LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 4/8 ts. 32
  • Tiragalo E E Kgethegileng—A O Tla Nna Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiragalo E E Kgethegileng—A O Tla Nna Teng?
  • Tsogang!—1992
Tsogang!—1992
g92 4/8 ts. 32

Tiragalo E E Kgethegileng—A O Tla Nna Teng?

NAKO ya fa Baiseraele e ne e le makgoba a a gateletsweng kwa Egepeto dingwaga tse di fetang 3 500 tse di fetileng, ba ne ba tlhoka kgololo fela thata. Mme lefa go le jalo Faro o ne a gana go golola makgoba ano a gagwe. Ka jalo Jehofa Modimo o ne a laela Baiseraele gore ba bolaye kwana le go kgatsha madi a yone mo mejakong le mo mepakong ya matlo a bone. Mo bosigong jone joo moengele wa Gagwe o ne a tlolaganya matlo a a neng a na le madi mo mejakong ya one mme a bolaya barwa ba batsalwapele mo matlong otlhe a Baegepeto. Mme ka ntateng ya seo Faro o ne a golola Baiseraele. Mme fa esale ka nako eo, Bajuda ba ile ba keteka tiragalo eno mo letlheng leo moengele a ileng a tlolaganya magae a Baiseraele ka lone.

Moragonyana, Jesu Keresete o ne a tla mo lefatsheng. Letsatsi lengwe Johane Mokolobetsi, yo a neng a kolobetsa Jesu o ne a re ka ene: “Bōnañ kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleō yoa lehatshe!” (Yohane 1:29) Fela jaaka fa madi a kwana ya Tlolaganyo a ne a kaya kgololo mo batsalwapeleng ba Baiseraele, ka mo go tshwanang madi a ga Keresete a a tsholotsweng a ka golola motho mo sebeng le mo losong.

Jesu o ne a tlhoma sejo e le segopotso sa loso lwa gagwe lwa setlhabelo. O ne a ngathoganya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang senkgwe mme a bo a re: “Tsayañ, lo ye; se ke mmele oa me.” Go tsweng foo a ba neela senwelo sa mofine mme a bo a re: “Nwañ lotlhe ga sōna; gonne se ke madi a me a kgolaganō e ntšha, a a tshololelwañ ba le bantsi go tla ba ichwarèla dibè.” Gape, Jesu o ne a re: “Dihañ moo, lo nkgopolèñ ka gōna.” (Mathaio 26:26-28; Luke 22:19, 20) Ka jalo Jesu o ne a batla gore e nne segopotso sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa gagwe.

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o kopanele le bone go keteka moletlo ono wa Segopotso. O ka ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le kwa go lona. Botsa Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona kaga nako le lefelo le le tlhomameng leo o tlileng go nnela kwa go lone. Letlha la moletlo ono ka 1992 ke Labotlhano, April 17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela