Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo
Karolo 6—Dihempe Tse Dintshonyana le Di-Swastika
Puso ya “Bo-Fascist”: Puso e go busang mokgokgontshi mo go yone, eo e itsegeng ka ikonomi eo e laolwang ke Puso, molao o o tshwereng baagi ka letsogo la tshipi, le kgopolo ya bomorafe jwa ntwadumela; Bonazi: Puso ya Bo-Fascist ka tsela eo e neng e dirisiwa ka yone ke National Socialist German Workers’ Party eo e neng e le kafa tlase ga ga Hitler.
LEFOKO “Bo-Fascist” gantsi le re gopotsa mephato ya sesole ya kwa Italy eo e neng e apara dihempe tse dintshonyana le ka mophato wa masole a sephiri wa kwa Jeremane oo o neng o apara dihempe tse ditshetlha tse di nang le di-swastika. Mme lefa go ntse jalo dinaga tse dingwe le tsone di ile tsa nna le maitemogelo a tsone ka puso ya Bo-Fascist.
Mo dingwageng tsa bo 1930, puso ya Bo-Fascist e ne ya itshetlela thata kwa Hungary, Romania, le kwa Japane. Ka nako ya Ntwa ya Selegae ya kwa Spain, go ema puso ya Bo-Fascist nokeng go ne ga thusa Francisco Franco gore a kgone go dira gore Spain e nne kafa tlase ga gagwe, lemororo borahisitori ba bantsi ba sa lebe bokgokgontshi jwa ga Franco (1939-75) jaaka jwa puso ya Bo-Fascist ka mmatota go ya kafa bo neng bo ntse ka gone. Lefa go ntse jalo, bokgokgontshi jwa kwa Argentina jo bo simolotsweng ke Juan D. Perón (1943-55) jone bo ne bo ntse jalo.
Go Obamela Puso
Lefoko “Bo-Fascist” le tswa mo go la Setadiana eleng fascio mme le bolela letshwao le le neng le dirisediwa go emela Puso kwa Roma wa bogologolo. Letshwao leo le ne le bidiwa fasces ka Selatina, mme e ne e le ngata ya dithobane tseo bogale jwa selepe bo neng bo thunyeletsa mo gare ga tsone, eleng letshwao le le tshwanelang tota la go nna seoposengwe ga batho bao ba leng kafa tlase ga taolo e kgolo eo Puso e nang le yone.
Lemororo puso ya Bo-Fascist e simologile ka nako ya ga Niccolò Machiavelli, e ne ya se ka ya nna go fitlhela ka 1919, kana dingwaga di le 450 morago ga go tsalwa ga monna yoo, fa Benito Mussolini a ne a dirisa lefoko leo ka lekgetlo la ntlha. Machiavelli o ne a bolela gore tsela e le nngwe fela eo go tlhoka boikanyegi mo dipolotiking goo go neng go le teng ka motlha wa gagwe go neng go ka fedisiwa ka yone e ne e le ka gore go buse mokgokgontshi, eleng yoo a neng a tla busa ka tsela e e setlhogo legale a dira jalo ka botlhale.
Puso ya Bo-Fascist e batla ene moeteledipele yo o ntseng jalo yo o nonofileng, yo e a reng le tlhabile a le aramele, yo o kgonang go tlhotlheletsa batho e le gore e ke e nne le katlego. Ka mo go tshwanelang, Mussolini mmogo le Hitler ba ne ba bidiwa fela go twe “moeteledipele”—eleng Il Duce le der Führer.
Puso ya Bo-Fascist e dira gore Puso e nne yone e nnang kwa godimo go feta ditaolo tsotlhe tse dingwe, tsa bodumedi mmogo le tsa selegae. Moatlhodi mongwe wa Mofora ebong Jean Bodin wa lekgolo la bo 16 la dingwaga, rramatlhale wa Moesemane ebong Thomas Hobbes wa lekgolo la bo 17 la dingwaga, mmogo le borramatlhale ba Majeremane ba lekgolo la bo 18 le la bo 19 la dingwaga ebong Johann Gottlieb Fichte, Georg Wilhelm Friedrich Hegel, le Heinrich von Treitschke, botlhe ba ne ba galaletsa Puso. Hegel o ne a ruta gore Puso ke yone e e kwa godimodimo ka maemo le gore boikarabelo jo bogolo jo motho a nang le jone ke gore a e eme nokeng ka boikanyegi.
Go ya kafa dipuso di ntseng ka gone, tsotlhe di tshwanelwa ke gore di laole. Mme lefa go ntse jalo dipuso tsa Bo-Fascist di dirilwe ka boikaelelo jwa gore di e dirise ka mo go feteletseng, di batla gore di ikobelwe ka bofofu fela. Ereka Treitschke a ne a sa lebe batho ka sepe fela fa e se malata a Puso fela, o ne a bolela jaana: “Ga go kgathalesege gore ke eng seo o se akanyang, wena fela fa o ikoba go siame.” Ka mo go tshwanelang, puso ya Bo-Fascist e ne ya emisetsa mokgosi wa “Kgololesego, tekatekano, borwarre,” oo o neng wa utlwiwa ka nako ya Menolopuso E Kgolo ya kwa Fora, ka moano ono wa Setadiana “Go dumela, go ikoba, go lwa.”
Puso ya “Bo-Fascist” E Galaletsa Ntwa
Go lwa? Ee! “Ntwa ka boyone fela e dira gore dinonofo tsotlhe tsa batho di fitlhe kwa mankalengkaleng mme ebile e dira gore batho bao ba kgonang go ka ipeta pelo le go lebana nayo ba fetoge batlotlegi,” Mussolini o kile a oketsa seno ka go bolela jaana: “Ntwa mo monneng e tshwana le seo go nna mmè go se kayang mo mosading.” O ne a bitsa kagiso e e nnelang ruri a re ke selo se se “hutsafatsang thata le se se sa siamelang dinonofo tsotlhe tsa botlhokwatlhokwa tseo monna a nang le tsone.” Fa Mussolini a ne a bolela mafoko ano o ne a tswa a boeletsa maikutlo a ga Treitschke fela, yoo a neng a bolela gore ntwa e a tlhokafala le gore go e fedisa mo lefatsheng, ga go a siama gotlhelele, ebile “go kopanyeletsa go golafatsa maatla a le mantsi a botlhokwa le a a boitshegang ao moya wa motho o nang le one.”
Fa re na le tshedimosetso eno e e leng malebana le ntwa mmogo le bokgokgontshi, re ka nna ra se ka ra gakgamala go itse gore borrahisitori ba le bantsi ba dumela gore puso ya segompieno ya Bo-Fascist e simologile bogologolo kwa ka nako ya ga ya Napoléon I wa Fora. Lefa e ne e le mokgokgontshi ka nako ya fa dingwaga tsa bo 1800 di ne di simologa, go dumelwa gore ene ka boene o ne a sa buse ka puso ya Bo-Fascist. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa mekgwa eo a neng a busa ka yone, ya go tshwana le go tlhoma thulaganyo ya gore go nne le mapodisi a mo sephiring mmogo le go dirisa dikgopolo tse di sokamisitsweng le go tlhatlhobiwa ga dikgang go laola metswedi ya dikgang, e ne ya re moragonyana ga moo ya dirisiwa ke babusi bao ba busang ka puso ya Bo-Fascist. Mme ruri maikemisetso a gagwe a go busetsa Fora kgalalelo eo e neng e na nayo pele ke selo se se tshwanang sentle le bogolo jwa bomorafe eleng selo seo se tlhotlheletsang thata seo baeteledipele ba dipuso tsa Bo-Fascist ba itsegeng ka sone.
Ka 1922 batho bao ba ratang puso ya Bo-Fascist kwa Italy ba ne ba na le maatla ka mo go lekaneng mo eleng gore ba ne ba bo ba kgona go ka tlhoma Mussolini mo setulong sa bogosi jaaka tonakgolo ya gone, eleng boemo joo a neng a akofa a bo dirisetsa go mo thusa gore a fetoge mokgokgontshi. Malebana le dituelo, dioura, le mekgele ya ntshodikuno, diindaseteri tseo e neng e le tsa batho ka namana di ne tsa bewa kafa tlase ga taolo e e gagametseng ya puso. Tota, dikgwebo tseo di seng kafa tlase ga puso di ne di rotloediwa fela fa e le gore di ne di tshegetsa dikgatlhego tsa puso. Makoko a dipolotiki ao eseng a puso ya Bo-Fascist a ne a ilediwa ke molao; makgotla a badiri a ne a thibetswe. Puso e ne e beile metswedi ya dikgang kafa tlase ga yone ka tsela e e botlhale, e didimatsa bao ba leng kgatlhanong le yone ka go tlhatlhoba dikgang pele ga di gatisiwa. Go ne go tsewa matsapa a a kgethegileng gore bana ba tsenngwe moya wa yone, mme kgololesego ya motho ka namana e ne e fokoditswe mo go maswe thata.
Puso ya “Bo-Fascist,” ya Mofuta wa kwa Jeremane
“Go sa kgathalesege go bo go ile ga diragala gore di bone maatla ka tsela e e tshwanang,” go bolela jalo buka Fascism, e e kwadilweng ke A. Cassels, “Puso ya Bo-Fascist ya kwa Italy mmogo le Bonazi jwa kwa Jeremane di ne di farologane thata go ya ka tsela eo di ntseng ka yone le tsela eo di neng di bonela isagwe pele ka gone.”
Mo godimo ga borramatlhale ba Majeremane bao ba boletsweng pelenyana bao ba ileng ba direla jaaka baenyanapele ba kgopolo eno ya puso ya Bo-Fascist, ba bangwe, ba go tshwana le rramatlhale wa Mojeremane wa lekgolo la bo 19 la dingwaga ebong Friedrich Nietzsche ba ne ba thusa go bopa puso ya Bo-Fascist eo eleng ya mofuta wa kwa Jeremane fela. Lemororo e ne e se gore Nietzsche o ne a rata puso ya Bo-Fascist, gone mme o ne a dira boikuelo jwa gore go nne le setlhopha se se busang sa batshwanelegi, eleng lotso lwa batho bao ba leng botoka go phala ba bangwe. Lefa go ntse jalo, fa a ne a dira jalo go ne go sena lotso lope kana morafe ope o le mongwe oo a neng a akantse ka one, lefa a le mongwe ka monwana wa Bajeremane, bao a neng a sa ba rate ka gope ka tsela e e kgethegileng. Mme lefa go ntse jalo, mangwe a maikutlo a gagwe a ne a le gaufi le seo borramatlhale ba National Socialist ba neng ba se tsaya jaaka seo se tshwanelang Jeremane thata. Ka gone dikgopolo tseno di ne tsa dirisiwa, mme tse dingwe tsa tsone, tseo di neng di sa dumalane le thuto ya Bonazi, di ne tsa latlhiwa.
Hitler gape o ne a gapiwa maikutlo thata ke motlhami wa Mojeremane ebong Richard Wagner. Ereka Wagner a ne a na le moya wa bomorafe le wa boratanaga thata, o ne a leba Jeremane jaaka eo e tlileng go dira thomo nngwe e kgolo mo lefatsheng. “Mo go Hitler mmogo le mo go borramatlhale ba Manazi Wagner e ne e le mogaka wa mmatota,” go bolela jalo Encyclopedia of the Third Reich. E tlhalosa jaana: “Motlhami yono o ne a tseela bogolo jwa Jeremane kwa godimo thata. Go ya ka maikutlo a ga Hitler mmino wa ga Wagner o ne o tshegetsa bomorafe jwa Jeremane.”
Mokwadi ebong William L. Shirer o oketsa jaana: “Lefa go ntse jalo, e ne e se seo a [Wagner] neng a se kwala ka dipolotiki, mme go na le moo e ne e le dipina tsa gagwe tse di kwa mankalengkaleng, tseo di neng di gopotsa ka lefatshe la Jeremane la bogologolo tala ka ditlhamane tsa yone tsa bogaka, medimo ya yone ya ntwa ya boheitane mmogo le bagaka ba yone, badimona ba yone mmogo le diterakone tsa yone, bobaba jwa yone ka ntlha ya madi mmogo le melao ya yone ya semorafe, go ikutlwa ga yone e fitlheletse seo e neng e se batla, eleng lorato lo lo tukang mmogo le botshelo jo bo molemolemo le kafa loso lo tlotlegang ka gone, tseo di neng tsa tlhotlheletsa ditlhamane tsa Jeremane wa segompieno mme tsa e neela Weltanschauung [pono ya lefatshe] ya Sejeremane eo Hitler le Banazi, ba sena go e fetola go sekae, ba neng ba e ntsha ya bone.”
Tsela eo Nietzsche le Wagner ba neng ba akanya ka yone e ne e tlhotlhelediwa ke Comte Joseph Arthur de Gobineau, eleng modipolomate wa Mofora ebile e le mankge mo saenseng ya go kgaoganya batho ka ditso tsa bone, yoo, magareng ga 1853 le 1855, a neng a kwala Essai sur l’inégalité des races humaines (Tlhamo Eo Eleng Malebana Kafa Ditso tsa Batho Di Sa Lekalekaneng ka Gone). O ne a bolela gore setso sa motho ke sone seo go itshetlegang ka sone gore go felela go diragetse eng ka batho. Go tswaka botho jwa setso jwa Ba-Aryan e ne e tlaare kgabagare go felele ka gore ba felele mo phefong, o ne a tlhagisa jalo.
Bomorafe mmogo le go tlhoa Bajuda goo go ileng ga nna gone ka ntlha ya dikgopolo tseno e ne e le ga mofuta wa puso ya Bo-Fascist ya Jeremane. Mekgwa eo ya go busa ka bobedi jwa yone e ne e se botlhokwa go le kalo kwa Italy. Tota, bosupi jwa go nna le letlhoo kgatlhanong le Bajuda kwa Italy bo ne bo tsewa ke batho ba le bantsi ba Italy jaaka seo se supang gore tlhotlheletso e kgolo ya ga Hitler ya gore go nne le puso ya Bo-Fascist e ne e nna yone e tsenang mo boemong jwa ya ga Mussolini. Ee ruri, fa nako e ntse e tsamaya, tlhotlheletso ya ga Hitler mo mekgweng ya go busa mo pusong ya Bo-Fascist ya kwa Italy e ne ya gola.
Mo maitekong a tsone a go dira gore morafe wa tsone e nne o mogolo go feta e mengwe, puso ya Bo-Fascist ya kwa Italy e ne ya leba go sele mme puso ya Bo-Fascist ya kwa Jeremane le yone ya leba go sele. Mokwadi ebong A. Cassels o tlhalosa gore “koo Mussolini a neng a ka rotloetsa batho ba naga ya gagwe gore ba etse ditiro tsa Baroma ba bogologolo gone, Banazi ba ne ba tlhoma megopolo ya bone mo go tlhotlheletseng Majeremane, eseng fela gore ba dire seo bagale ba bogologolo ba Majeremane ba se dirileng, mme mo godimo ga moo gore gape ba bo ba nne bonebone bagale bao ba morafe bao ba tsetsweng ka mebele e mesha mo lekgolong la bomasome a mabedi a dingwaga.” Ka mafoko a mangwe, puso ya Bo-Fascist ya kwa Italy e ne e batla go dira gore e boelwe ke kgalalelo ya yone ya pele, jaaka go ka tualo, ka go kgokgothisetsa Italy, eleng naga eo e neng e ise e tlhabologe mo diintasetering, gore e tsene mo botshelong jwa lekgolo la bo 20 la dingwaga. Jeremane, kafa letlhakoreng le lengwe, e ne e batla go dira gore e boelwe ke kgalalelo ya yone ya pele ka go boela morago kwa ditlhamaneng tsa mo nakong e e fetileng.
Seo Se Dirileng Gore E Kgone go Nna Teng
Mo dinageng di le dintsi, batho ba puso ya Bo-Fascist ba ile ba tsaya marapo a puso morago ga go sena go nna le matlhotlhapelo mangwe mo morafeng, kwelotlase ya tsa itsholelo, kana go fenngwa ga masole. Go ne ga nna jalo kwa Italy mmogo le kwa Jeremane. Lemororo di ne di le mo matlhakoreng ao a lwantshanang ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, tsoopedi di ile tsa tswa mo ntweng eo di le bokoa thata. Go se kgotsofale ga semorafe, go reketla ga ikonomi, le go befa ga ntwa ya go lwantshana ka ditlhopha go ne ga padimola dinaga tseo ka bobedi jwa tsone. Jeremane e ne ya nna le infoleishene e e neng ya ya kwa godimo thata, mme go tlhoka mmereko go ne ga ya kwa godimodimo. Molaomotheo wa temokeratiki le one o ne wa nna bokoa, mme mo godimo ga moo o santse o kgorelediwa ke tlwaelo ya sesole mmogo le ya bokgokgontshi ya kwa Prussia. Mme puso e e neng e boifiwa ya Ba-Bolshevik ya Soviet e ne ya runya gongwe le gongwe ka letshwenyo la yone.
Kgopolo ya ga Charles Darwin ya gore dilo di itlhageletse le ya gore tlholego ke yone e dirang kgetho e ne e le selo se sengwe sa konokono seo se neng sa baka gore puso ya Bo-Fascist e nne teng. Buka ya The Columbia History of the World e bua malebana le kafa “go dirisiwa ga Dikgopolo tsa ga Darwin mo Loagong go neng ga tsosolosiwa ka gone mo dikgopolong tsa batho ba ba emang puso ya Bo-Fascist nokeng, tseo di neng di tlhotlhelediwa ke Mussolini mmogo le ke Hitler.”
Encyclopedia of the Third Reich e dumalana le tlhaloso eno, e tlhalosa gore go dirisiwa ga dikgopolo tsa ga Darwin mo loagong e ne e le “yone kgopolo eo e neng ya tlhotlheletsa Hitler gore a ganyaole batho.” Tumalanong le dithuto tsa ga Darwin tsa gore dilo di itlhageletse, “borramatlhale ba Majeremane ba ne ba bolela gore puso ya segompieno, mo boemong jwa gore e dirisetse maatla a yone go sireletsa ba ba bokoa, e tshwanetse ya latlha baagi ba yone ba ba leng bokoa mme e amogele ba ba nonofileng, ba ba nang le pholo e e molemo.” Ba ne ba bolela gore ntwa ke selo se se tlwaelegileng fa ba ba maatla ba ntse ba kgaratlhela gore ba tswelele pele ba tshela, gore “phenyo e bonwa ke ba ba maatla, mme ba ba bokoa ba tshwanetse ba fedisiwa.”
A go Na le Sengwe Seo Se Ithutilweng?
Metlha ya mephato ya masole a kwa Italy a a aparang dihempe tse dintshonyana le ya mephato ya masole a sephiri a kwa Jeremane a a aparang dihempe tse di nang le di-swastika, tse ditshetlha e fetile. Lefa go ntse jalo, le eleng ka 1990, metlhala ya mo puso ya Bo-Fascist e fetileng teng e santse e le teng. Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng makasine wa Newsweek o ne wa tlhagisa gore mo e ka nnang mo morafeng mongwe le mongwe wa kwa Yuropa Bophirima, “ditlhopha tsa majelathoko di boela gapegape di bontsha gore moya wa bomorafe oo o ipoteditseng mmogo le go ikuela mo ditekanyetsong tsa boitshwaro jwa semorafe le jwa bokgokgontshi di santse di ka engwa nokeng ka tsela e e gakgamatsang.” Kwantle ga pelaelo mongwe wa mekgatlho eno e e maatla ke National Front ya ga Jean-Marie Le Pen ya kwa Fora oo o neng o na le molaetsa oo o neng o batla “o tshwana fela le wa National Socialism.”
A ke selo se se nang le tlhaloganyo go ka baya tshepo mo mekgatlhong e mesha ya puso ya Bo-Fascist? A dilo tse di bakileng gore go nne le puso ya Bo-Fascist—eleng thutotlhagelelo ya ga Darwin, bosetšhaba, go rata sesole, le bomorafe—di bopa motheo o o nonofileng oo go ka agelwang puso e e molemo mo godimo ga one? Kana a o ka se dumele gore jaaka mefuta e mengwe yotlhe ya puso ya motho, puso ya Bo-Fascist e beilwe mo dikaleng tsa katlholo mme e fitlhetswe e tlhaela?
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Puso ya Bo-Fascist—A Motheo wa Yone Ke O O Nonofileng?
Thutotlhagelelo ya ga Darwin: “Palo e e ntseng e gola ya borrasaense, segolobogolo palo e e golang ya borrathutotlhagelelo . . . ba bolela gore kgopolo ya ga Darwin ya thutotlhagelelo ga se kgopolo ya mmatota ya saense gotlhelele.”—New Scientist, June 25, 1981, Michael Ruse.
Bosetšhaba: “Pharologanyo eo eleng teng mo gare ga ditšhaba le batho, moo eleng gone, ke selo se se mo tlhaloganyong fela le sa loago; ga e yo mo dibopapopegong!”—Genes and the Man, Moporofesara Bentley Glass.
“Batho ba ditšhaba tsotlhe . . . ba tswa mo mothong a le mongwe wa ntlha.”—Heredity and Humans, mokwadi wa saense ebong Amram Scheinfeld.
Go Rata Sesole: “Botlhale, maatla a badiri, le mahumo tseo di goromelediwang mo selong seno . . . sa botseno eleruri di jesa kgakge. Fa merafe e ka bo e sa tlhole e ithuta tlhabano gope, go ka bo go sena sepe seo batho ba neng ba ka palelwa ke go se dira.”—Mokwadi mongwe wa Moamerika ebile e le mofenyi wa sejana sa Pulitzer ebong Herman Wouk.
Bomorafe: “Bomorafe bo kgaogantse batho ka ditlhophanyanatlhophanyana tse di tshwaranang setlhogo. Ka ntlha ya moo, batho ba akanya pele jaaka Maamerika, Ma-Russia, Ma-China, Baegepeto kana Ba-Peru, mme morago e bo e le gone ba akanyang jaaka batho—fa e le gore gone ba a tle ba akanye jaaka batho tota.”—Conflict and Cooperation Among Nations, Ivo Duchacek.
“Mathata a le mantsi ao re nang le one gompieno a teng ka ntlha ya, kana a bakwa ke, maikutlo a a sa siamang—a mangwe a one batho ba nna le one ba sa lemoge seo. Gareng ga ano go na le boeleele jo go tweng bomorafe—‘ke naga ya ga etsho, go sa kgathalesege gore a e dira se se siameng kana nnyaa.’”—Monna yoo e kileng ya bo e le Mokwaledikakaretso wa Mokgatlho wa Merafe E E Kopaneng ebong U Thant.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Ditshwantsho tsa bogologolo tsa bodumedi, tsa go tshwana le swastika, le moano wa gore, “Modimo O Na le Rona” ga di a ka tsa sireletsa puso ya ga Hitler
Fasces, eleng setshwantsho sa ga Mussolini sa puso ya Bo-Fascist, di fitlhelwa mo mading mangwe a kwa U.S.