LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb14 ts. 168
  • Ke Ititeile Sehuba go Direla Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ititeile Sehuba go Direla Jehofa
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ne Ka Rata Sierra Leone
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Tiro ya go Dira Barutwa e Tlhotlheleditse Ditshwetso Tse ke di Dirileng mo Botshelong Fela Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Leno ke Lefelo le re Obamelang Jehofa mo go Lone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Sengwe se se Botoka go Feta Diteemane
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
yb14 ts. 168

SIERRA LEONE LE GUINEA

Ke Ititeile Sehuba go Direla Jehofa

Philip Tengbeh

  • O TSHOTSWE KA 1966

  • O KOLOBEDITSWE KA 1997

  • DINTLHA KA GA GAGWE Motshabi yo o neng a thusa go aga Diholo Tsa Bogosi di le tlhano.

KA 1991, nna le mosadi wa me e bong Satta, re ne ra tshaba gore re se ka ra bolawa fa masole a batsuolodi a ne a tlhasela le go gapa motse wa ga rona wa Koindu, Sierra Leone. Mo dingwageng tse robedi tse di neng tsa latela, re ne ra nna mo dikampeng tse dintsi tse di farologaneng tsa batshabi. Mo go tsone, re ile ra lebana le go tlhaela ga dijo le malwetse mme re ne re dikologilwe ke batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang ba re neng re nna le bone mo dikampeng.

Mo kampeng nngwe le nngwe, re ne re kopa setsha sa go aga Holo ya Bogosi mo balaoding. Ka dinako tse dingwe re ne re se fiwa, mme ka dinako tse dingwe re ne re sa se fiwe. Le fa go ntse jalo, ka metlha re ne re rulaganya gore re nne le lefelo le re ka kopanang mo go lone go obamela. Re ne re ititeile sehuba go direla Jehofa. Kgabagare re ne ra aga Diholo Tsa Bogosi di le nnè mo dikampeng.

Fa ntwa e sena go fela, ga re a ka ra kgona go boela gae. Koindu e ne e fetogile matlotla ka ntlha ya ntwa e e tsereng dingwagangwaga. Ka jalo, re ne ra romelwa kwa kampeng e nngwe gape ya batshabi gaufi le Bo. Mme koo re ne ra aga Holo ya Bogosi ya botlhano ka madi a a neng a tswa kwa ofising ya lekala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela