Matseno a Karolo 2
Goreng Jehofa a ile a senya lefatshe la nako eo ka morwalela? Kwa tshimologong Satane o ile a tlhanogela Jehofa. Batho ba ba jaaka Adame, Efa le morwaabone e bong Kaine ba ne ba tlhopha go nna mo letlhakoreng la ga Satane. Ba le mmalwa ba ba jaaka Abele le Noa ba ne ba tlhopha go nna mo letlhakoreng la ga Jehofa. Batho ba le bantsi ba ne ba dira dilo tse di sa siamang mo Jehofa a neng a ba senya. Karolo eno e tla re ruta gore Jehofa o bona dilo tse re di dirang e bile ga a kitla a letla bosula gore bo tswelele bo le gone.