga se selo se se motlhofo. Moaposetoloi Paulo o ne a bitsa bogole jwa gagwe a re ke “mutlwa mo nameñ.” (2 Bakorintha 12:7) Se se itumedisang ke gore, ga go tlhokege gore o lwe le mathata a gago o sa thusiwe ke ope. Mohumagatsana mongwe yo o bidiwang Sarne yo o sokameng noka, a re: “Ke lemogile gore go kopana ka tsela e e nang le mosola le Bakeresete le go engwa nokeng ka lorato ke balelapa le ditsala mo phuthegong go ile ga ntsholegela molemo o o seng kana ka sepe.” Ee, o se ka wa ikgogona. (Diane 18:1) Ka bogolo jo o ka bo kgonang, “[o nne o] nntse [o] totahetse mo tihoñ ea Morèna.” (1 Bakorintha 15:58) Sarne o tlhalosa mosola wa gone: “Go tlhagafala mo ditirong tsa Bogosi go nthusa gore ke lebe mathata a me ka tsela e e siameng.” Becky o bolela jaana: “O kgona go bua le batho ba eleng gore ba mo seemong se se maswe go gaisa sa gago ka jaana ba sena tsholofelo ya isagwe. Seo se nthusa gore ke lebale ka mathata a me.”
Mo godimo ga tsotlhe, ikanye Jehofa Modimo gore a go thuse. O tlhaloganya se o se tlhokang le maikutlo a gago mme ebile o ka nna a go neela ‘nonofo e e fetang ya ka metlha’ go go thusa. (2 Bakorintha 4:7) Gongwe e ka nna ya re fa nako e ntse e ya wa nna le tsholofelo jaaka mosha wa Mokeresete yo o bidiwang Terrence. Terrence o ne a foufala a na le dingwaga di ferabongwe mme ga ise a letlelele seo go mo kgoreletsa, o bolela jaana: “Bofofu jwa me ga se bogole; ke sekgoreletsinyana fela.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa e le gore ke gone o sa tswang go golafala bosheng, go a utlwala gore o bo o ka nna wa bo o ikutlwa o shakgetse, o galeflle, le go hutsafala. Tota e bile, go teng—e bile go saime—gore o hutsafale ka lobaka lo lo rileng ka ntlha ya tatlhegelo e e kgolo. (Bapisa Baatlhodi 11:37; Moreri 7:1-3.) Selo se o ka se tlhomamisang ke gore fa nako e ntse e tsamaya ebile o thusiwa ke maloko a a lorato a lelapa le ditsala, tlhakatlhakano ya maikutlo a a utlwileng botlhoko e tla kokobela.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ithute gotlhe mo o ka go kgonang ka bogole jwa gago