LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 4/8 ts. 31
  • Leina le Na le Bokao Bofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leina le Na le Bokao Bofe?
  • Tsogang!—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o Ka Kgona go Ithaopa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Leina Lebe Seromo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 4/8 ts. 31

Leina le Na le Bokao Bofe?

A O ITSE gore ke ka ntlha yang fa batsadi ba gago ba ile ba go bitsa ka leina leo la gago? Mo metlheng ya Bibela maina a batho gantsi a ne a bontsha go nna le tumelo mo Modimong le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Ka sekai, leina Aberahame, leo a neng a le tewa ke Modimo, le raya “Rraboidiidi (Matshutitshuti).” Ishimaele le raya “Modimo O A Utlwa (Reetsa).” Mme Jesu le raya “Jehofa Ke Mmoloki.”

Mo mafatsheng a Aferika gompieno, go fa bana maina gantsi go bontsha bodumedi le mekgwa ya boitsholo. Seno eleruri se ntse jalo le mo Basuping ba ga Jehofa ba Maaferika.

Mosadi mongwe yo mmotlana go tswa kwa Nigeria o tlhalosa jaana: “Rre o ne a ithuta boammaaruri jwa Bibela mo Basuping ba ga Jehofa ngwaga pele ga ke tsholwa. Mo ngwageng one oo gape, buka ya Boammarure Jo Bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng e ne ya gololwa ka Seesemane. Moragonyana, mo e ka nnang ka nako eo ke neng ka tsholwa ka yone, buka ya Boammarure e ne ya gololwa ka puo ya rona ya Seyoruba. Mme ka ntata ya seo, rre o ne a bona fa go tshwanela gore a mpitse ka leina la Truth [Boammaaruri].”

Rre mongwe, yo le ene eleng mosupi wa ga Jehofa, a re: “Rre o ne a nna Mosupi ngwaga pele ga ke tsholwa. O ne a bereka kwa lefelong le le neng le tsamaisiwa ke Bakatoliki ba ba sa batleng go utlwa sepe, mme ka ntateng ya bodumedi jwa gagwe, o ne a latlhegelwa ke tiro ya gagwe. Ka nako ya fa ke ne ke tsholwa, o ne a sa bereke mme o ne a na le madi a mannyennyane fela. Mme lefa go le jalo ga a ka a kgobega marapo. O ne a re, ‘ke latlhegetswe ke tiro fela ka ntateng ya go bo ke ile ka emela Bogosi jwa Modimo.’ Ka jalo he o ne a mpitsa Kingdom [Bogosi].”

Lekolwane le lengwe le ne la re, “batsadi ba me ba ne ba mpitsa Ifeanyichukwu, e le leina la Se-Igbo. Leo ke leina le le thata mo bathong ba ba sa bueng puo ya Se-Igbo, ka jalo ke ne ke batla le le motlhofo. Gape ke ne ke batla go direla kwa Bethele [lekala la naga eo la Mokgatlho wa Watch Tower], mme ebile ke ne ke na le tsala e e bidiwang Bethel [Bethele]. Ka jalo ke ne ka kopa batsadi ba me gore a ke ne ke ka se ka ka ipitsa ‘Bethel.’ Ba ne ba dumalana.”

Rre yo mongwe wa kwa Nigeria o tlhalosa jaana, “batsadi ba me e ne e le babulatsela [bareri ba nako e e tletseng]. Rre o ne a batla go reelela mongwe wa bana ba bone ka tiro eo ba neng ba e dira. Ke gone ka moo ke ileng ka bidiwa Pioneer [Mmulatsela]. Ba ne ba na le tsholofelo ya gore le nna ka mo go tshwanang ke tla nna le masego a tirelo ya nako e e tletseng.”

Fa mongwe wa Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa a ne a ile kwa Côte d’Ivoire ka December 1978, o ne a rakana le kgaitsadi mongwe yo o neng a na le ngwana yo o bidiwang Victorious Faith (Tumelo E E Fenyang) ka ntateng ya go bo a ile a tsholwa fa mmaagwe a ne a ile Kopanong ya “Tumelo E E Fenyang.”

Truth (Boammaaruri), Kingdom (Bogosi), Bethel (Bethele), le Pioneer (Mmulatsela) botlhe ba direla mo lekaleng la Nigeria la Mokgatlho wa Watch Tower. Basupi ba bangwe ba ba direlang koo ke ba ba nang le maina a a ntseng jaaka Bible (Bibela), Wisdom (Botlhale), Christian (Mokeresete), Love (Lorato), Innocent (yo o Senang Molato), Genesis (Genesise), le Blessing (Lesego). Badiredi bano botlhe ba Bakeresete ba dira ka natla go ipoloka ba na le leina le le molemo le Jehofa Modimo, ene yo lelapa lengwe le lengwe le le kwa legodimong le mo lefatsheng le nang le leina leo ka ntlha ya gagwe.—Bapisa Baefesia 3:14, 15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela