LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 February ts. 32
  • Nna Pelokgale fa Batho ba go Gatelela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Pelokgale fa Batho ba go Gatelela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moduedi wa Botlhe Ba ba Mo Direlang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • “Ga ke Kgone go Nna ke Didimetse”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • O Tla Tlhopha Ditsala Tse di Ntseng Jang?
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • “Ke Tla Lapolosa Moya o o Lapileng”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 February ts. 32

POROJEKE YA GO ITHUTA

Nna Pelokgale fa Batho ba go Gatelela

Bala Jeremia 38:1-13 go bona kafa moporofeti Jeremia le Ebede-meleke yo e neng e le moopafadiwa ba neng ba le pelokgale ka gone.

Akanyetsa kwa teng ka se go buiwang ka sone. Jeremia o ile a bontsha jang gore o pelokgale fa a bolelela batho molaetsa wa ga Jehofa? (Jer. 27:12-14; 28:15-17; 37:6-10) Seo se ile sa dira gore batho bao ba ikutlwe jang?​—Jer. 37:15, 16.

Dira dipatlisiso. Batho ba ne ba batla gore Jeremia a dire eng? (jr 26-27 ¶20-22) Dira dipatlisiso ka dikhuti tsa go bolokela metsi tsa bogologolo. (it-1-E 471) Jeremia a ka tswa a ne a ikutlwa jang fa a le mo khuting ya go bolokela metsi e e nang le seretse? Ebede-meleke o ne a boifa eng?​—w12 5/1 31 ¶2-3.

O ithuta eng? Ipotse dipotso tseno:

  • ‘Pego eno e nthuta eng ka tsela e Jehofa a sireletsang batlhanka ba gagwe ka yone?’ (Pes. 97:10; Jer. 39:15-18)

  • ‘Nka tlhoka go nna pelokgale mo maemong afe?’

  • ‘Nka dira eng gore ke nne pelokgale fa batho ba batla gore ke dire se ke sa batleng go se dira?’ (w11 3/1 30)a

a Fa o batla go bona diporojeke tsa go ithuta, ya kwa makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 2023 mo setlhogong se se reng, “Kakantsho ya go Ithuta.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela