SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 13
Ratanang ka Lorato lo Logolo
“Ratanang ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.”—1 PET. 1:22.
PINA 109 A re Rateng go Tswa Pelong
SE RE TLA TLOTLANG KA SONEa
Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba ratane (Bona serapa 1-2)
1. Jesu o ile a naya balatedi ba gagwe taelo efe? (Bona setshwantsho sa khabara.)
PELE Jesu a bolawa, o ile a naya balatedi ba gagwe taelo eno: ‘Fela jaaka ke lo ratile, le lona lo ratane.’ Gape o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Joh. 13:34, 35.
2. Ke eng fa re tshwanetse go ratana?
2 Jesu o ne a rata batho, ka jalo, o ile a re balatedi ba gagwe ba tla bonala ka go rata batho ba bangwe. Go ne go ntse jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga mme go sa ntse go ntse jalo le gompieno. Ka jalo, go botlhokwa gore re ratane le fa ka dinako tse dingwe go se motlhofo.
3. Re tla ithuta eng mo setlhogong seno?
3 Rotlhe re dira diphoso mme seo se dira gore ka dinako tse dingwe go nne thata go rata ba bangwe. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go etsa Jesu. Mo setlhogong seno, re tla bona gore go rata ba bangwe go ka re thusa jang gore re agisane le bone, gore re se ka ra ba tlhaola le gore re ba amogele mo malapeng a rona. Fa o ntse o ithuta setlhogo seno ipotse jaana: ‘Nka ithuta eng mo Bakereseteng ba ba ileng ba tswelela ba rata ba bangwe le fa go ne go se motlhofo?’
AGISANA LE BA BANGWE
4. Go ya ka Mathaio 5:23 le 24, ke eng fa re tshwanetse go agisana le ba bangwe fa re ba kgopisitse?
4 Jesu o ile a re ruta gore go botlhokwa gore re agisane le batho ba bangwe fa re ba kgopisitse. (Bala Mathaio 5:23, 24.) O ne a re fa re batla go itumedisa Jehofa, re tshwanetse go dirisana sentle le batho ba bangwe. Fa re leka ka natla go agisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, Jehofa o a itumela. Ga a kitla a amogela kobamelo ya rona fa re tshwara ba bangwe ka pelo e bile re gana go ba itshwarela.—1 Joh. 4:20.
5. Ke eng fa go ne go se motlhofo gore Mark a agisane le mokaulengwe mongwe?
5 Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore re agisane le ba bangwe. Ka ntlha yang? Akanya ka se se diragaletseng Mark.b Mokaulengwe mongwe o ile a bua dilo tse di sa siamang ka ene mme seo se ile sa mo utlwisa botlhoko fela thata. Mark o ile a dirang? A re: “Ke ile ka mo garumela ka gonne ke ne ke galefile.” Moragonyana Mark o ile a ikwatlhaela se a se dirileng a bo a leka go ikopela maitshwarelo. Mokaulengwe yoo o ile a gana go mo itshwarela. Kwa tshimologong, Mark o ne a re: ‘Tota ke itshwenyetsang ka ene ka gonne ga a batle go intshwarela?’ Mme gone, molebedi wa potologo o ile a raya Mark a re a se ka a itlhoboga. Mark o ile a dirang?
6. (a) Mark o ile a dirang go agisana le mokaulengwe mongwe? (b) Mark o ile a dirisa jang kgakololo e e mo go Bakolosa 3:13 le 14?
6 Mark o ile a lemoga gore ka dinako tse dingwe o na le go itseela kwa godimo. Ka jalo, o ne a bona gore o tshwanetse go fetoga. (Bakol. 3:8, 9, 12) O ne a ya go ikopela maitshwarelo gape kwa mokaulengweng yoo. Gape o ile a mo kwalela makwalo a kopa maitshwarelo e bile a kopa gore ba boe ba nne ditsala gape. Mo godimo ga moo o ile a mo rekela dimpho. Ka maswabi, o ile a gana go mo itshwarela. Le fa go ntse jalo, Mark o ile a tswelela a ikobela taelo ya ga Jesu ya gore a rate mokaulengwe wa gagwe e bile a mo itshwarele. (Bala Bakolosa 3:13, 14.) Fa re leka go agisana le mongwe a bo a gana go re itshwarela, lorato lo tla re thusa gore re mo itshwarele. Mo godimo ga moo, lo tla re thusa gore re nne re rapelela gore letsatsi lengwe dilo di siame.—Math. 18:21, 22; Bagal. 6:9.
Re ka nna ra tshwanelwa ke go leka dilo tse di farologaneng go leka go agisana le ba bangwe (Bona serapa 7-8)c
7. (a) Jesu o ile a re re direng? (b) Kgaitsadi mongwe o ile a lebana le maemo afe a a thata?
7 Jesu o ile a re re tshware ba bangwe ka tsela e re batlang gore ba re tshware ka yone. Gape o ne a re re se ka ra rata fela batho ba ba re ratang. (Luke 6:31-33) Gotweng fa e le gore mongwe mo phuthegong ga a go buise? Gone ke boammaaruri gore seno se direga sewelo, mme gone, se ile sa diragalela Lara. A re: “Kgaitsadi mongwe mo phuthegong o ne a sa tlhole a mpuisa mme ke ne sa itse gore ke mo dirile eng. Seo se ne se nkutlwisa botlhoko e bile ke ne ke sa itumelele go ya dipokanong.” Kwa tshimologong Lara o ne a re: ‘Ga ke a mo dira sepe. Mo godimo ga moo, batho ba bangwe mo phuthegong le bone ba a bona gore ke ene a nang le bothata.’
8. Lara o ile a tsaya matsapa afe go agisana le kgaitsadi mongwe, mme re ka ithuta eng mo go ene?
8 Lara o ile a tsaya matsapa go agisana le kgaitsadi yoo. O ne a rapela a bo a ya go bua le ene. Ba ile ba tlotla mme ba kgona go rarabolola bothata. Go ne go bonala tsotlhe di apere tshiamo. Lara a re: “Mme moragonyana, kgaitsadi yoo o ne a boa gape a intlhokomolosa. Ke ne ke kgobegile marapo tota.” Kwa tshimologong Lara o ne a akanya gore o tla boa a itumela fa fela kgaitsadi yoo a ka boa a mmuisa gape. Mme gone Lara o ile a lemoga gore selo se se tla mo thusang ke gore a tswelele a rata kgaitsadi yoo e bile a mo ‘itshwarele a gololesegile.’ (Baef. 4:32–5:2) O ile a gopola gore lorato lwa boammaaruri “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.” (1 Bakor. 13:5, 7) Lara ga a ka a tlhola a tshwenyega ka kgang eo. Moragonyana, kgaitsadi yoo o ile a simolola go mmuisa gape. Fa o tsaya matsapa go agisana le bakaulengwe le bokgaitsadi e bile o tswelela o ba rata, “Modimo wa lorato le wa kagiso o tla nna le [wena.]”—2 Bakor. 13:11.
O SE KA WA TLHAOLA BA BANGWE
9. Go ya ka Ditiro 10:34 le 35, ke eng fa re sa tshwanela go tlhaola ba bangwe?
9 Jehofa ga a na tlhaolele. (Bala Ditiro 10:34, 35.) Fa re sa tlhaole ba bangwe, re bontsha gore re bana ba gagwe. Re ikobela taelo ya gore re rate ba bangwe jaaka re ithata e bile re tshedisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka kagiso.—Bar. 12:9, 10; Jak. 2:8, 9.
10-11. Ke eng se se ileng sa thusa Ruth gore a tlogele go tlhoa batho ba naga nngwe?
10 Ga go motlhofo gore batho bangwe ba se ka ba nna le tlhaolele. Ka sekai, akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Ruth. Fa a sa ntse a le mosha, mosadi mongwe wa kwa nageng e nngwe ga a ka a mo tshwara sentle. Seo se ile sa mo ama jang? A re: “Ke ne ke sa batle go utlwa sepe ka naga eo. Ke ne ke akanya gore batho botlhe ba naga eo ba tshwana le mosadi yoo, go akaretsa le bakaulengwe le bokgaitsadi.” Ke eng se se ileng sa mo thusa gore a se ka a tlhola a ikutlwa jalo?
11 Ruth o ile a lemoga gore o tshwanetse go fetola tsela e a akanyang ka yone. O ne a bala dipego tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba naga eo mo Bukeng ya Ngwaga. A re: “Ke ne ka tsaya matsapa go lwantshana le maikutlo a a sa siamang a ke neng ke na le one ka batho ba naga eo. Ke ile ka simolola go lemoga gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba naga eo ba rata Jehofa fela thata. Gape ke ne ka lemoga gore le bone ke karolo ya lelapa la ga Jehofa.” Moragonyana Ruth o ile a lemoga gore o tshwanetse go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba naga eo gore o a ba rata. A re: “Fa ke kopana le bone, ke ne ke tlotla le bone. Seo se ile sa nthusa gore ke ba itse botoka.” Go ne ga felela jang? Ruth a re: “Fa nako e ntse e ya, ke ne ka tlogela go tlhoa batho ba naga eo.”
Fa re ‘rata bakaulengwe botlhe,’ ga re kitla re nna le tlhaolele (Bona serapa 12-13)d
12. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Sarah o ne a na le bothata bofe?
12 Bangwe ba ka tswa ba na le tlhaolele mme ba sa lemoge. Ka sekai, Sarah o ne a akanya gore ga a na tlhaolele ka gonne o ne a sa tlhaole batho go ya ka lotso, gore a ba na le madi kgotsa go ya ka maikarabelo a ba nang le one mo phuthegong. Mme a re: “Ke ne ka lemoga gore ke na le tlhaolele.” Sarah o ne a rutegile e bile o ne a rata go tsalana fela le batho ba ba rutegileng. Nako nngwe o ne a bolelela tsala ya gagwe jaana: “Ke tsalana fela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rutegileng.” Sarah o ne a tlhoka go dira diphetogo. O ile a dirang?
13. Re ka ithuta eng mo go Sarah?
13 Sarah o ile a thusiwa ke molebedi mongwe wa potologo. A re: “O ile a nkakgolela dilo tse ke di dirang sentle. Ka sekai, o ile a re ke dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa, ke arabela monate kwa dipokanong e bile ke itse Dikwalo sentle. Mme gone o ile a tlhalosa gore Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le kitso fela, gape ba tshwanetse go nna le dinonofo tse di jaaka boikokobetso, boingotlo le kutlwelobotlhoko.” Sarah o ile a dirisa kgakololo ya molebedi wa potologo. A re: “Ke ne ka lemoga gore selo sa botlhokwa ke gore re tshware batho sentle e bile re ba rate.” Seo se ile sa mo thusa gore a se ka a tlhola a tlhaola batho. A re: “Ke ne ke leka go bona gore ba na le dinonofo dife tse dintle tse di dirang gore Jehofa a ba rate.” Gotweng ka rona? Ga re a tshwanela go itseela kwa godimo ka go nne re rutegile. Fa re rata ‘bakaulengwe botlhe,’ ga re kitla re tlhaola ba bangwe.—1 Pet. 2:17.
AMOGELA BAENG
14. Go ya ka Bahebera 13:16, Jehofa o ikutlwa jang fa re amogela baeng?
14 Jehofa o a itumela fa re amogela baeng. (Bala Bahebera 13:16.) O tsaya seo e le karolo ya kobamelo ya rona, segolobogolo fa re thusa batho ba ba tlhokang. (Jak. 1:27; 2:14-17) Baebele e re kgothaletsa gore re “[latele] mokgwa wa go tshola baeng.” (Bar. 12:13) Fa re amogela batho mo matlong a rona, re ba bontsha gore re a ba rata e bile re batla go nna ditsala tsa bone. Jehofa o a itumela fa re laletsa ba bangwe gore ba tle go ja le rona kgotsa fa re ipha nako le bone. (1 Pet. 4:8-10) Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse di ka dirang gore go nne thata gore re amogele baeng.
“Kwa tshimologong ke ne ke sa rate go amogela baeng mme gone jaanong ke itumelela go ba amogela” (Bona serapa 16)e
15-16. (a) Ke eng fa batho bangwe ba okaoka go amogela baeng? (b) Ke eng se se thusitseng Edit gore a kgone go amogela baeng?
15 Re ka nna ra okaoka go amogela baeng ka ntlha ya maemo a rona. Akanya ka motlholagadi mongwe yo o bidiwang Edit. Pele e nna Mosupi, o ne a sa rate baeng. O ne a tsaya gore batho bangwe ke bone fela ba ka kgonang go amogela baeng.
16 Fa a sena go nna Mosupi o ile a fetoga. O ile a simolola go amogela baeng. A re: “Fa Holo ya rona ya Bogosi e ne e agiwa, mogolwane mongwe o ne a mpolelela gore go na le banyalani ba ba tlang go thusa mo porojekeng eo. O ne a nkopa gore ke ba fe boroko. O ne a re ba tlile go dula dibeke di le pedi. Ke ne ka gopola gore Jehofa o ile a segofatsa motlholagadi mongwe wa kwa Sarepate.” (1 Dikg. 17:12-16) Edit o ile a dumela go ba amogela. Jehofa o ile a mo segofatsa jang? A re: “Ga ba a ka ba dula dibeke di le pedi, go na le moo, ba ile ba dula dikgwedi di le pedi. Re ile ra nna ditsala.” Gape Edit o na le ditsala di le dintsi mo phuthegong. Gone jaanong ke mmulatsela mme o rata go laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba a berekang le bone mo bodireding kwa ntlong ya gagwe. A re: “Go abela ba bangwe go dira gore ke itumele! Mme boammaaruri ke gore fa ke abela ba bangwe, Jehofa o ntshegofatsa fela thata.”—Baheb. 13:1, 2.
17. Luke le mosadi wa gagwe ba ile ba lemoga eng?
17 Re ka tswa re setse re rata go amogela baeng, mme gone, a go na le sengwe se re ka se dirang go tokafatsa? Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Luke le mosadi wa gagwe ba rata go amogela baeng. Ba ne ba rata go laletsa batsadi ba bone, ba masika, ditsala tsa bone le molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Luke a re: “Re ne ra lemoga gore re amogela fela batho ba re atamalaneng le bone.” Ba ile ba tokafatsa jang?
18. Luke le mosadi wa gagwe ba ile ba tokafatsa jang?
18 Luke le mosadi wa gagwe ba ile ba thusiwa ke go akanya ka mafoko ano a ga Jesu: “Fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le maduo afe?” (Math. 5:45-47) Ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go etsa Jehofa ka gonne o amogela batho botlhe. Ka jalo, ba ile ba ititaya sehuba gore ba tla nna ba laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa nkeng ba ba laletsa. Luke a re: “Rotlhe re itumelela go iketla mmogo. Seo se re thusa gore re atamalane e bile se re thusa gore re atamalane le Jehofa.”
19. Re ka bontsha jang gore re barutwa ba ga Jesu, mme o ikemiseditse go dira eng?
19 Setlhogo seno se re thusitse go bona gore go rata ba bangwe go ka re thusa jang gore re agisane le bone, re se ka ra ba tlhaola e bile re ba amogele mo malapeng a rona. Re tshwanetse go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go tswa pelong. Fa re dira jalo, re tla itumela e bile re tla bo re bontsha gore re barutwa ba ga Jesu.—Joh. 13:17, 35.
PINA 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago
a Jesu o ne a re Bakeresete ba boammaaruri ba tla bonala ka lorato. Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, ka jalo, re leka ka natla gore re agisane le bone, gore re se ka ra ba tlhaola e bile re ba amogele mo matlong a rona. Ka dinako tse dingwe go dira jalo ga go motlhofo. Mo setlhogong seno re tla bona gore re ka tswelela jang re ratana ka lorato lo lo tswang pelong.
b Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o leka go agisana le kgaitsadi yo mongwe le fa go ntse jalo, ga a atlege mme gone, ga a itlhoboge. Kwa bofelong o a atlega.
d TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o godileng o ikutlwa a tlhokomologilwe ke ba bangwe mo phuthegong.
e TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o amogela baeng le fa kwa tshimologong a ne a okaoka mme seno se dira gore a itumele.