Ntlha e e Kwa Tlase
c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kwa pokanong ya bagolwane, mogolwane yo o godileng yo o tshwarang Thuto ya Tora ya Tebelo o kopiwa gore a thapise mogolwane mongwe yo mosha gore a kgone go dira kabelo eno. Le fa gone mogolwane yoo a rata kabelo ya gagwe thata, o dira se a se kopilweng mme o thusa mokaulengwe yoo e bile o a mo akgola.