LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lff thuto 25
  • Modimo o Ikaeletse go re Direla Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Ikaeletse go re Direla Eng?
  • Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
  • O ITHUTILE ENG?
  • DINTLHA TSE DINGWE
  • Boikaelelo jwa Mmatota jwa Botshelo
    Tsogang!—1992
  • Go na le Lebaka Lengwe Le Le Molemolemo la Go Bo Botshelo Bo le Gone
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Modimo ke Mang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Botshelo bo Simologile Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
lff thuto 25
Thuto 25. Setshwantsho sa lefatshe fa o le leba go tswa kwa loaping.

THUTO 25

Modimo o Ikaeletse go re Direla Eng?

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

Baebele e tlhalosa gore batho ba tshela ‘lobaka lo lokhutshwane e bile botshelo jwa bone bo tletse matshwenyego.’ (Jobe 14:1) A seno ke se Modimo a re batlelang sone? Fa go sa nna jalo, ke eng se a ikaeletseng go re direla sone? A seo se tla tsamaya se diragala? Utlwa dikarabo tse di kgotsofatsang tse di tswang mo Baebeleng.

1. Jehofa o batla gore re tshele botshelo jo bo ntseng jang?

Jehofa o batla gore re itumelele botshelo. Fa a ne a bopa batho ba ntlha, e bong Adame le Efa, o ne a ba baya mo paradaiseng e ntle, e leng tshingwana ya Edene. Go tswa foo, “Modimo o ne a ba segofatsa mme a ba raya a re: ‘Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe, lo bo lo nne beng ba lone.’” (Genesise 1:28) Jehofa o ne a batla gore ba nne le bana, ba dire lefatshe lotlhe paradaise, ba bo ba tlhokomele diphologolo. O ne a ikaeletse gore batho botlhe ba nne le botsogo jo bontle e bile ba itumelele go tshelela ruri.

Le fa gone re sa tshele botshelo joo gone jaanong,a Modimo o sa ntse a tla diragatsa se a se ikaeletseng. (Isaia 46:10, 11) O sa ntse a batla gore batho ba ba kutlo ba tshelele ruri mo lefatsheng mo maemong a a itumedisang.—Bala Tshenolo 21:3, 4.

2. Re ka itumelela botshelo jang gone jaanong?

Jehofa o re bopile re na le keletso ya ‘go batla go ithuta ka ene’ le go batla go mo obamela. (Bala Mathaio 5:3-6.) O batla gore re tsalane le ene, re ‘dire thato ya gagwe, re mo rate,’ re bo re mo direle “ka pelo yotlhe.” (Duteronome 10:12; Pesalema 25:14) Fa re dira jalo re ka kgona go itumela, tota le fa re na le mathata. Go obamela Jehofa go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao, ka gonne re a bo re tshela ka tsela e a batlang re tshela ka yone.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore Jehofa o ile a re bontsha lorato lo logolo jang fa a ne a bopa lefatshe, o bo o ithute se Lefoko la gagwe le se rutang ka boikaelelo jwa botshelo.

Adame le Efa ba lebile legae la bone le lentle le le tletseng dimela tse dintle le diphologolo.

3. Jehofa o batla gore batho ba nne le botshelo jo bo itumedisang

Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

BIDIO: Goreng Modimo a Ile a Bopa Lefatshe?—Bidio e e Khutswafaditsweng (1:41)

  • Goreng Modimo a ile a bopa lefatshe?

Bala Moreri 3:11, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Seno se go ruta eng ka Jehofa?

4. Boikaelelo jwa ga Jehofa ga bo a fetoga

Bala Pesalema 37:11, 29 le Isaia 55:11, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Re itse jang gore boikaelelo jwa ga Jehofa ka rona ga bo a fetoga?

A. Ntlo e e senyegileng. Marulelo a yone a wa, difensetere di thubegile e bile jarata ya teng e tletse matlakala. B. Ntlo e e neng e senyegile jaanong e baakantswe e bile e na le tshingwana e ntle.

Ntlo e e senyegileng e ka kgona go baakanngwa. Ka tsela e e tshwanang, Modimo o tla baakanya lefatshe leno le batho ba le sentseng, a le baakanyetsa ba ba mo ratang

5. Go obamela Jehofa go dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao

Go itse gore re tshelela eng go dira gore re itumele. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

BIDIO: Ke Ile ka Ithuta Gore ke Tshelela Eng (5:03)

  • Terumi o ile a solegelwa molemo jang ke go itse gore o tshelela eng?

Bala Moreri 12:13, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • E re ka Jehofa a re diretse dilo tse dintsi, re ka bontsha jang gore re lebogela se a re diretseng sone?

MONGWE A KA BOTSA A RE: “Re tshelela eng?”

  • O ka mo araba jang?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o batla gore re itumelele go tshelela ruri mo lefatsheng mo maemong a a itumedisang. Fa re mo obamela ka pelo yotlhe, botshelo jwa rona bo nna le bokao, tota le gone jaanong.

Poeletso

  • Jehofa o ne a ikaeletse eng fa a ne a bopa Adame le Efa?

  • Re itse jang gore se Modimo a neng a se ikaeletse ka batho ga se a fetoga?

  • Ke eng se se ka dirang gore o itumelele botshelo?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona bosupi jo bo bontshang gore tshimo ya Edene e kile ya nna teng.

“Tshimo ya Edene—A ke Tlhamane Kgotsa Boammaaruri?” (Tora ya Tebelo, January 1, 2011)

Ithute gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore lefatshe le tla nnela ruri.

“A Lefatshe le Tlile go Senngwa?” (Setlhogo se se mo website)

Utlwa gore Baebele e tlhalosa gore ke eng se se ka dirang gore re itumelele botshelo.

“Bokao Jwa Botshelo ke Eng?” (Setlhogo se se mo website)

Utlwa gore monna mongwe yo o neng a akanya gore o na le sengwe le sengwe, o ile a thusiwa ke eng go bona se se neng se tlhaela mo botshelong jwa gagwe.

Gone Jaanong ke Itumelela Botshelo (3:55)

a Mo thutong e e latelang, o tla ithuta gore matsapa di a tsere kae.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela