Bana Bao Baruti ba Tlhakanetseng Dikobo Nabo Ba Senola Se Se Diragetseng
GO YA ka U.S.News & World Report, “Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, baruti ba Roma Katoliki ba ka nna 400 ba ile ba begwa kwa kerekeng kana kwa babusing ka ntlha ya go gobolola bana mo go tsa tlhakanelodikobo.” Bosheng jaana, kokoano ya setšhaba ya batho ba ba kileng ba gobololwa e ne ya tshwarelwa gaufi le Chicago, Illinois. Bontsi jwa bone bo ne bo bua puophaa kafa ba ileng ba gobololwa ka teng ke baruti ba ba ratang go tlhakanela dikobo le bana.
Mme lefa go le jalo NCR (National Catholic Reporter) e bontsha gore dibui di ne di boeletsa kgang e le nngwe mo kokoanong eo: “Kgobololo ya ntlha ke ya tlhakanelodikobo; ya bobedi e e bileng e le botlhoko le go feta, ke ya mogopolo.” Kgobololo eno ya bobedi e diragala fa kereke e gana go reetsa batho ba ba gobolotsweng, e palelwa ke go tsaya tsia ditatofatso tsa bone, e bo e tsaya kgato go sireletsa baruti ba ba molato. NCR e bega gore, “E ka tswa e le boammaaruri kana nnyaa, ba tlhalosa fa baruti ba Katoliki e le setlhopha se se maswe le se se timetseng se maikaelelo a sone e leng go boloka maemo le thata go na le go direla phuthego.” Dibui di le dintsi di ne tsa tshwantshanya seo le nako ya Diphetogo ka tsela e e sa jeseng monate, tse di ileng tsa thuba kereke gotlhelele mo lekgolong la bo16.
Go ya ka Richard Sipe, yo o kileng ya bo e le moruti mme jaanong e le ngaka ya tlhaloganyo le moitse ka kgobololo ya tsa tlhakanelodikobo ya baruti ba Katoliki, go itatola mo go dirwang ke baeteledipele go bontsha “go itse mo go boteng, le go felelwa ke ditlhale morutseng ka ntlha ya go nna le seabe ka namana mo mathateng ao.” O ne a tlatsa jaana: “Kereke e a itse mme ebile ga e bolo go itse thata ka lobaka lo loleele ka ditiro tsa tlhakanelodikobo tsa baruti ba yone. E ile ya itlhokomolosa, ya letlelela, ya bipa tota le gone go aka mabapi le ditiro tse dintsi tse di farologaneng tsa tlhakanelodikobo tsa baruti ba yone.”
Ga go gakgamatse he, go bo bontsi jwa batho ba ba kileng ba gobololwa ba sekisa kereke. NCR e nopola agente nngwe e e itebagantseng fela le dikgetsi tsa mofuta oo e re go na le dikgetsi tsa baruti ba ba ratang go tlhakanela dikobo le bana mo go nngwe le nngwe ya dikgaolo tsa kereke tse 188 tse di mo United States. O ile a re dikgetsi tse di feditsweng go sa iwa tshekong dingwe tsa tsone di ne di tshwara bo R885 000 kgetsi nngwe le nngwe. U.S.News & World Report ya re ditsheko tseo di setse di lopile kereke R1 180 000 000, palo e e ka nnang ya tshwara R2 950 000- 000 ka ngwaga wa 2000. Mme Canadian Press e ile ya bega gore bosheng jaana batho ba ba kileng ba gobololwa ka tlhakanelodikobo e santse e le bana ba ba ka nnang 2 000 mo mafelong a dikhutsana a kereke a le 22 kwa Quebec ba sekisa ditlhopha di le thataro tsa bodumedi ba batla go phimolwa dikeledi ka R3 304 000 000.
Lefa go le jalo, se se kgatlhang ke gore, agente ya U.S. e e sa tswang go umakiwa pelenyana, yo o emetseng batho ba le 150 ba ba kileng ba gobololwa ke baruti ba ba ratang go tlhakanela dikobo le bana mo dikgaolong di le 23, a re ga go ise go nne le a le mongwe mo bangongoreging yo o neng a rata thata go pega tsheko. Mongwe le mongwe wa bone o ne a leka gore tshiamiso e dirwe “go ya ka thulaganyo ya kereke ya bodisa.” NCR e swetsa ka gore: “Go lebega gore batho ba ba kileng ba gobololwa ke baruti ba ba ratang go tlhakanela dikobo le bana, ba ya kwa dikgotlatshekelong, fa maano a mangwe otlhe a paletswe.”