LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w26 April ts. 26-31
  • Banyalani—Tswelelang lo Nonotsha Botsala Jwa Lona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Banyalani—Tswelelang lo Nonotsha Botsala Jwa Lona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O KA TLHOPHA JANG TSALA YA BOTSHELO JOTLHE?
  • FETSANG NAKO LO LE MMOGO
  • NNANG LO ATAMALANE LE FA LO NA LE MATHATA
  • O ka Bona Jang Motho Yo o Ka Nyalanang le Ene?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Ikaege ka Modimo Gore Lenyalo la Gago le Itumele
    Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2026
w26 April ts. 26-31

JUNE 29–JULY 5, 2026

PINA 131 “Se Modimo a se Kopantseng”

Banyalani​—Tswelelang lo Nonotsha Botsala Jwa Lona

“Go na le tsala e e ikanyegang go gaisa ba lelapa la gaeno.”​—DIANE 18:24.

SE GO BUIWANG KA SONE

Fa banyalani ba batla go itumelela lenyalo la bone, ba tshwanetse go rata Jehofa le go nna ditsala tsa mmatota.

1. Goreng ditsala tse di molemo e le mpho e e tswang kwa go Jehofa?

DITSALA tse di molemo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. (Jak. 1:17) Ba rata Jehofa e bile ba a re rata. Ba itumela le rona fa re itumetse, ba a re kgothatsa fa re kgobegile marapo e bile ba re naya kgakololo fa re e tlhoka. Ba a ikanyega e bile re ka ba tshepa. Ruri ditsala tse di ntseng jalo “di itumedisa pelo”!​—Diane 27:9.

2. Goreng go le botlhokwa gore banyalani ba nne ba nonotsha botsala jwa bone? (Mathaio 19:6)

2 Go botlhokwa gore banyalani e nne ditsala tse di ntshanang seinong. Ba tshwanetse go gopola gore ba tlhoka go nna ba tsaya matsapa gore botsala jwa bone bo nonofe. Fa ba ka itlhokomolosa botsala jwa bone, ba ka simolola go jewa ke bodutu, go galefa le go sa itumele. Mme fa ba nna ba nonotsha botsala jwa bone, ba ka itumelela go nna ditsala tse dikgolo tota. (Bala Mathaio 19:6.) Mo setlhogong seno, re tla bona gore banyalani ba ka dira eng gore ba nne ba nonotsha botsala jwa bone. Mme pele re dira jalo, a re boneng gore Bakeresete ba ba iseng ba nyale kgotsa ba nyalwe ba ka tlhopha jang motho yo ba tla nyalanang le ene, yo e tla nnang tsala ya botshelo jotlhe.

O KA TLHOPHA JANG TSALA YA BOTSHELO JOTLHE?

3-4 Ke eng se se ka thusang Mokeresete go tlhopha molekane wa lenyalo yo o mo siametseng? (Diane 18:22)

3 Pele re dira tshwetso ya botlhokwa, re tshwanetse go akanya ka dilo tse di siameng le tse di sa siamang tse di ka diregang ka gonne re dirile tshwetso eo. Ditshwetso tsa botlhokwa di ka fetola matshelo a rona, ka jalo go botlhokwa gore re di akanyetse sentle.

4 Go tlhopha mongwe yo re ka nyalanang le ene ke nngwe ya ditshwetso tse di botlhokwa thata ka gonne motho yo re mo tlhophang e tla nna tsala ya rona go ya go ile. E re ka Jehofa e le Mosimolodi wa lenyalo, go a tshwanela gore re mo kope gore a re thuse fa re tlhopha molekane wa lenyalo. O batla gore monna a nyale mosadi yo o molemo le gore mosadi a tlhophe monna yo o molemo. Ka metlha Jehofa o itse se se re siametseng. (Bala Diane 18:22; Isa. 48:17, 18) Melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e ka thusa Mokeresete gore a tlhophe motho yo o mo siametseng.

5. Goreng go le botlhokwa go nyalana le motho yo o kolobeditsweng?

5 Fa re kolobediwa re nna ditsala tsa ga Jehofa. (Pes. 25:14) Fa e le gore o batla go nyala kgotsa go nyalwa, o tshwanetse go tlhopha motho yo e leng tsala ya ga Jehofa. (1 Bakor. 7:39) Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o tlotla melao ya ga Jehofa, e bile seo se tla dira gore o lebe motho yo o nyalaneng le ene e le tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa. (Diane 19:14) Gape ga o kitla o nna le mathata a a bakwang ke go “pataganela jokwe” le motho yo o sa direleng Jehofa. (2 Bakor. 6:14) Go tla bo go se botlhale gore o ratane le motho yo o sa direleng Jehofa, gongwe o dira diipato tsa gore ga go na motho yo o ka nyalanang le ene mo phuthegong. Gape go tla bo go se botlhale gore o ratane le motho yo o sa direleng Jehofa o akanya gore letsatsi lengwe motho yoo o tla ithuta boammaaruri.

6-7. Ke dipotso dife tse o tshwanetseng go di ipotsa ka motho yo o ratanang le ene?

6 Boammaaruri ke gore ga se mongwe le mongwe yo o kolobeditsweng yo o tla go tshwanelang. Fa o kgatlhegela mongwe, o ka nna wa ipotsa go re: “O dirisana jang le ba lelapa la gagabo? A o akanyetsa ba bangwe e bile o a ba tlotla? Ditsala tsa gagwe ke bomang? O itshwara jang fa go na le sengwe se a sa dumalaneng le sone? A o pateletsa gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe kgotsa o ikemiseditse go dira se ba bangwe ba se batlang fa se se kgatlhanong le melaometheo ya Baebele? Madi a botlhokwa go le kana kang mo go ene?”

7 Gape o ka ipotsa go re: “A motho yo ke batlang go nyalana le ene o rata Jehofa thata? A o nna a ‘apara botho jo bosha’? A o tla nthusa gore ke tswelele ke direla Jehofa mo go oketsegileng? A re na le mekgele e e tshwanang ya go direla Jehofa? A re tla kgona go nna ditsala tsa tlhogo ya kgomo, e seng ditsala fela?” (Bakol. 3:9, 10) Fa e le gore o kgaitsadi, a mokaulengwe yo o ratanang le ene o tla nna tsala e e molemo e bile o tla dira ditshwetso tse di siametseng lelapa la lona? (1 Bakor. 11:3) Fa o le mokaulengwe, a kgaitsadi yo o ratanang le ene o ikemiseditse go go ikobela le fa o na le makoa? Go tla tsaya nako gore o kgone go araba dipotso tseno. Ka jalo, dirisa nako ya fa lo ratana go itse motho yo o batlang go nyalana le ene.

8-9. Ke eng se se ka thusang motho yo o batlang go nyala kgotsa go nyalwa gore a dire tshwetso e e siameng? (Bona le setshwantsho.)

8 Ka nako ya fa o ratana le mongwe, o tla kgona go dira tshwetso e e siameng fa o itse gore tota ke motho yo o ntseng jang. O ka botsa ba bangwe gore o na le botho jo bo ntseng jang le gore ba ba mo phuthegong e a leng mo go yone ba mo itse jang. Ka sekai, a o itsiwe e le motho yo o boikokobetso, yo o pelonomi le yo o tekatekano? Kgaitsadi Sarah, wa kwa French Guiana yo o nyetsweng ke mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Daniel a re: “Ke ile ka botsa batho ba le mmalwa gore Daniel ke motho yo o ntseng jang. Ka sekai, ke ile ka bua le mokaulengwe yo o neng a nna le Daniel e bile ba dira mmogo e le babulatsela, mogolwane mongwe yo o neng a le mo phuthegong le ene, ditsala tse di itseng nna le Daniel le bokgaitsadi ba mo phuthegong e a neng a le kwa go yone.” E re ka dilo dingwe kgotsa mekgwa mengwe e ka dira gore go nne le mathata a a masisi moragonyana mo lenyalong, o ka botsa motho yo o ratanang le ene gore a go na le sengwe se se diragetseng mo nakong e e fetileng se o tshwanetseng go itse ka sone.

9 O se ka wa itlhokomolosa dipelaelo tse o nang le tsone kgotsa se batho ba o ba tshepang ba go boleletseng sone. Seo se tla go thusa gore o dire tshwetso e e siameng ya gore a o tla tswelela o ratana le motho yoo kgotsa nnyaa.a A jaanong re tlotle ka se se ka thusang batho ba ba nyalaneng.

Mokaulengwe le kgaitsadi ba ba ratanang ba tlotla monate kwa kokoanong.

Ka nako ya fa o ratana le mongwe, leka go itse gore tota ke motho yo o ntseng jang (Bona serapa 8-9)


FETSANG NAKO LO LE MMOGO

10. Goreng gore le botlhokwa gore monna le mosadi ba fetse nako ba le mmogo?

10 Monna le mosadi ba ka nonotsha botsala jwa bone le lenyalo la bone ka go fetsa nako mmogo le fa ba ka tswa ba na le dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di dira. Seno se tla ba naya tshono ya gore ba bue ka dilo tse di diragetseng mo letsatsing leo, ba bulelane mafatlha, ba tshololelane maikutlo, ba bontshane gore ba a ratana le go itlosa bodutu mmogo.

11. Ke eng se se ka senyang botsala jwa monna le mosadi?

11 Monna le mosadi ba e leng ditsala ba itumelela go nna mmogo. Ke boammaaruri gore ka dinako dingwe go ka nna le maemo a a ka dirang gore ba se ka ba nna mmogo ka nakwana. Mme seo se ka nna kotsi fa se direga ka lobaka lo loleele. Ka sekai, bangwe ba ya go bereka kwa nageng e nngwe, mme seo se dira gore ba nne kgakala le ba malapa a bone ka lobaka lo loleele. Le fa gone ba ka nna le madi, go nna kgakala le ba malapa a bone go ka dira gore ba nne le mathata mo lenyalong.

12-13. (a) Banyalani bangwe ba ile ba dira eng gore ba kgone go fetsa nako mmogo? (Bona le setshwantsho.) (b) Motho yo o nyalaneng le ene o botlhokwa go le kana kang mo go wena? (Bona lebokoso le le reng, “Molekane Wa me O Botlhokwa go le Kana Kang mo go Nna?”)

12 Akanya ka se banyalani bangwe ba ileng ba se dira gore ba nne ba fetsa nako mmogo. Leah wa kwa Guam a re: “Nna le monna wa me re itumelela go dira dilo tse di farologaneng mmogo. Fa re laleditswe golo gongwe kgotsa re iphokisa phefo re tsamaya mmogo.” Roxanne wa kwa United States a re: “Le fa re na le dilo di le dintsi tse re tlhokang go di dira, re rulaganya go fetsa nako mmogo fela jaaka re dira ka dilo tse dingwe tse di botlhokwa.” (Bapisa le Amose 3:3.) Damien wa kwa France a re: “Re lemogile gore go botlhokwa gore re ithute ka dilo tse mongwe wa rona a di ratang e bile fa nako e ntse e tsamaya re simolola go di rata.” (Math. 7:12) Katie yo le ene a nnang kwa United States a re: “Ka dinako dingwe re beela difouno tsa rona kgakala gore di se ka tsa re itaya tsebe.”

13 Sa botlhokwa le go feta, fetsang nako mmogo lo direla Jehofa. Myriam wa kwa France a re: “Re simolola letsatsi ka go bala Baebele, go tswa foo re bo re tlotla ka se re se ratileng le gore re ka se dirisa jang mo matshelong a rona. Ke itumelela dinako tseno fela thata. Gape ke itumela tota fa re rapela mmogo e bile ke utlwa gore monna wa me o rata Jehofa go le kana kang.” Katie yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Re itumela tota fa re bereka mmogo mo bodireding. Re atamalana fela thata e bile re ithuta dilo tse disha fa re utlwa mongwe le mongwe wa rona a bua ka Jehofa.”​—Diane 27:17.

Mokaulengwe le kgaitsadi ba ba tlhagang mo setshwantshong se se fetileng jaanong ba nyalane e bile ba itumetse fa ba ntse ba kampile mmogo.

Nonotshang lenyalo la lona ka go nna lo fetsa nako lo le mmogo (Bona serapa 12-13)


Molekane Wa me O Botlhokwa go le Kana Kang mo go Nna?

Go na le batho ba le bantsi ba ba botlhokwa mo go rona. Mme ke mang yo o tshwanetseng go nna botlhokwa go ba gaisa?​—Bafil. 1:10.

  1. 1. Jehofa. Botsala jwa rona le Jehofa bo tla pele. (Math. 6:33; Mar. 12:30) Ga re kitla re dira sepe se se ka utlwisang Jehofa botlhoko fela ka gonne re batla go itumedisa balekane ba rona.​—Dit. 5:29; bapisa le Genesise 2:16, 17; 3:6.

  2. 2. Motho yo ke nyalaneng le ene. Re “nama e le nngwe” le batho ba re nyalaneng le bone. Re ba rata fela jaaka re ithata.​—Gen. 2:24; Baef. 5:28, 29, 33.

  3. 3. Batho ba bangwe le maikarabelo a ke nang le one. Re batla go tlhokomela batsadi ba rona, ba masika, bakaulengwe le bokgaitsadi le go dira maikarabelo a re nang le one mo phuthegong. Mme gone, kwantle ga ga Jehofa ga go na ope yo o tshwanetseng go nna botlhokwa go feta batho ba re nyalaneng le bone. Re batla go ba tlhokomela le gore ba itumele.​—1 Tim. 5:8.

NNANG LO ATAMALANE LE FA LO NA LE MATHATA

14-15. Goreng banyalani ba tshwanetse go dira ka natla gore ba rarabolole mathata mo lenyalong? Naya sekai.

14 Banyalani ba tla nna le mathata ka gonne ba na le boleo. Baebele e a re batho ba ba nyalaneng “ba tla nna le mathata a le mantsi.” (1 Bakor. 7:28) Ntlha ya go ithuta e e mo Baebeleng ya Seesemane e a re mafoko ao a “kaya mathata a a tlwaelegileng a banyalani ba ka nnang le one.” Fa mathata ao a tlhaga, goreng banyalani ba tshwanetse go dira sotlhe se ba ka se kgonang go a rarabolola le go nna ba atamalane?

15 Akanya ka sekai seno. Fa kago nngwe e e itsegeng thata kgotsa sengwe se se tlhwatlhwakgolo se senyegile, mong wa sone a ka se baakanya le fa go ka tura thata kgotsa tiro eo e ka tsaya dingwaga. Goreng? Ka gonne kago eo kgotsa selo seo se le botlhokwa thata mo go ene. Ka tsela e e tshwanang, manyalo otlhe a botlhokwa. Tota le fa batho ba itumetse mo manyalong a bone ba tla nna le mathata. Le fa go ntse jalo, fela jaaka kago nngwe e e senyegileng kgotsa sengwe se se tlhwatlhwakgolo se se senyegileng se ka baakanngwa, banyalani ba ka kgona go rarabolola mathata a bone. Go ka tsaya nako e bile ba tla tlhoka gore ba dire ka natla, mme Jehofa o a itumela fa a bona banyalani ba dira ka natla gore ba nonotshe lenyalo la bone gore ba tswelele ba le mmogo. (Mal. 2:16) Fa ba dira jalo, ba tla bo ba sa bontshe fela gore ba a ratana le gore ba a tlotlana, mme ba tla bo ba bontsha gore ba rata Jehofa e bile ba a mo tlotla e re ka e le ene Mosimolodi wa lenyalo.

16. Go ya ka 1 Bakorintha 13:4-8a, ke eng se se ka thusang banyalani ba ba nang le mathata a a masisi? (Bona le setshwantsho le lebokoso le le reng, “Se se Ka lo Thusang go Nonotsha Botsala Jwa Lona.”)

16 Fa o na le mathata mo lenyalong, o se ka wa itlhaganelela go kgaogana le motho yo o nyalaneng le ene. (1 Bakor. 7:10, 11) Go na le moo, ipotse go re: “Nka dira eng gore ke nonotshe botsala jwa rona?” Sekaseka gape se Baebele e se buang ka go bontsha lorato o bo o ipotsa gore o ka tokafatsa jang tsela e o bontshang dinonofo tse go buiwang ka tsone mo go 1 Bakorintha 13:4-8a. (E bale.) Go na le gore o akanyetse go kgaogana le motho yo o nyalaneng le ene, dira dilo tse di tla lo thusang gore lo ratane gape. Tlhoma mogopolo mo go se o ka se dirang gore o nonotshe botsala jwa lona. Kopa Jehofa gore a go thuse. Batla dikgatiso le dibidio tse di ka go thusang, mme o bue le bagolwane le Bakeresete ba bangwe ba ba atamalaneng le Jehofa. Baebele e tshwantsha lenyalo le “mogala o o menaganeng seraro.” Jehofa ke mogala wa boraro o o nonofileng, ka jalo fa o dira dilo ka tsela ya gagwe lenyalo la lona le tla nonofa.​—Mor. 4:12.

Banyalani bao ba bulelana mafatlha. Mosadi o a lela fa a ntse a tshololela monna wa gagwe maikutlo. Monna wa gagwe o mo tshwere mo legetleng fa a ntse a mo reeditse. Mo tafoleng e e fa pele ga bone, go na le Baebele e e butsweng le boroutšhara jwa “Lelapa la Gago le ka Itumela.”

Nnang lo atamalane le fa lo na le mathata (Bona serapa 16)


Se se Ka lo Thusang go Nonotsha Botsala Jwa Lona

Phuthego ya ga Jehofa e re naya dikgatiso le dibidio tse di ka thusang batho ba ba nyalaneng gore ba nonotshe botsala jwa bone le go rarabolola mathata a bone. A lo kile lwa leka go dirisa dikakantsho tse di tlhagang . . .

  • mo boroutšhareng jwa Lelapa la Gago le ka Itumela?

  • mo motseletseleng wa dibidio tsa Go Itumelela Lenyalo?

  • mo motseletseleng wa ditlhogo tsa “Go Thusa Lelapa”?

  • mo karolong ya “Lenyalo le Lelapa” mo jw.org?

17. Batho ba ba batlang go nyala kgotsa go nyalwa le ba ba setseng ba le mo lenyalong ba ka dira eng gore ba itumele?

17 Jehofa o batla gore batlhanka botlhe ba gagwe ba itumele, go akaretsa ba ba batlang go nyala kgotsa go nyalwa le ba ba setseng ba le mo lenyalong. Fa e le gore o batla go tsena mo lenyalong, tlhopha motho yo o batlang go nyalana le ene ka kelotlhoko. Fa o setse o nyetse kgotsa o nyetswe, tswelela o nonotsha botsala jwa gago le motho yo o nyalaneng le ene. Dira ka natla go rarabolola mathata a lo ka nnang le one ka go ikaega ka Jehofa. Fa o dira dilo tseno, o tla ‘itumelela botshelo’ le motho yo o mo ratang yo o mo nyetseng.​—Mor. 9:9.

O KA ARABA JANG?

  • Ke eng se se ka thusang Mokeresete yo o batlang go nyala kgotsa go nyalwa gore a tlhophe motho yo e tla nnang tsala ya botshelo jotlhe?

  • Ke eng se se ka thusang banyalani gore ba nonotshe botsala jwa bone?

  • Ke eng se se ka thusang banyalani gore ba tswelele ba atamalane le fa ba na le mathata?

PINA 132 Jaanong Ke na Le Mothusi

a Fa o batla go itse gore o ka dira eng gore o itse motho yo o ratanang le ene, bona setlhogo se se reng “Re ka Bontsha Jang Gore re Tlotla Jehofa fa re Ratana?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo, wa May 2024 mo setlhogwaneng se se reng, “Mo Itse Sentle.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela