Ntlha e e Kwa Tlase
b Mo e ka nnang ka 760 C.E. setlhopha sengwe sa Bajuta se se neng se bidiwa Bakaraite se ne se batla gore Dikwalo di ngaparelwe thatathata. E re ka se ne se gana molao wa borabi, le “Molao wa Batho,” le Talmud, se ne se na le mabaka a a utlwalang le go feta a go batla go tlhokomela mekwalo ya Baebele ka kelotlhoko thata. Ditlhopha dingwe tse di neng di tswa mo setlhopheng seno e ne ya nna ditswerere tsa bakwalolodi ba mekwalo ya Masora.