LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w17 August ts. 30-31
  • “Re a Go Nna le Kopano e Nngwe Leng Gape?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Re a Go Nna le Kopano e Nngwe Leng Gape?”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Ditlhogwana
  • “BA TLALATLETSE MO MEBILENG”
  • “A BOTOKA THATA GO NA LE GO ROBALA FA FATSHE”
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
w17 August ts. 30-31

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

“Re a Go Nna le Kopano e Nngwe Leng Gape?

KE MAFELO a kgwedi ya November 1932 kwa Mexico City. Beke pele ga moo, go ne go sa tswa go tsenngwa diroboto tsa mo tseleng mo toropong eno e e phetheselang ya banni ba feta milione. Mme gone jaanong, diroboto tseo e ne e sa tlhole e le kgang ya moruthutha. Babegadikgang ba ne ba tshwere kgang e nngwe. Ba ne ba tshwere dikhamera tsa bone kwa seteisheneng sa terena ba emetse moeng yo o kgethegileng e bong Joseph F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le moporesidente wa mokgatlho wa Watch Tower. Gape Basupi ba mo lefelong leno ba ne ba le gone ba emetse Mokaulengwe Rutherford yo a neng a tlile mo kopanong ya bone ya malatsi a le mararo.

Kgatiso ya The Golden Age e ne ya re: “Ga go pelaelo gore kopano eno e tla nna e gopolwa e le tiragalo e e botlhokwa e e thusitseng gore tiro ya go rera e oketsege mo nageng ya Mexico.” Mme gone, ke eng se se neng se tlhomologile ka kopano eno e go neng go na le batho ba le 150 fela kwa go yone?

Pele kopano eo e tshwarwa, go ne go se na koketsego e e kalo mo tirong ya Bogosi kwa Mexico. Fa e sa le ka 1919, go ne go tshwarwa dikopano tse dinnye, le fa go ntse jalo, palo ya diphuthego e ne ya fokotsega mo dingwageng tsa morago ga moo. Fa go ne go bulwa ofisi ya lekala kwa Mexico City ka 1929, go ne go na le tsholofelo ya gore dilo di tla siama. Le fa go ntse jalo, go ne go na le dikgoreletsi dingwe. Fa morekisi mongwe wa dibuka a ne a bolelwa gore a tlogele go kopanya ditiro tsa kgwebo le tiro ya go rera, o ne a kgopisega a bo a ya go itshimololela setlhopha sa gagwe sa go ithuta Baebele. Ka fa letlhakoreng le lengwe, mookamedi wa ofisi ya lekala o ne a tlola melao ya Baebele mme a tshwanelwa ke go tlosiwa mo maemong ao. Basupi ba ba ikanyegang ba kwa Mexico ba ne ba tlhoka go kgothadiwa ka Dikwalo.

Fa Mokaulengwe Rutherford a etetse bakaulengwe bano ba ba ikanyegang, o ne a ba kgothatsa ka go neela dipuo tse pedi tse di maatla kwa kopanong le go neela dithero tse tlhano mo radiong. E ne e le lekgetlho la ntlha diteishene tsa radio di gasa molaetsa wa dikgang tse di molemo mo nageng eno. Morago ga kopano, mookamedi yo mosha wa ofisi ya lekala o ne a rulaganya tiro ya go rera mme Basupi ba ba tlhagafetseng ba ne ba e tsweletsa ba nonofile mo tumelong e bile ba engwe nokeng ke Jehofa.

Basupi ba ga Jehofa kwa kopanong ya kwa Mexico City ka 1941

Kopano ya 1941 kwa Mexico City

Mo ngwageng o o latelang, go ne ga tshwarwa dikopano tse pedi mo nageng eno, e nngwe e ne e le kwa toropong ya Veracruz mme e nngwe e ne e le kwa Mexico City. Tiro ya bonatla ya bakaulengwe e ne ya simolola go nna le diphelelo tse di molemo. Ka 1931 go ne go na le baboledi ba le 82. Morago ga dingwaga di le lesome, palo eo e ne ya oketsega fela thata. Batho ba ka nna 1 000 ba ne ba ya kwa Mexico City gore ba nne gone mo Kopanong ya Puso ya Modimo ya 1941.

“BA TLALATLETSE MO MEBILENG”

Ka 1943 Basupi ba ne ba tsentse dipolakate gore ba itsise batho ka Kopano ya Puso ya Modimo ya setlhogo se se reng, “Morafe o o Gololesegileng” e e neng e tla tshwarwa kwa ditoropong tsa Mexico di le 12.a Bakaulengwe ba ne ba baya dipolakate tseno mo magetleng, e nngwe e ne e nna fa pele mme e nngwe kwa morago. Ono e ne e le mokgwa wa go rera o Basupi ba neng ba o dirisa go tloga ka 1936.

Setshwantsho sa makasine sa 1944 se se bontshang letsholo la dipolakate kwa Mexico City

Setshwantsho sa makasine sa 1944 se se bontshang letsholo la dipolakate kwa Mexico City

Makasine wa La Nación o ne wa tshwaela jaana ka katlego ya letsholo la Basupi la dipolakate: “Letsatsi la ntlha [la kopano], [Basupi] ba ne ba kopiwa gore ba ye go laletsa batho ba ba oketsegileng. Mo letsatsing le le latelang, ba ne ba tlatsa lefelo la kopano.” Kereke ya Katoliki e e neng e le kgatlhanong le Basupi, ga e a ka ya itumelela letsholo leno. Le fa gone Basupi ba ne ba ganediwa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba pelokgale ba ne ba tswelela ka tiro eo. Makasine wa La Nación o ne wa re: “Batho botlhe ba ne ba ba bona . . . banna le basadi [ba apere dipolakate].” Setlhogo sa makasine ono se ne se na le setshwantsho sa bakaulengwe ba le mo mebileng ya Mexico City. Ka fa tlase ga setshwantsho seo go ne go na le mafoko a a reng: “Ba tlalatletse mo mebileng.”

“A BOTOKA THATA GO NA LE GO ROBALA FA FATSHE”

Mo dingwageng tseo, bontsi jwa Basupi ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya matsapa a magolo gore ba kgone go ya kwa dikopanong tse di neng di tshwarelwa kwa Mexico. Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba tswa kwa magaeng mme ba ne ba le kgakala le diterena le ditsela. Phuthego nngwe e ne ya re: “Megala e e gaufi le lefelo leno ke megala ya thelekerafa fela.” Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba tshwanelwa ke go pagama dimmoulo kgotsa go tsamaya malatsi a mantsi ka dinao gore ba kgone go fitlha kwa tereneng e e tla ba isang kwa kopanong.

Bontsi jwa Basupi ba ne ba humanegile, ka jalo, go ne le go thata gore ba ka duelela sepalangwa se se yang kwa kopanong. Fa bakaulengwe ba goroga, bontsi jwa bone ba ne ba robala kwa magaeng a Basupi a a gaufi le lefelo la kopano, mme Basupi bano ba ne ba ba amogela ka lorato. Ba bangwe ba ne ba robala kwa Diholong Tsa Bogosi. Nako nngwe, bakaulengwe ba ka nna 90 ba ne ba robala kwa ofising ya lekala, mme ba ne ba newa “mabokoso a le 20 a a neng a beilwe ka go latelana,” gore ba robale mo go one. Pego ya Buka ya Ngwaga e ne ya tlhalosa gore bakaulengwe ba ne ba anaanela seo fela thata e bile ba ne ba tsaya mabokose ao a le “botoka thata go na le go robala fa fatshe.”

Basupi bao ba ba tletseng kanaanelo ba ne ba itumelela go bo ba ile ba tsaya matsapa a go ya kwa kopanong. Gompieno, palo ya baboledi kwa Mexico e batla e tshwara milione mme bakaulengwe ba koo ba sa ntse ba rata go bontsha kanaanelo.b Pego ya ofisi ya lekala la Mexico ya 1949 e ne ya bua jaana ka bakaulengwe: “Mathata a ba kopanang le one ga a dire gore ba goge dinao mo tirong ya Bogosi ka gonne morago ga kopano nngwe le nngwe gantsi bakaulengwe ba tlotla ka kopano e bile ba botsa go re, re a go nna le kopano e nngwe leng gape?” Mafoko a pego eo a ne a le boammaaruri ka nako eo mme le gompieno go sa ntse go le jalo.—Go tswa mo mabolokelong a rona kwa Central America.

a Go ya ka Buka ya Ngwaga ya 1944, kopano eno e ne ya “dira gore Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata mo Mexico.”

b Ka 2016, batho ba le 2 262 646 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong kwa Mexico.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela