Ntlha e e Kwa Tlase
a Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba a lwala mme ba bangwe ba tsofetse. Mme ka dinako tse dingwe, rotlhe re na le go lapa. Ka jalo, kgang ya go tsaya karolo mo lobelong e ka lebega e le thata. Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se se tla re thusang go tswelela re le mo lobelong lwa botshelo go fitlha kwa bokhutlong.