Imagination World/stock.adobe.com
Molaetsa o o Tswang mo Lefokong la Modimo—Tsholofelo ya Batshabi!
Ngwaga le ngwaga dimilione tsa batho ba ikutlwa ba patelesega go tshaba kwa magaeng a bone. A le wena o lebane le boemo jono jo bo utlwisang botlhoko? Fa e le gore go ntse jalo, itse gore ga o nosi. Modimo o re naya tsholofelo ya botshelo jo bo botoka, e o ka ithutang ka yone mo Dikwalong Tse di Boitshepo.
Mokomishinara wa European Union,a e bong Christos Stylianides a re “Batshabi (batho ba ba tshabileng kwa dinageng tsa bone) le batho ba ba tshabileng kwa magaeng a bone ba tlhoka thuso ya rona ka potlako, mme gape ba tlhoka . . . tsholofelo ka bokamoso.”b Batho ba ba nang le tsholofelo ba kgona go leba bokamoso ka tsela e e siameng. Mo godimo ga moo, batshabi ba tlhoka go gomodiwa gore ba kgone go fola mo maikutlong.
“Ke ne ke utlwile botlhoko thata fa ke ne ke tshwanelwa ke go tshaba kwa nageng e ke neng ke nna kwa go yone le go tlogela ba lelapa la me kwa morago. Ke ne ke tshogile thata, ke hutsafetse e bile ke tlhobaela.”—Emmanuel, Haiti.
A le wena o ikutlwa jaaka Emmanuel? Fa e le gore o ile wa patelesega go tshaba kwa gae, ga go pelaelo gore o tlhoka tsholofelo le go gomodiwa. Lefoko la Modimo e leng Baebele le ka go thusa jang?
Kgomotso e e mo Lefokong la Modimo
Baebele e a re: “Jehofac . . . o rata motswakwa.”—Duteronome 10:17, 18.
Seno se raya gore ga o nosi. Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa, o tlhaloganya maemo a gago, o a go rata e bile o kgathalela maikutlo a gago.
Baebele e a re: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.”—Pesalema 145:18.
Seno se raya gore Jehofa o a go utlwa fa o rapela. A ka go naya kagiso ya mogopolo. Gape Jehofa o go naya botlhale jo bo mo Baebeleng jo bo ka go thusang go itshokela maemo a o lebaneng le one.
Baebele e a re: “Ga go kgonege gore Modimo wa boammaaruri a dire bosula . . . Mothatayotlhe ga a sokamise tshiamiso.”—Jobe 34:10, 12.
Seno se raya gore Modimo ga se ene a go bakelang mathata a o lebaneng le one. Modimo ga a go otlhaye, e bile ga a go leke ka go dira gore o lebane le maemo a a thata.
Tsholofelo e e mo Lefokong la Modimo
Baebele e tlhalosa gore Modimo o tla re direla eng mo nakong e e tlang. Bona gore tsholofelo eno e ile ya thusa jang batho ba ba ileng ba patelesega go tshaba kwa magaeng a bone.
Baebele e a re: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.”—Tshenolo 21:4.
Seno se raya gore mathata a rona a tla fela. Modimo o solofetsa gore o tla rarabolola mathata otlhe a a ka dirang gore o kgobege marapo.
“Modimo o tloga a fedisa tshiamololo le dilo tse di bosula tse di diragalang. Tsholofelo eno e nthusa go nna ke akanya ka nako ya fa mathata otlhe a tla bo a fedile.”—Karla, El Salvador.
Baebele e a re: “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, e bile ga di kitla di tla mo pelong.”—Isaia 65:17.
Seno se raya gore ga re ka ke ra tlhola re tshwenngwa ke dilo tse di botlhoko tse di re diragaletseng. Modimo o tla dira gore o se ka wa tlhola o tshwenyega fa o akanya ka dilo tse di botlhoko tse di go diragaletseng.
“Baebele e re solofetsa gore ga re kitla re gopola botlhoko jotlhe jo re kileng ra lebana le jone. Tsholofelo eno e nthusa go itshokela maemo a a thata a re lebaneng le one, ka gonne ke a itse gore mo bogautshwaneng dilo di tla fetoga.”—Natalia, Ukraine.
Baebele e a re: “Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi, . . . [mme] bo tla thubaganya bo bo bo fedisa magosi ano otlhe.”—Daniele 2:44.
Seno se raya gore puso ya legodimo e tla busa lefatshe lotlhe. Mo bogautshwaneng, puso ya Modimo e e kwa legodimong e tla busa mo boemong jwa dipuso tsa batho. Puso eno e tla tlisetsa batho botlhe kagiso ya mmatota le tshireletsego, mme go tla nna le tshiamiso e bile ga go na ope yo o tla bong a humanegile.—Mika 4:3, 4.
“Ke kgothadiwa ke go itse gore mathata a a jaaka go gatelelwa, go tlhaola batho ka lotso kgotsa ka maemo le go belaelwa ke dilo tsa nakwana. Go ise go ye kae, Bogosi Jwa ga Jehofa bo tla fedisa mathata ano otlhe.”—Mustafa, Middle East.
O ka bona molaetsa wa tsholofelo o o gomotsang mo Baebeleng
Botlhale jo bo Leng mo Lefokong la Modimo
Botlhale jo bo leng mo Baebeleng bo ka go thusa go itshokela seemo se o leng mo go sone. Gape bo ka go thusa go lebana le maemo a gago a a fetogileng, go akaretsa le go latlhegelwa ke dithoto. Bona gore melaometheo e e latelang e thusa jang batshabi:
Baebele e a re: “Le fa motho a na le dilo tse dintsi, botshelo jwa gagwe ga bo a ikaega ka dilo tse a nang le tsone.”—Luke 12:15.
Kafa mafoko ano a ka go thusang ka gone gore o itshoke: O ka tswa o ikutlwa o tlhakatlhakane e bile o utlwisitswe botlhoko thata ke dilo tse di go latlhegetseng. Le fa go ntse jalo, gopola gore botshelo jwa gago bo botlhokwa go gaisa sepe fela se se ka tswang se go latlhegetse mme seo se ka dira gore o ikutlwe botoka.
“Botshelo bo botlhokwa thata go gaisa dithoto. Mo maemong mangwe, madi kgotsa dithoto di ka se go thuse ka sepe.”—Natalia, Ukraine.
Baebele e a re: “O se ka wa bua o re, ‘Ke ka ntlha yang fa malatsi a pele a ne a le botoka go na le a gone jaanong?’”—Moreri 7:10.
Kafa mafoko ano a ka go thusang ka gone gore o itshoke: Maemo a gago a gone jaanong a ka tswa a le thata, le fa go ntse jalo o se ka wa ikutlwisa botlhoko ka go a bapisa le a pele.
“Ke amogela maemo a me jaaka a ntse, ka jalo ke kgona go leba dilo sentle.”—Eli, Rwanda.
Baebele e a re: “E re ka re na le dijo le diaparo, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:8.
Kafa mafoko ano a ka go thusang ka gone gore o itshoke: Leka go kgotsofalela dilo tsa botlhokwa mo botshelong. Fa o kgotsofalela dilo tse o nang le tsone ga o ka ke wa nna le seterese se sentsi mme seo se tla go thusa go ritibala.
“Baebele e nthusa gore ke se ka ka tlhoma mogopolo mo dilong tse di ntatlhegetseng. Nna le mosadi wa me re itumelelela go bo re tshela, e bile re le mo lefelong le le babalesegileng.”—Ivan, Ukraine.
Baebele e a re: “Ka jalo, lo tshwanetse go direla batho dilo tsotlhe tse lo batlang ba di lo direla.”—Mathaio 7:12.
Kafa mafoko ano a ka go thusang ka gone gore o itshoke: Fa o le pelotelele e bile o le pelonomi o ka kgona go dirisana sentle le ba bangwe. Seno se ka dira gore batho ba go amogele le gore ba se ka ba go tlhaola.
“Batho ba le bantsi ba rata go bontshiwa tlotlo, bopelonomi le lorato. Seno se tla dira gore o dirisane sentle le batho ba lefelo le o fudugetseng kwa go lone.”—Angelo, Sri Lanka.
Baebele e a re: “Lo . . . kope [Modimo] gore a lo kaele mo go sengwe le sengwe . . . fa lo dira jalo, Modimo o tla lo naya kagiso e batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya.”—Bafilipi 4:6, 7.
Kafa mafoko ano a ka go thusang ka gone gore o itshoke: Rapela Modimo mme o mmolelele maikutlo a gago, dilo tse o di tlhokang, dilo tse di go boifisang le dilo tse di go tlhobaetsang. Seno se ka dira gore o se ka wa tlhobaela thata le gore o se ka wa ikutlwa o imetswe ke maemo a gago.
“Nako nngwe le nngwe fa ke na le mathata ke rapela Modimo mme o a nkaraba. Se ke se ithutileng mo Baebeleng se nneile kagiso ya mogopolo.”—Yol, South Sudan.
“Kgakololo e e mo Baebeleng e nthusa go nna le kagiso ya mogopolo e ke e tlhokang gore ke kgone go itshokela maemo ano a a thata.”—Valentina, Ukraine.
“Go a nkgothatsa go itse gore Jehofa o solofetsa go re naya botshelo jo bo botoka.”—Emmanuel, Haiti
A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng, tse di nayang kgomotso le tsholofelo le gore goreng o ka di ikanya? Kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a go etele. Ba tla itumelela go dira jalo.
a UN Refugee Agency e a re batshabi ke batho ba ba ileng ba patelesega go tshaba kwa magaeng a bone ba tshabela mo dikarolong tse dingwe tsa naga e ba nnang mo go yone. Kgotsa e ka nna batho ba tshabetseng kwa dinageng tse dingwe ba e leng gore go ya ka molao ga ba tshwanelege go nna batshabi.
b Mokomishinara wa European Union for Humanitarian Aid and Crisis Management.
c Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke mang?”