LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 4/8 ts. 32
  • Barutabana Ga Ba Nyatse Popo Gotlhelele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barutabana Ga Ba Nyatse Popo Gotlhelele
  • Tsogang!—1993
Tsogang!—1993
g93 4/8 ts. 32

Barutabana Ga Ba Nyatse Popo Gotlhelele

Sekolo sengwe kwa Berlin, Jeremane, se ne sa kgwagetsa setshwatsho se se tona mo loboteng se se neng se supa kafa ditshedi tsa sekatshwene go tweng di ne tsa fetoga ka teng go tla go nna motho jaaka re mo itse gompieno. Letsatsi lengwe fa baithuti ba tla sekolong ba fitlhetse se tshasitswe pente e tshweu. Go ne go diragetse eng?

Moithuti wa dingwaga tse di 16 yo o bidiwang Natalie, yo eleng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a botsa morutabana wa gagwe wa thutotshelo gore ke ka ntlha yang fa setshwantsho se phimotswe. Morutabana o ne a tlhalosa gore moithuti mongwe o ne a mo file sekaelo sa buka e go tweng Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Buka eo e ne ya mo kgatlha thata mo eleng gore o ne a bo a e supetsa barutabana ba bangwe ba ba rutang thutotshelo mo sekolong. Le bone buka eo e ne ya ba kgatlha thata.

Ka jalo, barutabana, ba ne ba swetsa ka gore ba tshase setshwantsho pente, gore jaaka ba ile ba bua, ‘go itsa gore megopolo ya bana e seka ya obiwa pele.’ Ka jalo go na le go ruta bana thutotlhagelelo fela, barutabana ba ne ba rulaganya gore gape ba ba rute popo, ba dirisa dintlha go tswa mo bukeng ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?

Kgatiso eno e e kgatlhang e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa, bao eleng phuthego ya meraferafe ya baithuti ba Bibela ba le dimilione tse di fetang tse nnè ba ba ineetseng go thusa batho go ithuta mo gontsi ka maikalelo a Modimo. Fa e le gore o ka rata go itse mo gontsi kana o batla thuto ya legae ya Bibela, tsweetswee kwalela kwa Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di kwadilweng mo tsebeng 5.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Life—How did it get here? By evolution or by creation?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela