Ditekanyetso tsa Boitsholo Tse Di Lereng Boitumelo
NGWANA o ne a tla dirang fa a ne a tlogetswe fa pele ga tafole e tletse ka dijo tse di nang le dikotla le dimonamone? Fa go ne go sena ope yo o mo kaelang, go phepafetse gore o ne a tla tlhopha go ja seo a se ratang thata—eleng seo go neng go tla diragala thata gore e nne dimonamone—go fitlhelela a lwala.
Fa go buiwa ka maitsholo, motho o lebane le dilo tse dintsi tseo a tshwanetseng a tlhopha mo go tsone. Ke eng seo a se batlang thata? A o batla botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa le isagwe e e bolokesegileng kana, go sa kgathalesege ditlamorago tsa seno, a o batla botshelo jwa letsatsi le letsatsi jo eleng jwa menate fela? Lefa e ka nnang eng fela seo a se tlhophang, seo a se tlhophang se tla bopa tsela eo a tshelang ka yone mme se ama isagwe ya gagwe—se ka tswa se e ama ka tsela e e molemo kana e e bosula.
Ditlamorago
Ditlamorago tsa phetogo e kgolo ya mokgwa wa go tlhakanela dikobo le boitaolo ga di a ka tsa nna molemo. Batho bao ba neng ba dira jaaka ba rata ba ile ba tlhagelwa ke mathata a le mantsi ao a sa batlegeng: magae a a thubegileng, go ima go go sa batlegeng, go bolawa ke AIDS le ke malwetsi a mangwe ao a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo, matshelo ao a senyegileng a senngwa ke go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, le ditlamorago tse dingwe tseo di sa eletsegeng. Ditlamorago tseno tse di bosula di tshwanela tlhaloso eno e e kwadilweng mo Bibeleng mo go Diane 16:25: “Go na le tsela e eketeñ e siame mo mothuñ, me bokhutlō yoa eōna ke ditsela tsa losho.”—Bona gape Bagalatia 5:19-21.
Bogagapa jo bo anameng le boitaolo jwa go sa kgathale le tsone di tshwanela tlhaloso ya motlha wa rona eo e fitlhelwang mo go 2 Timotheo 3:1-4: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.”
Motheo wa Melao E E Molemo go Gaisa Yotlhe ya Boitsholo
Seno sotlhe se bontsha kafa motswedi wa ditekanyetso tse di kwa godimo go gaisa tsa motho o tlhokafalang ka gone gore re ke re kgone go tsamaya ka botlhale mo dipakeng tseno tse di tlhokofatsang. Jeremia, ebong mongwe wa bakwadi ba Bibela, o ne a dumalana le seno fa a ne a bolela jaana: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi.”—Yeremia 10:23.
Mme ke mang yo o ka re tlhomelang motheo wa ditekanyetso tse di molemolemo go gaisa tsa boitsholo? Mo bukeng ya gagwe ya Cours de philosophie, moperofesara wa Mofora ebong Armand Cuvillier o tlhalosa gore ene, jaaka batlhalefi ba bangwe ba le bantsi, o tsaya “motho jaaka tekanyetso ya konokono ya boitsholo.” Lefa go le jalo, o re gakolola gore melao yotlhe ya maitsholo eo e theilweng mo mothong e bokoa mme ebile gantsi e emisediwa ka e mengwe fa nako e ntse e ya.
Motho yo o dirileng motšhini gantsi ke ene yo o tshwanelegang go gaisa botlhe go ka dira gore o dire ka tsela e e botoka go gaisa. Go ntse jalo le ka Modimo le motho. Jaaka Mmopi wa motho, Jehofa o mo boemong jo bo molemolemo jwa go ka mmontsha ditekanyetso tsa boitsholo tseo a tshwanetseng go nna le tsone, le gore ke ka ntlhayang fa a tshwanetse a nna le tsone. Mo Bibeleng, Jehofa o ipitsa ‘yo o re rutang go itemohalela, yo o re gogang mo tseleng eo re tshwanetseng go tsamaya ka yone.’—Isaia 48:17.
A Ditekanyetso tsa Yone Tsa Boitsholo Ke Tse Di Tswileng mo Fesheneng?
A ditekanyetso tsa Bibela tsa boitsholo di ka dirisiwa mo motlheng wa rona? Go feta dingwaga tse 1 900 tse di fetileng, moaposetoloi Paulo o ne a neela lenaane la dinonofo tse batlhanka ba Modimo ba tshwanetseng go nna le tsone. O ne a bua ka “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlo le boikgapo.” A dinonofo tseno ke tse di seng botlhokwa go le kalo? Eleruri nnyaa! Lemororo maemo a fetogile, melaometheo eno ya maemo a a kwa godimo e santse e le e e molemo go gaisa yotlhe.—Bagalatia 5:22, 23.
Go ka buiwa se se tshwanang le ka dilo tseo Bibela e di iletsang. Ka sekai, ke ka ntlhayang fa Modimo o ne wa senya metse ya Sodoma le Gomora? Morutwa Jude o ne a tlhalosa gore e ne e le ka ntlha ya go bo batho ba gone ba ne ba “ineèla mo kgokahaloñ [ba] latèla mokgwa oa nama e sele.” Jude o oketsa ka gore go senngwa ga bone ke “tlhagiso eo e nnetseng ruri.” Ereka pego eno le tse dingwe tse di tshwanang le yone “di kwadilwe gore di re rutè,” “ka mokgwa oa sekaèlō,” dithuto tsa maitsholo tseo di tswang mo go tsone di santse di le botlhokwa.—Jude 7, Phillips; Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11.
Ditekanyetso tsa Boitsholo Tseo Di Go Dirang Gore O Itumele
Gakologelwa gore Bibela ke buka ya mofuta wa yone fela. E amogele, “e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla.” (1 Bathesalonia 2:13) Mo dibukeng tsotlhe tse di dimilionemilione tse di mo lefatsheng, ke Bibela fela eo e ‘tlhotlheleditsweng ke Modimo, mme e ka sokolola.’ (2 Timotheo 3:16) Ke yone fela eo e ka re neelang ditekanyetso tsa boitsholo tse di molemo go gaisa tsotlhe le go re bontsha ka moo di ka dirang gore re bone botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha ka gone. Eleruri, o tla bo o le botlhale fa o ka e sekaseka.
Seno ke sone seo lekawana lengwe leo le bidiwang Joël le neng la se dira. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, o ne a ebela mo mebileng ya kwa toropong ya bone kwa Fora a na le basha ba bangwe—a itlhomeletse ka dibetsa. O ne a itsege kafa a neng a tlala bogale ka bonako ka gone, mme o ne a rekisa diokobatsi ebile e ne e le motho yo o batlelang diaka bao di ka lalang nabo. Joël o ne a ithuta ka Bibela le ka tsholofelo eo e e lereng, mme, fa nako e ntse e tsamaya, o ne a fetoga gotlhelele, a latlha mekgwa eo Bibela e e kgalang. Ba le mmalwa ba ditsala tsa gagwe tsa pele ba ne ba tlhatswega pelo gore o bone boammaaruri, ka jalo le bone ba ne ba dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone mme ba kolobediwa jaaka Basupi ba ga Jehofa.
Legale, bontsi jwa bao ba fetogang Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tshele botshelo jo bo kgakalakgakala go le kalo le melaometheo ya Bibela jaaka fa go ne go ntse ka Joël le ditsala tsa gagwe. Mme botlhe bao ba fetogang Basupi ba dumalana go tlhatlhoba sesha ditekanyetso tsa boitsholo tseo ba tshelang ka tsone mo matshelong a bone—le eleng le fa di ne di se maswe ka botsone—mme ba tlhatswegile pelo gore ba bone ditekanyetso tsa boitsholo tseo di ba dirang gore ba itumele.
Go ralala lefatshe lotlhe, mo e ka nnang dimilione di le nnè tsa Basupi ba leka go tshela tumalanong le melaometheo eno letsatsi le letsatsi, go sa kgathalesege naga kana mofuta wa batho bao ba nnang mo gare ga bone. Gape ba baya dikgatlhego tsa Bogosi jwa Modimo kwa pele, ba baya ditekanyetso tsa semoya tsa boitsholo kwa pele mo matshelong a bone. Ke ka ntlhayang fa o sa amogele taletso ya bone ya gore ba go thuse gore o tlhatlhobe melemo ya tsone eo le wena o ka e bonang go tswa go ditekanyetso tseno tsa boitsholo? Botlhe bao ba dirang tlhopho eno ba solofediwa “kagishō e kgolo.”—Pesalema 119:165; Mathaio 6:33.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Batho ba tlhoka ditekanyetso tsa boitsholo tseo di fetang botlhajana jwa motho