Ntlha e e Kwa Tlase
a Fa Petere a ne a etela Antioka ya kwa Siria, o ne a nna le botsalano jo bo molemo le badumedi ba Baditšhaba. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Bakeresete ba Bajuda ba goroga ba tswa kwa Jerusalema, Petere “a simolola go ikgoga a ba a itomolola, a boifa ba setlhopha sa ba ba rupileng.” Re ka akanya fela gore basokologi bao ba Baditšhaba ba tshwanetse ba bo ba ile ba utlwa botlhoko jang fa moaposetoloi yo o ikanyegang a ne a gana go ja le bone.—Bagalatia 2:11-13.