LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb20 December ts. 7
  • A o Ka Rata go Ikwadisetsa go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Rata go Ikwadisetsa go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thapisa Badiredi ba Bogosi
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ikwadisetse go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Barongwa “go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
mwb20 December ts. 7
Baithuti ba mo Sekolong sa Baboledi ba Bogosi.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

A o Ka Rata go Ikwadisetsa go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi?

A o na le dingwaga di le 23 go ya go di le 65 e bile o le mo tirelong ya nako e e tletseng? A o na le botsogo jo bo siameng, e bile a o ka kgona go direla kwa go nang le tlhokego e ntsi gone? Fa e le gore o arabile dipotso tseno ka ee, a o ile wa akanyetsa go ikwadisetsa Sekolo sa Baboledi ba Bogosi? Fa e sa le ka tlelase ya ntlha, banyalani, bakaulengwe ba ba sa nyalang le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ntse ba ikwadisetsa sekolo seno. Mme gone, re tlhoka bakaulengwe ba bantsi ba ba sa nyalang mo sekolong seno. Kopa Jehofa a go thuse gore o mo direle mo go oketsegileng le gore o etse Morwawe. (Pes 40:8; Mat 20:28; Bah 10:7) Go tswa foo, leka go bona gore o na le maikarabelo afe a o tlhokang go a dira a a jaaka go tlhokomela lelapa, tiro kgotsa dikoloto. Mme fa di le teng, o ka dira diphetogo dife gore o tshwanelegele go ya sekolong seno?

Fa ba sena go aloga mo Sekolong sa Baboledi ba Bogosi ke ditiro dife tse ba ka di dirang? Bangwe ba bone ba romelwa go ya go direla kwa go buiwang dipuo tse dingwe gone kgotsa go dira tiro e e kgethegileng ya go rera phatlalatsa mo ditoropong. Moragonyana ba bangwe ba direla jaaka balebedi ba potologo ba nakwana, balebedi ba potologo kgotsa barongwa. Fa o ntse o akantse ka ditiro tse o ka di dirang mo tirong ya ga Jehofa, nna o gopotse mafoko a ga moporofeti Isaia fa a ne a re: “Ke fano! Roma nna!”—Isa 6:8.

LEBANG BIDIO YA BARONGWA—BADIRI MO THOBONG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Karolo nngwe mo bidiong ya ‘Barongwa​—⁠Badiri mo Thobong.’ Banyalani ba barongwa ba tsamaya mo seterateng se go rerwang mo go sone.

    Barongwa ba tlhopiwa jang?

  • Karolo nngwe mo bidiong ya ‘Barongwa​—⁠Badiri mo Thobong.’ Morongwa o na le kgaitsadi mongwe mme ba ruta mosadi mongwe Baebele.

    Barongwa ba dira tiro efe e e botlhokwa?

  • Karolo nngwe mo bidiong ya ‘Barongwa​—⁠Badiri mo Thobong.’ Mokaulengwe wa morongwa yo o mo tshimong ya puo ya diatla, o bua le mokaulengwe yo mongwe ka foromo ya tirelo e e kgethegileng.

    Barongwa ba itumelela masego afe?

A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka Sekolo sa Baboledi ba Bogosi? Mo jw.org, ya mo karolong ya Laeborari o bo o tobetsa “Dibidio Tsotlhe”, go tswa foo, tsena mo DITIRO TSA RONA > DIKOLO TSE DI RUTANG BATHO BA MODIMO. Leba bidio ya Masego a go Rutwa ke Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela