MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 39-40
Moshe O ne A Dira Sengwe le Sengwe se Jehofa a Neng A se Mo Laetse
Moshe o ne a latela ditaelo tsotlhe tse Jehofa a neng a di mo neile tsa gore a age motlaagana jang. Le rona re tshwanetse go latela ditaelo tsotlhe tse re di newang ke phuthego ya ga Jehofa le go di ikobela ka pelo yotlhe. Re tshwanetse go di ikobela tota le fa re akanya gore ga go botlhokwa go dira jalo kgotsa le fa re sa tlhaloganye mabaka a go bo ditaelo tseo di beilwe.—Luk 16:10.
Goreng re tshwanetse go reetsa le go latela ditaelo tsotlhe . . .
ka nako ya pokano ya tirelo ya tshimo?
fa re ipaakanyetsa maemo a tshoganyetso a a ka tlhokang kalafi?
fa re ipaakanyetsa masetlapelo?