INDONESIA
Ke Falotse Ntwa ya Bakomonise
Ronald Jacka
O TSHOTSWE KA 1928
O KOLOBEDITSWE KA 1941
DINTLHA KA GA GAGWE O feditse dingwaga di feta 25 e le motlhanka wa lekala la Indonesia.
KA MAKUKU a naka tsa kgomo ka October 1, 1965, masole a a neng a amana le Lekoko la Bakomonise ba mo Indonesia, a ne a bolaya balaodi ba sesole ba le barataro fa a ne a leka go menola puso. Puso e ne e ya tsibogela seo ka bonako le ka bosetlhogo. Go ne ga felela ka tshololo ya madi e e seng kana ka sepe mo nageng, fa go ne go bolawa batho ba le 500 000 ba go neng go tsewa gore ke bakomonise.
Morago ga dibeke di le mmalwa maano a go menola puso a sena go itaya sefololetse, molaodi wa sesole o ne a mpolelela gore leina la me ke lone la ntlha mo maineng a baeteledipele ba bodumedi ba bakomonise ba batlang go ba bolaya. Gape o ne a re re ye go bona kwa lebitla la me le epilweng teng mme ka gana ka maitseo. Ka nako eo, go ne go tletse dikgotlhang tsa sepolotiki, ka jalo ke ne ke sa batle go itshenyetsa leina la go nna Mokeresete yo o sa tseyeng letlhakore ka go bonwa ke na le ene.