LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 119
  • Lefoko la Modimo ke Eng Kgotsa ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefoko la Modimo ke Eng Kgotsa ke Mang?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A“Lehoko” E Ne E le Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • “Ba ba Bidiwang ‘Medimo’”
    Tsogang!—2005
  • Dikwalo Di Bolela Eng ka Kgang ya Gore “Keresete ke Modimo”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Goreng Jesu a Bidiwa Morwa Modimo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 119
Jesu o bua a tshwere momeno

Lefoko la Modimo ke Eng Kgotsa ke Mang?

Karabo ya Baebele

Gantsi fa go buiwa ka “lefoko la Modimo” go a bo go buiwa ka molaetsa wa Modimo. (Luke 11:28) Mo ditemaneng dingwe, go dirisitswe “Lefoko la Modimo” kgotsa “Lefoko” go kaya gore go buiwa ka mongwe.​—Tshenolo 19:13; Johane 1:14.

Molaetsa o o tswang kwa Modimong. Baporofeti ba ne ba nna ba bua gore melaetsa e ba e nayang batho e tswa kwa Modimong. Ka sekai, Jeremia o ne a simolola melaetsa ya gagwe ya boporofeti ka go re “lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna.” (Jeremia 1:4, 11, 13; 2:1) Pele ga moporofeti Samuele a bolelela Saulo gore Modimo o mo tlhophile go nna kgosi o ne a mo raya a re: “Ema fela jaanong gore ke tle ke dire gore o utlwe lefoko la Modimo.”​—1 Samuele 9:27.

Go reta mongwe. Gape “Lefoko” le dirisiwa mo Baebeleng e le go reta Jesu Keresete fa a ne a le kwa legodimong le mo lefatsheng. Akanyetsa dintlha tseno:

  • Lefoko o nnile gone pele ga sengwe le sengwe se bopiwa. “Mo tshimologong Lefoko o ne a le gone . . . Yono mo tshimologong o ne a na le Modimo.” (Johane 1:1, 2) Jesu ke “leitibolo la popo yotlhe . . . O nnile gone pele ga dilo tsotlhe tse dingwe.”​—Bakolosa 1:13-15, 17.

  • Lefoko o ne a tla go nna mo lefatsheng e le motho. “Lefoko o ne a nna nama mme a aga mo gare ga rona.” (Johane 1:14) Jesu Keresete “o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho.”​—Bafilipi 2:5-7.

  • Lefoko ke Morwa Modimo. Jaaka fa go setse go umakilwe fa godimo, moaposetoloi Johane o ne a tswelela ka go re: “Re ne ra bona kgalalelo ya gagwe, kgalalelo e e tshwanang le ya morwa yo o tsetsweng a le esi go tswa kwa go rre.” (Johane 1:14) Gape Johane o ne a re: “Jesu Keresete ke Morwa Modimo.”​—1 Johane 4:15.

  • Lefoko o na le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo. “Lefoko e ne e le modimo.” (Johane 1:1) Jesu ‘ke ponatso ya kgalalelo ya Modimo le setshwano totatota sa gagwe ka boene.’​—Bahebera 1:2, 3.

  • Lefoko o busa e le kgosi. Baebele ya re go na le “dirwalo tsa segosi di le dintsi” mo tlhogong ya Lefoko la Modimo. (Tshenolo 19:12, 13) Gape Lefoko o bidiwa “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena.” (Tshenolo 19:16) Jesu o bidiwa “Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena.”​—1 Timotheo 6:14, 15.

  • Lefoko o direla e le mmueledi wa Modimo. Lereo le le kayang “Lefoko” le kaya gore motho yo Modimo a mo dirisang go fetisa tshedimosetso kgotsa ditaelo. Jesu o ne a re ke ene a neng a neilwe maikarabelo ao: “Rara ka boene yo o nthomileng o nneile taelo ka ga gore ke bolele eng le gore ke bue eng. . . . Jalo dilo tse ke di buang, fela jaaka Rara a di mpoleletse, ke di bua jalo.”​—Johane 12:49, 50.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela