LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 3/1 ts. 12
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jakobe O ne A Rata Dilo Tsa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tiro ya Ngwaga Otlhe ya Badisa ba Kwa Wales
    Tsogang!—2011
  • Jakobe o ya Harana
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Karolo 6—Mmuso wa Lefatshe wa Borataro—Roma
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 3/1 ts. 12

A O NE O ITSE?

Moaposetoloi Paulo o dirisitse jang lekwalo la boagi la kwa Roma?

Moaposetoloi Paulo a ikuela kwa go Kaesara

Paulo o ne a re: “Ke ikuela kwa go Kaesara!”

Motho yo o neng a na le lekwalo la boagi la kwa Roma o ne a newa ditshwanelo kgotsa ditshiamelo dingwe gongwe le gongwe kwa a yang gone mo mmusomogolong. Motho yoo o ne a laolwa ke melao ya Roma e seng ya diporofense. Fa a ne a latofadiwa, o ne a ka dumela gore kgetsi ya gagwe e sekasekiwe ka molao wa lefelo le a nnang mo go lone. Le fa go ntse jalo, o ne a sa ntse a na le tshwanelo ya gore e isiwe kwa lekgotleng la Roma. Fa a atlholetswe loso, o ne a ka ikuela kwa mmusimogolong.

Radipolotiki mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. wa kwa Roma, e bong Cicero, o ne a bua jaana malebana le ditshwanelo tseo: “Ga go ka fa molaong go golega moagi wa Roma; go mo itaya ke bosetlhogo; go mmolaya go tshwana le go bolaya batsadi” kgotsa ba losika lwa gago.

Moaposetoloi Paulo o ne a rera thata mo dikarolong tsotlhe tsa Mmusomogolo wa Roma. O ne a dirisa ditshwanelo tsa gagwe tsa go nna moagi wa Roma mo makgetlong a mararo: (1) O ne a itsise bomagiseterata ba kwa Filipi gore ba gatakile ditshwanelo tsa gagwe ka go mo kgwathisa. (2) O ne a tlhalosa boemo jwa gagwe gore a se ka a itewa kwa Jerusalema. (3) O ne a ikuela kwa mmusimogolong wa Roma e bong Kaesara, gore a sekaseke kgetsi ya gagwe.—Ditiro 16:37-39; 22:25-28; 25:10-12.

Badisa ba ne ba duelwa jang mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele?

Tumalano ya go reka dinku le dipodi

Tumalano ya go reka dinku le dipodi mo e ka nnang ka 2050 B.C.E.

Tlhogo ya lotso e bong Jakobe o ne a disa matsomane a malomaagwe e bong Labane ka dingwaga di le 20. Jakobe o ne a direla Labane dingwaga tsa ntlha tse 14 gore a bone bomorwadie ba babedi, mme dingwaga tse 6 tsa bofelo, o ne a duelwa ka leruo. (Genesise 30:25-33) Makasine wa Biblical Archaeology Review wa re, “bakwadi le batho ba bogologolo ba ba neng ba bala Baebele ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlwaetse ditumalano tsa bodisa tse di jaaka tse Labane le Jakobe ba neng ba di dira.”

Kwa Nuzi, Larsa le dikarolo tse dingwe tsa Iraq wa segompieno, go ne ga epololwa dilo tsa bogologolo tse di neng di bontsha ditumalano tseo. Tumalano e ne e dirwa ngwaga le ngwaga fa go beolwa motlhape. Badisa ba ne ba newa maikarabelo a go tlhokomela palo e e rileng ya diphologolo go ya ka dingwaga le bong jwa tsone. Mo ngwageng o o latelang, mong wa motlhape o ne a tshwanetse go newa wulu, dilo tse di dirilweng ka mashi, diruiwa tse dinnye le dilo tse dingwe. Tse di salang di ne di newa modisa.

Gore letsomane le oketsega go le kana kang, go ne go ikaegile ka gore modisa o neilwe dinku tse kae tse di namagadi. Dinku tse di namagadi di le 100 di ne di tshwanetse go tsala dikwana di le 80. Modisa o ne a tshwanelwa ke go duela fa di tsala palo e e kwa tlase ga eo kgotsa fa di ka timela. Ka jalo, o ne a patelesega go di tlhokomela sentle.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela