LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 100
  • Nka Dira Eng fa Ke sa Ikobela Nngwe ya Melao ya Batsadi ba me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dira Eng fa Ke sa Ikobela Nngwe ya Melao ya Batsadi ba me?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke eng se ke sa tshwanelang go se dira?
  • Tsela e e botoka ya go dira dilo
  • Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Ijesa Monate?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng fa ke Beetswe Melao e Mentsi Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batsadi Ba me Ba sa Ntshepe?
    Tsogang!—2008
  • Nka Dira Eng Gore ke Nne le Kgololesego e e Oketsegileng?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 100
Batsadi ba ba tshwenyegileng, ba bua le ngwana wa bone fa a boela gae morago ga nako e ba mmeetseng yone.

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Dira Eng fa Ke sa Ikobela Nngwe ya Melao ya Batsadi ba me?

Bontsi jwa malapa a na le melao, ka sekai, gore o boa nako mang mo lapeng, o dirisa sediriswa sa gago sa ileketeroniki ka nako e e kae, le gore o tshwara batho ba bangwe jang.

O ka dira eng fa o robile nngwe ya melao eo? O ka se fetole se se diragetseng, le fa go ntse jalo o ka dira sengwe se se tla go thusang gore maemo a seka a nna maswe le go feta. Setlhogo seno se tla go thusa gore o ka dira seno jang.

  • Ke eng se ke sa tshwanelang go se dira?

  • Tsela e e botoka ya go dira dilo

  • Se dithaka tsa gago di se buang

Ke eng se ke sa tshwanelang go se dira?

  • Fa batsadi ba gago ba sa itse gore o robile nngwe ya melao, o ka raelesega go fitlha phoso e o e dirileng.

  • Fa ba itse gore o robile nngwe ya melao, o ka raelesega go dira seipato kgotsa wa pega motho yo mongwe molato.

Ga go epe ya dilo tseno e e siameng. Goreng? Ka gonne go fitlha se o se dirileng kgotsa go ntsha diipato tse di sa utlwaleng tsa se o se dirileng ke bongwana. Se se bontsha batsadi ba gago gore o sa ntse o tlhoka go gola.

“Ga go a siama go bua maaka. Kwa bofelong, batsadi ba gago ba tla itse nnete, mme kotlhao ya bone e tlile go nna botlhoko go gaisa fa o kabo o buile nnete go tswa kwa tshimologong.”​—Diana.

Tsela e e botoka ya go dira dilo

  • Amogela phoso e o e dirileng. Baebele e a re: “Motho yo o fitlhang maleo a gagwe ga a kitla a atlega, Mme yo o ipolelang maleo a gagwe a bo a a tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” (Diane 28:13) Batsadi ba gago ba a itse gore o a tle o dire diphoso. Potso ke gore, a mme gone o tla bua nnete?

    “Batsadi ba gago ba tla go itshwarela fa o ka bua nnete. Fa o le motho yo o buang nnete batsadi ba gago ba tla go tshepa fela thata.”​—Olivia.

  • Kopa maitshwarelo. Baebele e a re: “lo nne boikokobetso.” (1 Petere 5:5) Kopa maitshwarelo go tswa pelong mme o seka wa dira diipato ka se o se dirileng.

    “Fa motho a nna a dira diipato ka se a se dirileng, o feleletsa a sa tlhole a bona go le molato fa a dira diphoso. Fa nako e ntse e tsamaya dilo tse di phoso tse a di dirang di ka se tlhole di mo tshwenya.”​—Heather.

  • Amogela ditlamorago. Baebele e a re: “Reetsang kotlhao.” (Diane 8:33) O se ka wa ngongorega, amogela dithibelo tse batsadi ba gago ba go beelang tsone.

    “Go ngongorega ka kotlhao e o e newang go tlile go dira dilo thata le go feta. Batla tsela ya go amogela dithibelo go na le gore o tlhome mogopolo mo go se se go latlhegetseng.”​—Jason.

  • Dira gore ba go tshepe gape. Baebele e a re: “lo apole botho jwa lona jwa bogologolo jo bo tsamaisanang le tsela e lo kileng lwa bo lo itshwara ka yone pele.” (Baefeso 4:22) Tswelela o dira ditshwetso tse di molemo gore batsadi ba gago ba kgone go go tshepa gape.

    “Fa o tswelela o dira ditshwetso tse di molemo, mme o bontsha batsadi ba gago gore o ka se boeletse phoso e o neng o e dirile ba tla go tshepa gape.”​—Karen.

KAKANTSHO: Dira go feta ka fa ba go kopileng ka gone, go bontsha gore ba ka kgona go go tshepa gape. Ka sekai, fa o ile golo gongwe, leletsa batsadi ba gago o ba bolelele gore o mo tseleng ya go tla gae. Le fa go ise go fete nako e le dumalaneng ka yone ya go fitlha mo lapeng, se se tla dira gore ba bone gore o batla ba go tshepe gape.

Se dithaka tsa gago di se buang

Darius.

“Fa o sa bolele batsadi ba gago nnete ka se o se dirileng, o a bo o bua maaka. Mme gone, fa batsadi ba gago ba itse nnete ka se o se dirileng, kotlhao ya bone e tlile go nna botlhoko le go feta.”​—Darius.

Sierra.

“Fa re pega mongwe molato ka se re se dirileng, re bontsha gore ga re tseye maikarabelo a diphoso tsa rona. Batsadi ba rona ba ka se re tshepe fa re sa kope maitshwarelo ka se re se dirileng.”​—Sierra.

Poeletso: Nka dira eng fa ke sa ikobela engwe ya melao ya batsadi ba me?

  • Amogela se o se dirileng. Batsadi ba gago ba a itse gore o a tle o dire diphoso. Potso ke gore, a mme gone o tla bua nnete?

  • Kopa maitshwarelo. Kopa maitshwarelo go tswa pelong ,mme o seka wa ntsha diipato ka se o se dirileng.

  • Amogela ditlamorago. Amogela dithibelo dipe tse batsadi ba gago ba go beetseng tsone.

  • Dira gore ba go tshepe gape. O tla bontsha gore o na le maikarabelo fa o fetola tsela e o itshwarang ka yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela