LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 97
  • Goreng ke Tshwanetse go Ikopela Maitshwarelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng ke Tshwanetse go Ikopela Maitshwarelo?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng o tshwanetse go ikopela maitswarelo?
  • O ka ikopela maitshwarelo jang?
  • Go Itumelela Lenyalo: Kopa Maitshwarelo
    Go Thusa Lelapa
  • A Tota o Tlhoka go Kopa Maitshwarelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Kopa Maitshwarelo
    Tsogang!—2015
  • Ke Eng fa go Kopa Maitshwarelo go le Thata Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 97
Moithuti a ntse mo tlelaseng a omanngwa ke morutabana wa gagwe.

BASHA BA BOTSA JAANA

Goreng ke Tshwanetse go Ikopela Maitshwarelo?

O ne o ka dira eng?

  1. Morutabana wa gago o a go omanya mo tlelaseng.

    A o tshwanetse go ikopela maitshwarelo le fa gone o akanya gore o feteletsa dilo?

  2. Tsala ya gago e utlwile gore o buile sengwe se se maswe ka ene.

    A o tshwanetse go ikopela maitshwarelo le fa gone o akanya gore se o se buileng ke nnete?

  3. O a tenega fa o ntse o bua le papa wa gago mme o feleletsa o bua le ene ka tsela e o neng o sa tshwanela go bua le ene ka yone.

    A o tshwanetse go ikopela maitshwarelo le fa gone o akanya gore ke ene a sa buang le wena sentle?

Karabo ya dipotso tseno tse tharo ke ee. Mme gone ke eng fa o tshwanetse go ikopela maitshwarelo le fa gone o akanya gore ga o phoso?

  • Goreng o tshwanetse go ikopela maitswarelo?

  • O ka kopa maitshwarelo jang?

  • Se basha ba bangwe ba se buang

Goreng o tshwanetse go ikopela maitswarelo?

  • Go kopa maitshwarelo go bontsha gore o a gola. Fa o amogela diphoso tsa gago, o tla nna le mekgwa e mentle e o tlileng go e tlhoka fa o setse o godile.

    “Go nna boikokobetso le go nna pelotelele, go ka re thusa gore re kgone go kopa maitshwarelo le go reetsa se batho ba bangwe ba re bolelelang sone.”​—Rachel.

  • Go kopa maitshwarelo go dira gore go nne le kagiso. Batho ba ba kopang maitshwarelo ba bontsha gore ba tshwenyegile ka go dira kagiso le batho ba bangwe go na le go lwela go ba tshwaya diphoso.

    “Le fa gone o akanya gore ga o a dira sepe se se phoso, go dira kagiso ke sone selo sa botlhokwa. Go bonolo fela go raya motho o re ‘intshwarele,’ mme gone go dira jalo go ka baakanya botsala.”​—Miriam.

  • Fa o kopa maitshwarelo o tla ikutlwa botoka. Fa o utlwisitse mongwe botlhoko ka se o se dirileng kgotsa ka se o se buileng, seno se ka dira gore o se ka wa itumela. Mme fa o sena go kopa maitshwarelo, o tla ikutlwa botoka.a

    “Go na le makgetlho a le mmalwa a ke neng ke sa buise mama le papa sentle ka one. Le fa gone ke ne ke sa rate se ke se dirileng, go ne go le thata gore ke ikopele maitshwarelo. Mme morago ga gore ke ikopele maitshwarelo ke ne ka ikutlwa botoka ka gonne rotlhe re ne re utlwana mo lapeng.”​—Nia.

    Mosimane a kukile letlapa le le bokete.

    Fa o nna o sa kope maitshwarelo seo se ka nna jaaka morwalo mo go wena mme morago ga gore o ikopele maitshwarelo o tla imologa

A go thata go ikopela maitshwarelo? Ee! Mosetsana mongwe yo o bidiwang Dena yo o ileng a tshwanelwa ke go ikopela maitshwarelo mo go mmagwe a re: “Go thata go ikopela maitshwarelo, o kare ke kgamilwe ke sengwe mme selo seo se dira gore ke se ka ka kgona go bua!”

O ka ikopela maitshwarelo jang?

  • Fa go kgonega latela motho yoo mme o ikopele maitshwarelo. Fa o ya kwa mothong yoo mme o ikopela maitshwarelo, o tla bona gore tota o a lemoga gore o dirile phoso le gore o batla gore a go itshwarele. Fa o romelela motho yoo molaetsa o re o ikopela maitshwarelo, gongwe a ka se ka a go dumela. Le fa gone o ka romela molaetsa o dirisa emoji go bontsha gore o utlwile botlhoko, gongwe a ka se ka a go dumela.

    Kakantsho: Fa e le gore ga o kgone go ya kwa mothong yoo, o ka mo founela kgotsa wa mo kwalela lekwalo. Fa o tlhopa go dirisa nngwe ya dikakantsho tseno, ela tlhoko gore o tlhophe mafoko a gago sentle.

    Molaomotheo wa Baebele: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe, mme go tswa dilo tse di bosula mo molomong wa baikepi.”​—Diane 15:28.

  • Ikopele maitshwarelo ka yone nako eo+. Fa o tsaya lobaka go ikopela maitshwarelo go ka nna thata gore o ikopele maitshwarelo mo nakong e e tlang mme botsala jwa gago le motho yoo bo ka senyega.

    Kakantsho: Ipolelele gore o tla ikopela maitshwarelo leng mo mothong yo o mo diretseng phoso. Bona gore o tla ikopela maitshwarelo leng mme o dire seo ka nako eo.

    Molaomotheo wa Baebele: “Nna bofefo go rarabolola dikgang.”​—Mathaio 5:25.

  • Fa o kopa maitshwarelo, bontsha gore o a ikwatlhaya. Fa o raya motho o re “intshwarele ka gonne o akanya gore ke dirile phoso” seo tota ga se bontshe gore o a ikwatlhaya! Janelle a re: “Fa o ikopela maitshwarelo mo mothong yo o mo diretseng phoso o tla go tlotla fa a bona gore tota o a ikwatlhaya.”

    Kakantsho: Kopa maitshwarelo ka pelo yotlhe. O se ka wa re “ke tla kopa maitshwarelo fa fela le wena o ka kopa maitshwarelo.”

    Molaomotheo wa Baebele: “A re lateleleng dilo tse di isang kagisong.”​—Baroma 14:19.

Se basha ba bangwe ba se buang

Valerie.

“Go tlhoka gore ke nne boikokobetso gore ke kgone go ikopela maitshwarelo le fa gone ke akanya gore ga ke phoso. Le fa gone e se nna ke dirileng phoso ke tlhopha mafoko e le gore ke kgothatse motho yo ke buang le ene. Maikaelelo a me ke go tima molelo, e seng go o tshela peterolo.”​—Valerie.

Philip.

“Fa o ikemiseditse go kopa maitshwarelo, seno se bontsha gore o tsaya batho ba bangwe ba le botlhokwa. Go ikopela maitshwarelo go ka go tsenya matlho mme gone go tla dira gore botsala jwa gago bo gole.”​—Philip.

Kendall.

“Ka dinako dingwe motho a ka feteletsa dilo mme seo ga se reye gore motho yoo o phoso mme wena ga o phoso. Go botlhokwa go itse gore motho yoo o ikutlwa jang. Fa mongwe a utlwisitswe botlhoko ke sengwe se ke se buileng kgotsa se ke se dirileng ke tlhoka go ikopela maitshwarelo.”​—Kendall.

Poeletso: Goreng ke Tshwanetse go Ikopela Maitshwarelo?

  • Go kopa maitshwarelo go bontsha gore o a gola.

  • Go kopa maitshwarelo go dira gore go nne le kagiso.

  • Fa o kopa maitshwarelo o tla ikutlwa botoka.

O ka ikopela maitshwarelo jang:

  • Fa go kgonega latela motho yoo mme o ikopele maitshwarelo.

  • Ikopele maitshwarelo ka yone nako eo.

  • Fa o kopa maitshwarelo, bontsha gore o a ikwatlhaya.

a Fa o latlhile kgotsa o sentse selo sa mongwe, go ka nna botoka gore fa o kopa maitshwarelo o akanyetse le go duelela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela