LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO

Ntlha e e Kwa Tlase

a Se se kgatlhisang ke gore, babadi bangwe santlha ba ne ba kgobiwa marapo ke mokgwa oo The Golden Age e neng e kgabisitswe ka one kafa ntle. Mo go bone go ne go lebega ekete ke ga maemo a a kwa tlase thata. Pego ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Society e ne ya arabela seo ka go re: “Malebana le seno re tla akantsha gore ka nako eo fela go neng go simololwa go gatisiwa The Golden Age ka yone bagatisi ba kwa Greater New York ba ne ba ngala tiro. Go ne go sa tswa go dirwa tumalano ya go gatisiwa ga The Golden Age matsatsi a se makaenyana fela pele ga moo, mme banna bao ba neng ba bereka ka dimatšhini tse di gatisang tseo di dirisang mofuta wa pampiri le setshwantsho sa kafa ntle tseo di dirisitsweng mo go one ba ne ba seka ba ngala tiro. Ka gone go ne ga lebega ekete ke lesego go bo go ile ga tlhophiwa mofuta ono wa setshwantsho sa kafa ntle mmogo le pampiri ya mofuta ono, ka ntlha ya gore fa go ka bo go ile ga tlhophiwa ope o sele go ka bo go ile ga seka ga kgonagala gore go simololwe makasine ono gotlhelele. Jalo go ne go lebega fa Morena a ne a rata kgatiso eno e e santseng e simologa.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela