“Lo Basupi ba Me”
“‘Lo basupi ba me,’ go bua Jehofa.”—ISA. 43:10.
1, 2. (a) Go kaya eng go nna mosupi, mme metswedi ya tshedimosetso ya dikgang e paletswe jang mo kgannyeng eno? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sa ikaega ka metswedi ya tshedimosetso?
GO KAYA eng go nna mosupi? Dikishinare nngwe e tlhalosa jaana: “Ke mongwe yo o bonang tiragalo nngwe mme a bo a bega se se diragetseng.” Ka sekai, kwa toropong ya Pietermaritzburg, kwa Afrika Borwa, lokwalodikgang longwe lo gone jaanong lo bidiwang The Witness lo setse lo na le dingwaga tse di fetang 160 lo gatisiwa. Leina leno le a tshwanela ka gonne lokwalodikgang lo diretswe go bega ka nepo ditiragalo tse di diregang mo lefatsheng. Morulaganyi yo o neng a simolola lokwalodikgang lono o ne a ikana gore lo tla bua “boammaaruri fela jaaka bo ntse, lo sa oketse sepe.”
2 Ka maswabi, gantsi metswedi ya tshedimosetso ya dikgang e itlhokomolosa dintlha tse di botlhokwa tsa hisitori ya batho kgotsa e a di sokamisa. Eleruri seo ke sone se Modimo mothatayotlhe a ileng a se bolelela a dirisa moporofeti wa bogologolo e bong Esekiele, a re: “Ditšhaba di tla itse gore ke nna Jehofa.” (Esek. 39:7) Mme Mmusi Molaodimogolo wa lobopo lotlhe ga a ikaega ka metswedi ya tshedimosetso ya lefatshe leno. O na le Basupi ba ka nna dimilione di le robedi ba ba bolelelang batho ba ditšhaba tsotlhe kafa a ileng a dirisana le batho ka gone mo nakong e e fetileng le mo nakong ya gone jaanong. Gape boidiidi jono jwa Basupi bo itsise batho kafa Modimo a solofetsang go segofatsa batho mo isagweng ka gone. Ka go dira gore tiro eno e tle pele mo botshelong jwa rona, re bontsha gore re tshwanelwa ke leina le Modimo a re neileng lone jaaka go tlhalositswe mo go Isaia 43:10: “‘Lo basupi ba me,’ go bua Jehofa, ‘le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng.’”
3, 4. (a) Baithuti ba Baebele ba ile ba amogela leng leina le lesha mme ba ne ba ikutlwa jang ka lone? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Re tla sekaseka dipotso dife?
3 A bo e le tshiamelo jang ne go bidiwa ka leina la ga Jehofa, ka gonne “Kgosi ya bosakhutleng” ke ene a reng: “Leno ke leina la me ka bosakhutleng, mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng”! (1 Tim. 1:17; Ekes. 3:15; bapisa le Moreri 2:16.) Ka 1931, Baithuti ba Baebele ba ne ba amogela leina Basupi ba ga Jehofa. Morago ga foo, go ne ga gatisiwa makwalo a mantsi mo makasineng ono a a supang kanaanelo. Phuthego nngwe ya kwa Canada e ne ya kwala jaana: “Dikgang tse di itumedisang tsa gore re ‘Basupi ba ga Jehofa’ di ile tsa re kgatlha thata mme di dirile gore re ikemisetse le go feta go tshwanelegela leina leo le lesha.”
4 O ka bontsha jang gore o anaanela tshiamelo ya go bidiwa ka leina la Modimo? Gape, a o ka tlhalosa go tswa mo Dikwalong gore leina la rona la Basupi ba ga Jehofa le tserwe kae?
BASUPI BA MODIMO BA BOGOLOGOLO
5, 6. (a) Batsadi ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna basupi ba ga Jehofa ka tsela efe? (b) Batsadi ba Baiseraele ba ne ba laetswe go dira eng gape mme ke ka ntlha yang fa batsadi ba tlhoka go dira se se tshwanang gompieno?
5 Mo motlheng wa ga Isaia, Moiseraele mongwe le mongwe e ne e le mongwe wa “basupi” ba ga Jehofa mme setšhaba sotlhe e ne e le “motlhanka” wa Modimo. (Isa. 43:10) Tsela nngwe e batsadi ba Baiseraele ba neng ba neela bosupi ka yone e ne e le ka go ruta bana ba bone kafa Modimo a neng a dirisana ka teng le borraabonemogologolwane. Ka sekai, fa ba ne ba laelwa gore ba gopole Tlolaganyo ngwaga le ngwaga, ba ne ba bolelelwa jaana: “Fa bomorwaalona ba lo raya ba re, ‘Tirelo eno e kaya eng mo go lona?’ lo re, ‘Ke setlhabelo sa tlolaganyo se se direlwang Jehofa, yo o neng a tlola matlo a bomorwa Iseraele kwa Egepeto fa a ne a leretse Baegepeto sebetso, mme o ne a golola matlo a rona.’” (Ekes. 12:26, 27) Batsadi bao ba ka tswa gape ba ile ba tlhalosetsa bana ba bone gore fa Moshe a ne a ya go bua le mmusi wa kwa Egepeto lekgetlho la ntlha go ya go kopa tetla ya gore Baiseraele ba ye go obamela Jehofa kwa nageng, Faro o ne a re: “Jehofa ke mang, gore nka utlwa lentswe la gagwe mme ka lesa Iseraele a tsamaya?” (Ekes. 5:2) Gone ke boammaaruri gore ba ne ba tla tlhalosa gape gore fa dipetso tse di lesome di sena go senya naga le fa Baiseraele ba sena go falola mo masoleng a Egepeto kwa Lewatleng le Lehibidu, mongwe le mongwe o ne a kgona go itse sentle karabo ya potso ya ga Faro. Jehofa e ne e le—e bile ke—Mothatayotlhe. Mo godimo ga moo, Baiseraele ba ne ba nna bosupi jo bo bonwang ka matlho jo bo bontshang gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le Modiragatsi wa ditsholofetso tsa gagwe.
6 Ga go pelaelo gore Baiseraele ba ba neng ba anaanela tshiamelo ya bone ya go bidiwa ka leina la ga Jehofa, ba ne ba sa bolelele fela bana ba bone ka dilo tse di itumedisang tseno mme gape ba ne ba di bolelela baditšhaba ba ba neng ba nna makgoba mo malapeng a bone. Se sengwe se se botlhokwa ke gore Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba thapise bana ba bone go ikobela melao ya Modimo ya go nna boitshepo. Jehofa o ne a re: “Lo itshupe lo le boitshepo, ka gonne nna Jehofa Modimo wa lona ke boitshepo.” (Lefi. 19:2; Dute. 6:6, 7) A bo seno e le sekao se se molemo jang ne se batsadi ba Bakeresete ba ka se latelang gompieno, ba rute bana ba bone gore ba nne boitshepo mme ka go dira jalo ba ba thusa go tlotlomatsa leina la Modimo le le galalelang!—Bala Diane 1:8; Baefeso 6:4.
Go ruta bana ba rona ka ga Jehofa go tlotlomatsa leina la gagwe (Bona serapa 5, 6)
7. (a) Fa Baiseraele ba ne ba ikanyega mo go Jehofa, seo se ne sa ama jang ditšhaba tse di ba dikologileng? (b) Batho botlhe ba ba bidiwang ka leina la Modimo ba na le boikarabelo bofe?
7 Ka jalo, fa Baiseraele ba ne ba ikanyega, ba ne ba neela bosupi jo bo molemo ka leina la Modimo. Ba ne ba boleletswe jaana: “Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshwanelwa ke go bona gore leina la ga Jehofa le bidiwa mo go wena, mme ruri di tla go boifa.” (Dute. 28:10) Le fa go ntse jalo, ka maswabi hisitori ya Baiseraele e bontsha gore gantsi ba ne ba sa ikanyege. Gangwe le gape ba ne ba boa ba obamela medingwana e e dirilweng ka diatla. Mo godimo ga moo, fela jaaka medimo ya Bakanana e ba neng ba e obamela, ba ne ba nna setlhogo, ba ntsha bana ba bone ditlhabelo e bile ba gatelela batho ba ba humanegileng. Ruri eno ke thuto e e maatla mo go rona gore ka metlha re kgaratlhele go nna boitshepo, re etsa Yo o Boitshepotshepo yo re bidiwang ka leina la gagwe!
“BONA! KE DIRA SENGWE SE SESHA”
8. Jehofa o ne a naya Isaia taelo efe mme Isaia o ne a tsibogela seo jang?
8 Jehofa o ne a bolelela pele gore Baiseraele ba ne ba tla bona fa a ba golola mo botshwarong ka tsela ya kgakgamatso. (Isa. 43:19) Dikgaolo tsa ntlha tse thataro tsa Isaia di bua thata ka ditlhagiso tse di ka ga masetlapelo mangwe a a neng a tla wela Jerusalema le metse e e gaufi le yone. E re ka Jehofa a kgona go bona se se mo dipelong, o ne a bolelela Isaia gore a tswelele pele a itsise ka tlhagiso eno le fa batho ba ne ba tla nna logwadi ba sa batle go reetsa. Isaia o ne a gakgametse mme one a batla go itse gore setšhaba sa Modimo se tla tswelela se sa ikwatlhaye ka lobaka lo lo kana kang. Modimo o ne a mo araba jang? “Go fitlha metse e thubagana e nna marope, gore e nne e se na monni, le matlo a nne a se na motho wa mo lefatsheng, le mmu ka boone o senngwa gore o nne kgakgabalo.”—Bala Isaia 6:8-11.
9. (a) Boporofeti jwa ga Isaia jo bo ka ga Jerusalema bo ile jwa diragadiwa leng? (b) Ke boemo bofe jo gompieno bo tlhokang gore re nne re thantse?
9 Isaia o ne a amogela taelo eno mo ngwageng wa bofelo wa puso ya ga Kgosi Usia, kgotsa mo e ka nnang ka 778 B.C.E. O ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya boporofeti dingwaga di ka nna 46 go fitlha morago ga ngwaga wa 732 B.C.E., mo bogareng jwa puso ya ga Kgosi Hesekia. Seo se diragetse dingwaga di le 125 pele ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. Ka jalo, batho ba Modimo ba ne ba tlhagisiwa ka lobaka lo loleele ka se se neng se tla diragala ka setšhaba sa bone mo nakong e e tlang. Le gompieno Jehofa o neile batho ba gagwe nako e ntsi ya gore ba tlhagise batho ka se se tla diregang. Go setse go fetile dingwaga di le 135, go tloga ka kgatiso ya ntlha, makasine wa Tora ya Tebelo o ntse o tlhagisa babadi ba one gore ba nne ba thantse malebana le kgang ya gore puso e e bosula ya ga Satane e tla tloga e fela mme e bo e emisediwa ke Puso ya Dingwaga di le Sekete ya ga Jesu Keresete.—Tshen. 20:1-3, 6.
10, 11. Baiseraele ba ne ba bona go diragadiwa ga boporofeti bofe jwa ga Isaia fa ba le kwa Babelona?
10 Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba le kutlo mme ba ineela mo Bababeloneng, ba ne ba falola go senngwa ga Jerusalema mme ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. (Jer. 27:11, 12) Dingwaga di le 70 fa batho ba Modimo ba ntse ba le koo, ba ne ba bona go diragadiwa ga boporofeti jono jo bo gakgamatsang: “Jehofa o buile jaana, Morekolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele: ‘Ke tla roma kwa Babelona ka ntlha ya lona ke bo ke dire gore mephakalego ya dikgolegelo e we.’”—Isa. 43:14.
11 Go dumalana le boporofeti joo, bosigo bongwe mo masimologong a Diphalane 539 B.C.E., go ne ga direga sengwe se se neng se sa lebelelwa. Fa kgosi ya Babelona le dikgosana tsa yone di ntse di nwa beine ka dinwelo tse ba di gapileng kwa tempeleng ya Jerusalema mme ba galaletsa medimo ya bone e e dirilweng ka diatla, masole a Bameda le Baperesia a ne a gapa Babelona. Ka 538 kgotsa ka 537 B.C.E., mofenyi wa motse wa Babelona e bong Kuruse, o ne a laela Bajuda gore ba boe ba ye go aga sesha tempele ya Modimo kwa Jerusalema. Dilo tseno tsotlhe di ne di boleletswe pele ke Isaia, go akaretsa le tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla tlhokomela le go sireletsa batho ba gagwe ba ba ikwatlhaileng fa ba boela Jerusalema. Modimo o ne a re ke, “batho ba ke ba ipopetseng, gore ba anele pako ya me.” (Isa. 43:21; 44:26-28) Fa batho bano ba e neng e le batshwarwa ba ne ba boetse kwa Jerusalema e bile ba agile tempele ya ga Jehofa gone, e ne ya nna basupi ba gore ka metlha Jehofa, Modimo yo o esi wa boammaaruri, o diragatsa lefoko la gagwe.
12, 13. (a) Ke bomang ba ba neng ba akarediwa le Baiseraele mo go tsosoloseng kobamelo ya ga Jehofa? (b) Go lebeletswe eng mo ‘dinkung tse dingwe’ fa di ntse di tshegetsa “Iseraele wa Modimo,” mme ke tsholofelo efe e ba nang le yone?
12 Batho ba le bantsi ba e neng e se Baiseraele e ne e le karolo ya setšhaba se se tshotsweng sesha mme moragonyana Baditšhaba ba bangwe ba bantsi ba ne ba sokologela mo Sejudeng. (Esera 2:58, 64, 65; Eseth. 8:17) Gompieno, “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu bo tshegetsa ka boikanyegi Bakeresete ba ba tloditsweng ba e leng “Iseraele wa Modimo.” (Tshen. 7:9, 10; Joh. 10:16; Bagal. 6:16) Boidiidi jo bogolo le jone bo bidiwa ka leina le re le neilweng ke Modimo la Basupi ba ga Jehofa.
13 Ka nako ya Puso ya Dingwaga di le Sekete ya ga Keresete, boidiidi jo bogolo bo tla nna le boitumelo jo bogolo jwa go tlhalosetsa batho ba ba tsositsweng mo baswing gore go ne go ntse jang go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Seo se ka kgonega fela fa re tshelela leina la rona e bile re leka go nna re le boitshepo. Gape, go sa kgathalesege gore re leka ka natla go le kana kang, letsatsi le letsatsi re tshwanetse go kopa maitshwarelo go bo re dirile diphoso, re amogela gore re baleofi le gore ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go bo re bidiwa ka leina la Modimo.—Bala 1 Johane 1:8, 9.
SE LEINA LA MODIMO LE SE KAYANG
14. Leina Jehofa le kaya eng?
14 Gore re anaanele le go feta tshiamelo ya go bidiwa ka leina la Modimo, go molemo gore re tlhatlhanye ka bokao jwa lone. Leina la Modimo le gantsi le ranolwang e le “Jehofa,” le tswa mo lediring la Sehebera le le ka tlhalosang tiro nngwe mme le ka ranolwa e le “go nna.” Ka jalo, go bolelwa fa leina Jehofa le kaya “Go Dira Gore go Diragale.” Tlhaloso eno e tshwanela Jehofa e re ka e le Mmopi wa lobopo lotlhe le wa dibopiwa tse di botlhale le go bo e le Modiragatsi wa boikaelelo jwa gagwe. Fa ditiragalo di ntse di diragala, o tswelela a dira gore go rata ga gagwe le boikaelelo jwa gagwe bo diragadiwa go sa kgathalesege gore moganetsi le fa e le ofe, yo o jaaka Satane, a ka dira eng go leka go kgoreletsa go diragadiwa ga go rata ga Modimo.
15. Jehofa o ne a senola karolo efe ya botho jwa gagwe jaaka go tlhalosiwa ke bokao jwa leina la gagwe? (Bona lebokose le le reng, “Leina le le Nang le Bokao jo Bogolo.”)
15 Fa Jehofa a ne a laela Moshe go etelela pele batho ba Modimo go tswa kwa Egepeto, o ne a senola karolo nngwe ya botho jwa gagwe ka go dirisa lediri le le tlhalosang leina la gagwe. Baebele ya re: “Foo Modimo a raya Moshe a re: ‘Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone,’ [kgotsa ‘Ke Tla Nna se ke Tlhophang go Nna Sone’]. Mme a oketsa a re: ‘O tla raya bomorwa Iseraele o re, “Ke Tla Nna o nthomile kwa go lona.”’” (Ekes. 3:14) Ka jalo, Jehofa o tla nna sengwe le sengwe se a tlhokang go nna sone go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe, le fa e ka nna mo maemong ape fela. Mo Baiseraeleng ba e kileng ya bo e le makgoba, o ne a nna Mogolodi, Mosireletsi, Mokaedi le Motlamedi yo o neng a ba tlhokomela ka dilo tsotlhe tse ba di tlhokang le ka dilo tsa semoya.
GO BONTSHA KANAANELO
16, 17. (a) Re ka bontsha jang gore re anaanela tshiamelo ya go re bidiwa ka leina la Modimo? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
16 Gompieno, Jehofa o tswelela a dira se leina la gagwe le se kayang ka go re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang le ka dilo tsa semoya. Mme, bokao jwa leina la Modimo ga bo felele fela ka se ene a tlhophang go nna sone. Bo akaretsa se a dirang gore se diragale malebana le tiro e Basupi ba gagwe ba e dirang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Go tlhatlhanya ka seno go tla re tlhotlheletsa gore re tshelele leina la gagwe. Kåre wa dingwaga di le 84, yo e ntseng e le Mosupi yo o tlhagafetseng kwa Norway ka dingwaga di le 70 tse di fetileng a re: “Ke akanya gore ke tshiamelo e kgolo go direla Jehofa, Kgosi ya bosakhutleng, le go nna karolo ya batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe le le boitshepo. Ke tshiamelo e kgolo go tlhalosa boammaaruri jwa Baebele mme o bo o bona kafa difatlhego tsa batho di tlalang ka boitumelo ka gone fa ba tlhaloganya se ba se ithutang. Ka sekai, ke itumela thata fa ke ba ruta kafa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se dirang ka gone le kafa se re thusang ka gone gore re bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso le tshiamo.”
17 Gone ke boammaaruri gore mo mafelong a le mantsi go nna thata le go feta go kopana batho ba ba batlang go ithuta ka Modimo. Le fa go ntse jalo, jaaka Kåre, a ga o itumele fa o kopana le motho yo o iketleeleditseng go reetsa mme o kgona go mo ruta ka leina la ga Jehofa? Mme re ka nna jang Basupi ba ga Jehofa le basupi ba ga Jesu? Potso eo e tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.