LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 6/8 ts. 17-19
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Direla Ba Bangwe Dilo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Direla Ba Bangwe Dilo?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Koo Bogagapa Bo Simologileng Gone
  • Seo go Thusa Ba Bangwe go Se Kopanyeletsang
  • Go Direla Lelapa la Lona Dilo
  • Go Nna Moagelani Yo O Molemo wa Bakeresete ka Wena
  • Go Thusa “Ba Ba Kwa Ntlè”
  • Fa O Aba go Na le Seo O Se Bapalang
  • Lelapa la Bokeresete le Thusa Batsofe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Aba go Dira Gore re Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Go Thusa Batsofe ba Rona ka Dilo tse ba di Tlhokang—Ke Kgwetlho mo Bakereseteng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Tlhokomela Dikgatlhego tsa Bagodi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 6/8 ts. 17-19

Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go Direla Ba Bangwe Dilo?

“KE DIKGATLHEGO tsa ga mang tseo di tlang pele mo botshelong jwa gago?” Mmegadikgang wa Tsogang! o ne a botsa setlhopha sengwe sa basha mo mmileng mongwe o o neng o tletse ka batho potso eno. “Ke tsa me,” Mike o ne a rialo. “Ke batla ‘go nna wa ntlha’ pele, la bofelo, le ka metlha.” Susie yo o nang le dingwaga di le somesupa o ne a bolela jaana: “Fa go tsenwa mo pholong ya lelapa la kwa gae kana ya me, ya me e ne e tla nna ya pele.”

Ka maswabi, ba le bantsi ba na le maikutlo a a tshwanang le ano. Buka e e bidiwang The Postponed Generation e bolela ka patlisiso e e dirilweng mo baithuting ba le 1 125 eo mo go yone baithutaloago bangwe ba le babedi ba neng ba leka go batlisisa gore a batho ba basha ba amegile thatathata ka bone ka namana kana ka batho ba bangwe. Dipholo tsa seo e ne ya nna eng? Mo e ka nnang 80 lekgolong ya bone ba ne ba itshupa e le ba ba “itšhebileng ba le bosi, ba sa kgathalele ba bangwe kana go ikutlwa ba na le seo ba tshwanelang go ba se direla.”

Ka jalo he, ga go gakgamatse go bo e le ba sekae fela bao ba iketleeleditseng go direla ba bangwe dilo, go ikgoreletsa ka ntlha ya ba bangwe kana go dira boiteko jo bo oketsegileng go thusa ba bangwe. Dibuka tse di ntseng jaaka ya The Art of Selfishness le Looking Out for Number One di fetogile tse di rekwang ka bontsi, di na le thuso e kgolwane mo go bontsheng motho kafa a ka godisang mokgwa wa boithati ka gone. Jaaka fa Bibela e boleletse pele, batho gompieno ke “baithati.”—2 Timotheo 3:1, 2.

Lefa go le jalo, o arabela jang mo dilong tseo ba bangwe ba di tlhokang? Ka sekai, fa o santse o re o dula fa fatshe fela gore o bogele lenaneo leo o le ratang thata la thelebishene mme Mama kana Papa a bo a go kopa gore o mo ele kwa lebenkeleng, a oa galefa kana oa tenega? A o a gana fa go twe o dire ditiro dingwe tsa kwa gae, fa go twe o fe morwarraago kana kgaitsadio diaparo kana go twe o tlhakanele le ene kamore, kana gongwe gore o direle motho yo mongwe sengwe fela fa e le seo se tla ‘go kgoreletsang mo go sengwe’? Fa e le gore go ntse jalo ke nako ya gore o dire diphetogo tse di rileng. Mme ka ntlhayang? Mme sa botlhokwa le go feta, o ka di dira jang?

Koo Bogagapa Bo Simologileng Gone

Molao o Modimo o o neileng batho ba one ke gore: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:39) Seno se raya gore re tshwanetse ra kgathalela ba bangwe, re sa itšhebe re le rosi fela, re amege ka dilo tseo ba bangwe ba di tlhokang. Lefa go le jalo, ga se ka metlha re fitlhelelang kgopolo eno e e molemo, mme Bibela e re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa go ntse jalo. Mo go Genesise 8:21 e bolela jaana: “Go akanya ga pelo ea motho go . . . boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.”

Rraaronamogolo ebong Adame o ne a sa kgathale go le kalo malebana le kafa tiro ya gagwe ya go tsuolola e neng e tla ama ba bangwe ka gone. Ka jalo, ga go a tshwanela go re gakgamatsa go bo rona, losika lwa gagwe, re tsetswe re na le letshwao leno la go nna bogagapa. (Bapisa Pesalema 51:5.) Seno se bonala fa motho a santse a le mmotlana thata ka tsela e e gakgamatsang. Makasine wa Parents o bontsha jaana: “Bana botlhe ba bannye ba na le moya wa boithati. . . . Ba go kgatlhegela fela fa o ba direla sengwe.” Fa bogagapa bo ka tlogelwa fela bo sa tlhokomelwa e ka nna selo seo se nneleng ruri mo mothong.

Selo se sengwe seo se kgoreletsang motho gore a seka a direla ba bangwe dilo ke go nna botshwakga. (Diane 21:25) Eleruri, fa botshwakga bo leng bogolo gone, motho o tlhagisa diipato tse di sa tlwaelegang tsa go tila go dira dilo. Diane 22:13 e bolela jaana: “Serorobe sea tle se re, Go na le tau kaha ntlè; ke tla bolawa mo mebileñ.”

Seo go Thusa Ba Bangwe go Se Kopanyeletsang

Setshwantsho se se kaga Mosamaria yo o molemo seo se begilweng mo go Luke 10:29-37 se bontsha gore go thusa ba bangwe go ka kopanyeletsa gore motho a intshe setlhabelo eleruri. Fa a ne a arabela potso e e reng, “Ana, moñwe ka nna e be e le mañ?” Jesu o ne a bolela ka monna mongwe wa Mojuda yo o neng a ketekiwa ke dinokwane mme tsa mo tlogela a le gaufi le go swa. Go sa kgathalesege dikgotlhang tsa ka ntlha ya lotso tseo di neng di le gone mo gare ga Bajuda le Basamaria, monna mongwe wa Mosamaria o ne a tlhotlheletsega go ka direla monna yoo yo o neng a tlhasetswe ke dinokwane sengwe. O ne a alafa dintho tsa monna yoo, a dirisa beine le lookwane tseo e leng tsa gagwe. Mme go tswa foo o ne a pega monna yoo mo phologolong ya gagwe ka go mo pepetletsa mme a mo isa kwa ntlwaneng ya baeng. O ne a duela mong wa ntlwana eo ya baeng mo e ka nnang madi a a lekaneng malatsi a le mabedi mme a mo solofetsa gore o tla mo duela madi a a oketsegileng a ditshenyegelo tseo di ka nnang gone.

Setshwantsho seno seo se amang maikutlo se bontsha seo go direla ba bangwe dilo go se rayang: eleng go ithaopela go dira dilo, go itira mong ka ba bangwe. Go kopanyeletsa gore o iketleeletse go ntsha nako ya gago, maikatlapelo a gago, le ditshenyegelo tsa gago setlhabelo. A re tlotleng ka dingwe tsa ditsela tseo o ka dirang seno ka tsone.

Go Direla Lelapa la Lona Dilo

Beng ka wena bao o atamelaneng thata nabo ke maloko a lelapa la gago—eleng batsadi, bomorwarrago, bokgaitsadio. Lefa go le jalo, o ka nna wa akanya gore bao ba atamalaneng thata le wena ba tshwanetse ba tlhaloganya kafa o tshwaregileng thata ka gone mo botshelong mme ba seka ba nnela go batlakaka dilo di le dintsi mo go wena tse di sa tlhokafaleng. Lefa go le jalo, Bibela e kgothaletsa jaana: “Lo cholane ka go phumisetsanya lo sena ñōñōrègō.” (1 Petere 4:9) Leka go leba dilo tseo di lebegang di tla go kgoreletsa mo go sengwe, eseng jaaka dilo tse di tenang, mme go na le moo jaaka ditshono tsa go nonotsha sebofo sa lelapa.

Eddie o gakologelwa jaana: “Thulaganyo ya ga mmè gantsi e ne e dira gore a lape thata. Mme ga nkitla ke bo ke tsamaya ke lebala tsela eo a neng a lebega ka yone mo sefatlhegong fa a ne a bula mojako mme a fitlhela dijana di tlhatswitswe, go koropilwe fa fatshe, mme go baakantswe tafole e baakanyeditswe dijo tsa maitsiboa. Ke boammaaruri gore nkabo ke ratile go ya go tshameka bolo ka dinako tseo, mme go direla ba bangwe dilo go ne ga nthusa gore ke dire gore lelapa la rona e nne le le kitlaneng thata.” A o ka akanya ka ditsela tse dingwe tseo o ka direlang maloko a lelapa la lona dilo ka tsone?

Go Nna Moagelani Yo O Molemo wa Bakeresete ka Wena

Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Yalo, ha re bōna lobaka, a re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” (Bagalatia 6:10) Go felela ka boitumelo jo bogolo fa o direla Bakeresete ka wena dilo.—Ditihō 20:35.

Ka sekai, Chris, yo o nang le dingwaga di le somethataro, ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ipelela go nna a rongwa ke leloko lengwe la phuthego ya ga bone le le godileng thata. Ka nako nngwe o ne a mo leletsa mogala a mo kopa gore a tle go mo thusa. Lefeti ya kago eo a neng a nna mo go yone e ne e sa bereke, mme ka gonne o ne a sa kgone go tlhatloga ka ditepese tsa matlhatlaganyane a le matlhano go ya kwa godimo, o ne a sa itse gore a ka dirang. Fa Chris a fitlha, o ne a mo raya a re: “Pagama mo mokokotlong wa me, mme ke tla go isa kwa godimo fa o rata.” Ba ne ba tlhatloga jalo ba ya go fitlha kwa matlhatlaganyaneng a botlhano! A go ne go lapisa? Eleruri go ne go lapisa. Mme Chris ga a ka a duelwa fela ka go bo tsala eno ya gagwe e e godileng thata e ne ya mo leboga mme gape le go itse gore seo a se dirileng se ne se itumedisa Modimo!

Lefa go le jalo, ga wa tshwanela go letela gore maemo ano a a sa tlwaelegang gore o bontshe kafa o amegileng ka ba bangwe ka gone. Ka sekai, pele ga dipokano tsa Bokeresete di tsena le fa di tswa, basha bangwe ba rata go kgobokana ba le mmogo e le bone fela, ba sa kopanyeletse le batho ba ba godileng. Seno se kgatlhanong le kgakololo ya Bibela ya gore re “bontshe go akanyetsa” ba ba godileng. (Lefitiko 19:32, NW) Ka dinako tse dingwe, go ba dumedisa ka tsela ya botsalano kana go tlotla le bone ka bokhutshwane fela ke sone fela se se tlhokafalang go ka itumedisa motho yo o godileng. ‘Mme go boima mo go nna go ka buisana le batho ba ba godileng,’ o ka nna wa gana ka go rialo. ‘Ga go na dilo di le kalo tseo re tshwanang nabo ka tsone.’

Doug, yo jaanong a direlang jaaka mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete, o gakologelwa jaana ka boitumelo: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 19 ditsala tsa me tse dikgolo e ne e le tsa batho ba ba godileng thata ba ka lekana le batsadi ba me le borremogolo le bommemogolo ba me. Abo ba ne ba nna le seabe se segolo jang ne mo kgolong ya me ya semoya!” Ke ka ntlhayang fa o sa ithaope go le gonnye mme o tlhomamise gore o nne tsala le batho ba ba godileng, gongwe kwa pokanong ya lona e e latelang ya Bokeresete? Gantsi o tla fitlhela gore go na le dilo di le dintsi go feta kafa o neng o akanya ka tsone tseo lo tsamayang tsela e le nngwe mo go tsone! Mme jaaka Doug, o tla fitlhela gore o ka ithuta sengwe go tswa mo boitemogelong jwa bone jo bo botlhokwatlhokwa jwa mo botshelong.

Go Thusa “Ba Ba Kwa Ntlè”

Mo go Bakolosa 4:5 moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Ba ba kwa ntlè lo ba tsamaèlè ka botlhale, lo nntse lo shwèla lobaka molemō.” Basupi ba ga Jehofa ba bontsha go amega ka ba bangwe ka go rera molaetsa wa Bibela. (Mathaio 24:14) Basha bao ba tsayang maikarabelo ao ba nang le one fa pele ga ga Jehofa ka tsela e e masisi ba tlhotlhelediwa ke seo gore ba nne le seabe ka botlalo ka mo go ka kgonagalang ka gone mo tirong eno.

“Ke intsha setlhabelo mo tirong ya go rera ka gonne ke rata Jehofa,” go rialo Tamitha. Lemororo a na le dingwaga di le 11 fela, o senya diura di le dintsi kgwedi nngwe le nngwe mo tirong ya go rera mafoko a a molemo. “Go rera le gone go nneela tshono ya gore ke bontshe ka moo ke ratang baagelani ba me ka gone.” Mo boemong jwa gore ba batle ditiro tse di duelang madi a le mantsi, basha ba le diketekete ba Bakeresete ba ile ba dira tiro ya go direla ba bangwe e le baefangele ba nako e e tletseng, gantsi ba dira tiro e e sa tseyeng letsatsi lotlhe gore ba kgone go itlamela. Ba bangwe ba ile ba ithaopela go nna barongwa kana badiredi ba kwa diofising tse di farologaneng tsa makala a Mokgatlho wa Watch Tower.

Fa O Aba go Na le Seo O Se Bapalang

“Batho ba tlhoka batho ba bangwe gore ba nne le pholo e e molemo,” go ne ga rialo makasine wa American Health. Babatlisisi ba bolela le eleng gore batho bao ba direlang ba bangwe dilo ba nna le melemo mengwe ya pholo ka ntlha ya seo. Lefa go le jalo, Jesu Keresete o ne a bontsha molemo o mongwe gape, a bolela jaana: “Naeañ, me lo tla nèwa.” (Luke 6:38) Motho yo o pelotshweu o ratwa ke ba bangwe; fa nako e ntse e ya ene ka boene o direlwa ka bopelotshweu!—Bapisa Diane 11:25.

Ka jalo nna yo o abang, o direle ba bangwe dilo. Nako le nako fa tlwaelo ya gago ya go nna bogagapa e tlhagisa tlhogo ya yone, gakologelwa gore Lefoko la Modimo le a re: “A go se nne motho opè eo o ipatlèlañ molemō hèla, me a moñwe le moñwe a batlèlè oa ga gabō molemō.” (1 Bakorintha 10:24) Fa o dira jalo ga se fela gore o tla fetoga tsala ya ba bangwe mme gape o tla amogelwa le ke Modimo Mogodimodimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Fa re direla ba bangwe dilo seo se re tlisetsa boitumelo jo bo bogolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela