Tsebe 2
Thuto ya Dilo Tse Di Amanang le Tlhakanelodikobo—Ke Mang Yo O Tshwanetseng go E Ruta 3-11
Gompieno bana ba tlhola ba opeletswe ka dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo. Mme lefa go ntse jalo seo ba se ithutang gantsi e a bo e le se se phoso mme ebile se ka ba gobatsa fela thata. Batsadi ba ka ruta jang bana ba bone ka tshwanelo malebana le dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo? Ba tshwanetse go simolola leng? O tla fitlhela ditlhogo tse di latelang di le mosola thata.
O Thusa Bao Ba Nang le Mathata A A Amanang le go Ja 12
Batho ba le dimilionemilione ba na le mathata a a amanang le go ja. Go tweng fa e le gore mongwe wa batho bano ke mongwe yo o mo lelapeng la gago kana tsala nngwe ya gago? Go na le dikgato dingwe tse di busetsang go le gontsi tseo o ka di tsayang go mo thusa.
Diphetogo tsa Madirelo—Di Ne tsa Tlisa Eng? 16
Di tlisitse dilo di le dintsi tsa segompieno tsa manobonobo mmogo le melemo ya dilo tse di bonalang. Lefa go ntse jalo go na le dilo tse di sa jeseng di welang tseo di di tlisitseng. Ithute malebana le kafa di dirileng ka gone gore go nne le bokgoba mmogo le dintwa tse di maswe thata.