Ntlha e e Kwa Tlase
c Fa lefoko la Sehebera e leng “tlhapi” le ne le ranolelwa mo Segerikeng le ne la kaya “setshedi se se boitshegang sa mo lewatleng” kgotsa “tlhapi e kgolo.” Le fa go se na tsela epe ya go tlhomamisa gore e ne e le setshedi se se ntseng jang sa mo lewatleng, go ne ga lemogiwa gore mo lewatleng la Mediterranean go na le dishaka tse dikgolo tse di ka kgonang go kometsa motho. Go na le dishaka tse dikgolo kwa mafelong a mangwe; shaka ya leruarua e ka kgona go nna boleele jwa dimetara di le 15—le e leng go feta!