A Re Tshwanetse Ra Ya kwa Kokoanong ya go Rotloetsa Batshameki?
‘LWANG, setlhopha, lwang!’ ‘Fenyang, fenyang, fenyang!’ Go opelwa meano gangwe le gape ka tlhagafalo eo e ntseng e gola go ya pele ebile bao ba dirang jalo ba dira jalo ba tseegile maikutlo ka tsela e e batlang e tshwana fela le ya bodumedi. Holo ya metshameko e roromisiwa ke moribo wa mmino le ke go lela ga meropa. Basimane le basetsana bao ba apereng diaparo tse di mebalabala ba letsa megolokwane le go opela dipina tsa phenyo, ba tla ba ntse ba kgatlha balekane ba bone ka go nna ba itšhopakaka le go ja modikwadikwane ba ntshitse ga tshwene. Bakatisi ba ditlhopha mmogo le bakaedi ba diatleletiki ba bontsha ka mabela fa ba tlhomamisegile gore ba tlile go fenya. Morago ga moo, go tsena setlhopha sa motshameko sa sekolo seo se duduelediwa ke balatedi ba sone ka moduduetso o o thibang ditsebe. Boidiidi jwa batho ba tlola ka boitumelo jo bo seng kana ka sepe mme boitumelo jono bo sala bo ile magoletsa eletota. Boidiidi jono bo tlhomamisegile gore setlhopha sa bone se tlile go fenya!
Mo dikolong di le dintsi, dikokoano tsa go rotloetsa batshameki ke dilo tseo di ratiwang fela thata. Mme lemororo nako le nako go tshwarwa dikokoano tsa mefuta mengwe di tshwarelwa gore go tsoswe moya wa go tlhagafalela dilo tse di farologaneng tse di dirwang mo sekolong, dikokoano tsa go rotloetsa batshameki di tshwarwa malebana le metshameko ya sekolo e e leng gaufi le go nna teng e e ntseng jaaka: rugby, kgwele ya dinao, baseball, bolotloa. Mo basheng ba le bantsi, kokoano ya go rotloetsa batshameki ke selo se se fetang go ikhutsa mo go direng tiro ya sekolo ya letsatsi le letsatsi. Ke tshono ya gore ba neye setlhopha se se tshamekelang sekolo tshegetso e e tlhokegang, go rotloetsa bagaka ba bone ba metshameko, go gakatsa setlhopha gore se fenye! Gape, boikaelelo jwa go tshwarwa ga dikokoano tsa go rotloetsa batshameki ke go dira barutwana gore ba ikanyege mo sekolong le gore ba utlwane.
Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o tsayang metshameko tsia. Basha bangwe ba ipelela fela go bona maikatlapelo kwa dikokoanong tseno, monate wa tsone le tsela eo go itumelwang ka yone fa go ilwe kwa go tsone. “Ke nako ya go repa le go dira dilo tsa botsenwa,” mosha mongwe o bolela jalo. Mo go ba bangwe, go tshwarwa ga dikokoano tsa go rotloetsa batshameki ke tshono ya go se nne gone mo tlelaseng—kana tshono ya go tlhakatlhakana le batho ba bong bo sele ba dira jalo ba gololesegile. “Ke nako ya gore basimane le basetsana ba ba ratanang ba kopane mmogo,” mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome o bolela jalo.
Lefa go ntse jalo, batlhatlheledi ba le bantsi ba dumela gore go tshegetsa metshameko ya sekolo ke karolo e e botlhokwa thata ya thulaganyo ya thuto. Barbara Mayer o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The High School Survival Guide—An Insider’s Guide to Success: “Morutwana ope fela yo o fetsang mo sekolong se segolo a ise a bo a . . . tsamaye a dule mo ditulong tsa setadiamo le go rotloetsa setlhopha sa sekolo sa gagwe . . . o fetilwe ke dingwe tsa dinako tse di itumedisang thata le ditshono tse di molemo go gaisa tsa go gola tseo go ka nnang ga mo tsaya lobaka go di bona.” Ga go gakgamatse he go bo mo dikolong dingwe go dirilwe gore dikokoano tsa go rotloetsa batshameki di emisetse thulaganyo ya ka metlha ya mo tlelaseng.
Fa e le gore go na le dinako tse di ntseng jalo tsa go tshwarwa ga dikokoano tsa go rotloetsa batshameki kwa sekolong se o tsenang kwa go sone, gongwe o ile a akanya ka gore o nne gone mo go tsone. Ke boammaaruri gore o ka nna wa nna kafa tlase ga tlhotlheletso nngwe e e maatla thata ya gore o dire jalo. Ga go na pelaelo epe gore go sa nne gone mo go tsone go ka nna ga dira gore ba bangwe ba go lebe jaaka motho yo o ikgogomosang kana yo o sa ikanyegeng. Lefa go ntse jalo, go na le mabaka a a molemo a gore basha ba Bakeresete ba se ka ba nna gone mo dikokoanong tseno.
A Dikokoano Tseno Di Tsosa go Tlhagafalela Metshameko Kana Di Tsosa Moya wa go Utlwa Fela ka Motshameko?
Ga go bolele gore Bibela e kgatlhanong le metshameko. Bibela e a dumalana gore “go itshidila mmele go na le mosolanyana.” (1 Timotheo 4:8, Today’s English Version) Bakeresete ba le bantsi—ba babotlana le ba ba godileng—ba ipelela go bogela metshameko e e farologaneng le go nna le seabe mo go yone. Metshameko e ka ipedisa le go nna mosola fa e tshamekiwa ka tekatekano.a
Lefa go ntse jalo, dikokoano tsa go rotloetsa batshameki di ka fetola go tlhagafalela motshameko go go siameng gore e nne moya o o diphatsa wa go utlwa fela ka metshameko. Kwa Roma wa bogologolo, go ya ka buka ya Sports and Games in the Ancient World, go ne go utlwala “go thelwa ga loshalaba lwa boitumelo, go goa le go duduetsa” kwa dikgaisanong tsa metshameko tsa Roma. Ga go gakgamatse he go bo “moya wa go utlwa fela ka metshameko o ne o le gongwe le gongwe.” Ka dinako tsa fa go tshamekiwa metshameko eo mo go yone batho ba lwang le diphologolo, “babogedi ba ne ba tlaleletsa ka go nna ba ntse ba goa ba re ‘Bolaya! Betsa! Itaya!,’” ba dira jalo ba sa lemoge gore ba ne ba tlhotlheletsa gore motho yo mongwe a bolawe setlhogo.
Le eleng gompieno jaana moya wa go utlwa fela ka metshameko o tletsetletse ebile ga o ratege. Morago ga motshameko wa kgwele ya dinao wa kwa Yuropa oo go lwa ga balatedi ba ona go neng ga felela ka gore go swe batho ba le 38, makasine wa Discover o ne wa akantsha gore lebaka la seno e ne e le “go sa itsiwe” go go nnang gone ka go bo motho a le mo gare ga boidiidi. Ka gone, motho o ikutlwa a sena boikarabelo jo bo kalokalo mo ditirong tseo a di dirang. Lefa go ntse jalo, Bibela e tlhagisa jaana mo go Ekesodo 23:2: “U se ka ua sala bontsi moragō mo go diheñ boshula.” Mme lefa go ntse jalo a totatota go dudueletsa setlhopha sa gago fela le go se goelela go ka nna bosula go le go kalo? Ee. Makasine wa Discover o ne wa akgela ka gore “go duduetsa le go goa kwa metshamekong go emela sengwe se se tshwanang le go rumola motho a dirisa mafoko goo, mo bathong bangwe, go ka fetogelang bonolo fela mo go nneng go rumola motho ka tlhamalalo.”
A tota go tla bo go le mosola he, go opela dipina tsa phenyo le dipina tse di nang le merumo tse di tlhotlheletsang bathubalobelo gore ba fenye bao ba gaisanang nabo? Gerald yo mmotlana o gakologelwa dikokoano tsa go rotloetsa batshameki tseo a neng a tle a ye kwa go tsone: “Ba ne ba tsositse tlhatlhauwane. Ka dinako tse dingwe boidiidi jono bo ne bo itshwara ka tsela e e makgwakgwa fela thata. Dikokoano tsa go rotloetsa batshameki di ne di tshwana fela thata le dingwao tsa ntwa tseo di neng di re tlhotlheletsa go dira bothubaki. Ka metlha go ne go dirisiwa mafoko a a ntseng jaaka ‘bolaya,’ ‘gata,’ le ‘betsa.’” Ka dinako tse dingwe mafoko a felela ka gore o dire seo o se buang. Perry yo mmotlana o gakologelwa kokoano nngwe ya go rotloetsa batshameki eo a neng a ya kwa go yone eo mo go yone “mongwe le mongwe a neng a tsaya thobane mme a simolola go betsakaka setshwantsho sa setlhopha se ba neng ba tshameka kgatlhanong naso eleng setshwantsho seo setlhopha seo se neng se se tsaya jaaka pheko eo e neng e ba thusa go fenya. Fa kokoano eno e sena go tswa, ba ne ba tšhwatlakakile setshwantsho seno.”
Ke mang yo o sa tshwaediweng ke moya o o ntseng jalo o o tshelanwang wa go dira bothubaki? Jalo he ke ka lebaka le le molemo go bo Bibela e tlhagisa jaana: “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) Jaaka fa morutwana mongwe yo mmotlana a dumalana: “Ga go na sepe seo motho o ka se dirang fa e se fela gore o tlhotlheletsege go dira seo mongwe le mongwe a se dirang.” Mme ebile fa e le gore o ile wa nna le seabe mo go direng bothubaki, go ka nna ga nna le diphelelo tse di masisi thata. Gakologelwa gore Baedoma ba bogologolo ba ne ba thelela Bababelona loshalaba ka nako ya fa ba ne ba thopa Jerusalema. Baedoma bano ba ne ba goa ka gore, “O rutleñ, o rutleleñ le go hitlha kwa motheoñ oa ōna.” (Pesalema 137:7) Lefa go ntse jalo, Modimo o ne wa kgala moya wa bone wa go ipusolosetsa le wa go dira bothubaki fela thata. (Obadia 1:1, 8, 12) A gompieno jaana motho o ne a ka dira ka tsela e e tshwanang le eno mme a se ke a itumolole Modimo?
Ke boammaaruri gore ga se dikokoano tsotlhe tsa go rotloetsa batshameki—ebile ga se metshameko yotlhe—eo mo go yone go dirwang bothubaki. Mme le eleng fa dilo di dirwa ka masisi, a go tshwanetse gore Mokeresete a opele dipina tseo di bontshang boikutlo jwa go ikanyega ka mo go feteletseng mo sekolong kana mo setlhopheng sa motshameko kana gongwe le eleng le boikutlo jwa go obamela sekolo kana setlhopha sa motshameko? (Bapisa Ekesodo 20:5.) A go opela dipina tsa phenyo tseo di tletseng thumolano go dumalana le kgakololo e e mo go Baefesia 4:29, 31? Re bala jaana: “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona . . . A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le [kōmañ], le go kgala, le kilō eotlhe.” A go nna gone kwa kokoanong ya go rotloetsa batshameki eo mo go yone batho ba tseegileng maikutlo go tla go thusa gore o tlhagolele leungo la moya wa Modimo, leo le akaretsang “bopelonomi” le “boikgapo”? (Bagalatia 5:22, 23) Kana a go tla tsosa fela moya o e seng wa bomodimo wa go gaisana ka tsela e e makgwakgwa?—Bapisa Bafilipi 2:3.
Gone ke boammaaruri gore maemo a a farologana. Ka dinako tse dingwe go nna gone kwa dikobamelong tsa mo mosong kwa sekolong ke seo botlhe ba patelediwang go se dira, ebile kokoano ya go rotloetsa batshameki e ka nna ya nna karolo ya thulaganyo eno. Dikokoano tsa go rotloetsa batshameki ka botsone di ka nna tsa farologana ka mokgwa o di tshwarwang ka one le ka tsela eo di itumedisang ka yone. Mme lemororo go ka se ka ga tlhomiwa molao ope o o gagametseng malebana le gore motho a nne gone mo kokoanong eno kana nnyaa, go botlhale gore mosha wa Mokeresete a tlotle dikgang tse di ntseng jalo le batsadi ba gagwe le go sekaseka mabaka a a farologaneng a a kopanyelediwang mo go seno. (Bona Diane 24:6.) Fa e le gore o swetsa ka gore o se ka wa kopanyelediwa mo dikokoanong tsa go rotloetsa batshameki, o ka nna wa tshwanelwa ke gore o lwantshane le tlhotlheletso e e maatla thata ya balekane. Mme lefa go ntse jalo ka metlha gakologelwa gore motho wa ntlha yo o tshwanelang go ikanyega mo go ene ke Modimo—eseng sekolo sengwe kana setlhopha sengwe sa motshameko.
[Lebokoso mo go tsebe 16]
‘Ke Batla go Nna Moeteledipele wa Setlhopha Se se Rotloetsang Batshameki!’
Basetsana ba le bantsi ba ba botlana—mmogo le basimane—ba eletsa go tuma, go tlotlwa ke batho ba bangwe, le go itsege thata eleng dilo tseo di nnang gone ka ntlha ya go bo motho e le moeteledipele wa setlhopha se se rotloetsang batshameki. “Go go itumedisa fela thata go tlhotlheletsa batho gore ba itumele le gore ba nne matlhagatlhaga,” go bolela jalo Lisa ebong mosetsana yo o tsopotsweng mo makasineng wa Seventeen. “Ebile go itumedisa fela thata fa mongwe le mongwe a go lebile!” Basha ba bangwe ba ngokiwa ke botsala joo go nna moeteledipele wa setlhopha se se rotloetsang batshameki go ka nnang ga ba leretse jone. Ka nako ya fa bao ba neng ba batla go tlatsa palo ya bone ba ne ba leka go dira gore Hannah yo mmotlana a ikwadisetse go lekelwa dikgaisano, ba ne ba mmolelela jaana: “Seno se ile go go dira gore o itsiwe ke mang le mang ebile se tlile go go dira gore o ratiwe ke basimane.” Basetsana bangwe ba bolela gore go nna moeteledipele wa setlhopha se se rotloetsang batshameki go ile ga godisa seriti sa bone.
Lefa go ntse jalo, ga se gore botshelo joo motho yo o etelelang setlhopha se se rotloetsang batshameki pele a bo tshelang ke jo bo itumedisang go le kalo ebile go na le dilo di le dintsi tse di kopanyelediwang mo botshelong jono jwa gagwe go na le boitumelonyana jono fela. Gantsi kwa ditekeletsong tsa go bona ba ba ka nnang batsayakarolo go na le dikgaisano tsa semphete o a nkgagola; fa o sa tlhophiwe gore o nne motsayakarolo seo se ka utlwisa motho botlhoko thata mo maikutlong. Ditlhopha tse di rotloetsang batshameki go tswa kwa dikolong tse di gaisanang di ka nna tsa tlhoana ka letlhoo le le seng kana ka sepe. Mo godimo ga moo, dingwe tsa dithulaganyo tsa gompieno tseo di raraaneng fela thata tsa go etelela setlhopha se se rotloetsang batshameki pele di tlhoka gore motho a bo a na le bokgoni jo bo batlang bo tshwana fela le jwa bao ba nnang le seabe kwa metshamekong ya Diolimpiki. Go a bo go ntse go gobalwa ka dinako tsotlhe mo metshamekong eno. Ka gone batho ba ba etelelang ditlhopha tse di rotloetsang batshameki pele ba tshwanetse go senya diura tse dintsi beke nngwe le nngwe ba ikatisa. Jaaka fa buka nngwe e e malebana le go etelela setlhopha se se rotloetsang batshameki kwa pele e bolela, motho o tshwanetse gore “a bo a ineetse mo go eteleleng setlhopha se se rotloetsang batshameki pele le mo go eteleleng pele mo dipineng tsa teng a dire gore seo se nne jaaka tsela eo a tshelang ka yone.”
A totatota Mokeresete a ka “ineela” mo sengweng se se senang mosola jaaka go rotloetsa moya wa sekolo? Legoka; ebile go tla bo go sa tshwanela gore mosha wa Mokeresete a tlhotlheletse boidiidi jwa batho gore bo opele dipina tsa phenyo kana gore bo opele dipina tse di galaletsang bothubaki kana go obamela ditlhopha tsa metshameko le bagaka ba metshameko. Ebile, jaaka fa go umakilwe pelenyana, kotsi ya “go ikōpanya le ba ba boshula” ke selo se go leng mosola thata go amega ka sone. (1 Bakorintha 15:33) Gape, a re se lebaleng mathata a go senang pelaelo epe gore a ka nna a nna gone ka ntlha ya go kopakopana ga rona le boidiidi jwa batho—le go ja modikwadikwane—re apere diaparo tseo di sa tlisetseng motho tlotlo tseo gantsi batho ba ba etelelang setlhopha se se rotloetsang batshameki pele ba kopiwang go di apara.—1 Timotheo 2:9.
Mo dilong tsotlhe tseo go tlotlilweng ka tsone, go phepafetse gore mosha wa Mokeresete ga a tshwanela go nna moeteledipele wa setlhopha se se rotloetsang batshameki. Yoo a ineetseng mo go ene ebong Jehofa o feta go nna moeteledipele wa setlhopha se se rotloetsang batshameki kgakala.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
A moya o o tsosiwang kwa dikokoanong tsa go rotloetsa batshameki ke o o dumalanang le melaometheo ya Bokeresete?
a Bona metseletsele ya ditlhogo tse di leng malebana le se se reng “Boemo jo bo Tsewang ke Metshameko” mo tokololong ya Tsogang! ya September 8, 1991.